Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 22

Buchenjedu gu no ti Tungamila mu Buchilo

Buchenjedu gu no ti Tungamila mu Buchilo

“Yahwe banopa butjenjedu.”—ZWIA. 2:6.

LUMBO 89 Utlwa, Ikobe Mme o Segofadiwe

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO *

1. Ini ti sheta buchenjedu gwe Ndzimu? (Zwiani 4:7)

 FA E le gore o kile wa tshwanelwa ke go dira tshwetso ya botlhokwa, ga go pelaelo gore o ile wa rapela o kopa botlhale ka gonne o ne o itse gore o a bo tlhoka. (Jak. 1:5) Kgosi Solomone o ne a kwala jaana: “Botlhale ke selo sa botlhokwa thata.” (Bala Diane 4:7.) Boammaaruri ke gore Solomone o ne a sa bue ka botlhale bongwe le bongwe fela. Go na le moo, o ne a bua ka botlhale jo bo tswang kwa go Jehofa Modimo. (Diane 2:6) Mme gone, a botlhale jo bo tswang kwa Modimong bo ka re thusa go fenya mathata a re nang le one gompieno? Ee, bo ka re thusa jaaka re tla bona mo setlhogong seno.

2. I zila ipi ingwe ya ti nga be ne buchenjedu gwe malebeswa?

2 Gore re nne botlhale, re tshwanetse go ithuta le go dirisa dithuto tse banna ba babedi ba ba neng ba le botlhale thata ba neng ba di ruta. Sa ntlha, re tla bua ka Solomone. Baebele e a re “Modimo o ne a naya Solomone botlhale le temogo ka selekanyo se segolo.” (1 Dikg. 4:29) Sa bobedi, re tla tlotla ka Jesu, yo e neng e le monna yo o botlhale thata mo lefatsheng. (Math. 12:42) Go ne ga porofetiwa jaana ka Jesu: “Moya wa ga Jehofa o tla nna mo go ene, moya wa botlhale le temogo.”—Isa. 11:2.

3. Towo zwidiyani mu chidiyo ichechi?

3 E re ka Modimo a ne a neile Solomone le Jesu botlhale, ba re neile kgakololo e e molemo ka dilo tse di botlhokwa thata mo go rona rotlhe. Mo setlhogong seno, re tlile go sekaseka dilo tse tharo: Botlhokwa jwa go leba madi ka tsela e e siameng, jwa go leba tiro ya boitshediso ka tsela e e siameng le jwa go iteba ka tsela e e siameng.

KU LINGA MARI NE ZILA YA KA LULWAMA

4. Chimo che ikonomi cha Solomoni cha ka be chi leyana chini ne cha Jesu?

4 Solomone o ne a humile thata e bile a nna mo ntlong e ntle. (1 Dikg. 10:7, 14, 15) Jesu ene o ne a se na dilo di le dintsi e bile o ne a se na ntlo. (Math. 8:20) Le fa go ntse jalo, banna bano ka bobedi ba ne ba leba dikhumo ka tsela e e siameng ka gonne ba ne ba na le botlhale jo bo tswang kwa go Jehofa Modimo.

5. Solomoni wa ka be e linga mari ne zila ya ka lulwama chini?

5 Solomone o ne a re madi ke “tshireletso.” (Mor. 7:12) Fa re na le madi, re kgona go reka dilo tse re di tlhokang le tse re di batlang. Le fa gone Solomone a ne a humile thata, o ne a itse gore go na le dilo tse di botlhokwa thata go feta madi. Ka sekai, o ne a kwala jaana: “Leina le le molemo [kgotsa “Tsela e e molemo e motho a itsegeng ka yone e botoka,” ntlh.] go na le go tlhopha dikhumo tse dintsi.” (Diane 22:1) Gape Solomone o ne a lemoga gore batho ba ba ratang madi ga ba itumelele se ba nang le sone. (Mor. 5:10, 12) Mme o ne a re ga re a tshwanela go akanya gore madi ke selo sa botlhokwa thata, ka gonne a ka nyelela nako nngwe le nngwe.—Diane 23:4, 5.

A tsela e re lebang dithoto ka yone e dira gore dilo tse di direlwang Bogosi di tle pele mo matshelong a rona? (Bona serapa 6-7) *

6. Jesu wa ka be e linga zwithu zwi no boneka ne zila ya ka lulwama chini? (Matewu 6:31-33)

6 Jesu o ne a leba dikhumo ka tsela e e siameng. O ne a itumelela dijo le dinô. (Luke 19:2, 6, 7) Mo lekgetlong lengwe, o ne a dira kgakgamatso ya gagwe ya ntlha ka go dira beine e e monate. (Joh. 2:10, 11) Mme mo letsatsing le a tlhokafetseng ka lone, o ne a apere seaparo se se turang. (Joh. 19:23, 24) Le fa go ntse jalo, Jesu ga a ka a letla gore dikhumo e nne selo sa botlhokwa mo botshelong jwa gagwe. O ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Ga go na ope yo o ka direlang beng ba le babedi . . . Ga lo ka ke lwa direla Modimo le Dikhumo.” (Math. 6:24) Jesu o ne a re ruta gore fa re baya Bogosi kwa pele, Jehofa o tla re naya sengwe le sengwe se re se tlhokang.—Bala Mathaio 6:31-33.

7. Nzwalani nngwe wa ka bona mbayilo chini mu ku linga mari ne zila ya ka lulwama?

7 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba solegetswe molemo ke go dirisa kgakololo ya ga Jehofa e e botlhale e e buang ka madi. Akanya ka sekao sa mokaulengwe mongwe yo o sa nyalang yo o bidiwang Daniel. A re: “Fa ke ne ke sa ntse ke le mosha, ke ne ka dira tshwetso ya gore selo sa botlhokwa mo botshelong jwa me e tla nna go direla Jehofa.” E re ka Daniel a ile a tlhofofatsa botshelo jwa gagwe, o ne a kgona go direla Jehofa kwa dikomiting tsa namolo le kwa Bethele. Gape Daniel a re: “Nka bua ke sa belaele gore ga ke ikwatlhaele tshwetso e ke ileng ka e dira mo botshelong. Gone fa nkabo ke ile ka dira gore madi e nne selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa me, nkabo ke ile ka nna le madi a mantsi thata. Mme fa nkabo ke ile ka dira jalo, nkabo ke se na ditsala tse ke nang le tsone gone jaanong e bile nkabo ke se na boitumelo jo ke nang le jone gone jaanong ka gonne ke direla Jehofa. Tota Jehofa o nthusitse gore ke itumele go feta tsela epe fela e madi a neng a ka dira gore ke itumele ka yone.” Tota go a bonala gore re ka solegelwa molemo thata fa re tlhoma mogopolo mo go direleng Jehofa, go na le mo go direng madi a mantsi.

KU LINGA NSHINGO NE ZILA YA KA LULWAMA

8. To ziba chini kuti Solomoni wa ka be e linga nshingo ne zila ya ka lulwama? (Nreri 5:18, 19)

8 Solomone o ne a re tiro ya bonatla e ka dira gore motho a itumele, e bile o ne a re ke “mpho ya Modimo.” (Bala Moreri 5:18, 19.) O ne a kwala jaana: “Tiro nngwe le nngwe ya bonatla e solegela molemo.” (Diane 14:23) Solomone o ne a itse gore mafoko ano a boammaaruri. O ne a dira ka natla! O ne a aga matlo, a jala masimo a morara, a dira ditshingwana le go aga matamo. Gape o ne a aga metse. (1 Dikg. 9:19; Mor. 2:4-6) Solomone e ne e le senatla, mme ga go pelaelo gore seo se ne se dira gore a itumele. Mme Solomone o ne a itse gore o tla tshwanelwa ke go dira mo go oketsegileng gore a kgone go itumela. O ne a direla Jehofa dilo di le dintsi. Ka sekai, o ne a etelela pele porojeke ya dingwaga di le supa ya go aga tempele e ntle e e neng e tla dirisediwa go obamela Jehofa! (1 Dikg. 6:38; 9:1) Fa Solomone a sena go dira dilo tseno tsotlhe tse dintsi, o ne a lemoga gore go direla Jehofa ke selo sa botlhokwa thata mo botshelong. O ne a kwala jaana: “Bokhutlo jwa kgang, e leng sengwe le sengwe se se setseng se utlwilwe, ke jono: Boifa Modimo wa boammaaruri mme o boloke ditaelo tsa gagwe.”—Mor. 12:13.

9. Jesu wa ka be e thama chini kuti a si lawugwe ne nshingo we ku zwichidza?

9 Jesu o ne a dira ka natla. Fa a ne a sa ntse a le mosha, e ne e le mmetli. (Mar. 6:3) Ga go pelaelo gore batsadi ba gagwe ba ne ba itumelela thuso ya gagwe ka gonne ba ne ba tshwanelwa ke go tlhokomela lelapa la bone le legolo ka dilo tse le neng le di tlhoka. E re ka Jesu a ne a se na boleo, ga go pelaelo gore o ne a dira tiro e e tswileng diatla, ka jalo batho ba le bantsi ba tshwanetse ba bo ba ne ba batla dilo tse di betlilweng ke ene! Jesu o ne a itumelela tiro e a neng a e dira. Tota le fa Jesu a ne a dira ka natla mo tirong eo ya gagwe, o ne a tlhomamisa gore o na le nako ya go direla Jehofa. (Joh. 7:15) Moragonyana fa Jesu a ne a tlogela tiro ya go betla mme a rera, o ne a gakolola batho ba ba neng ba mo reeditse jaana: “Lo se ka lwa direla dijo tse di nyelelang, go na le moo, direlang dijo tse di sa senyegeng tse di nayang botshelo jo bo sa khutleng.” (Joh. 6:27) Gape Jesu o ne a bua jaana mo Therong ya kwa Thabeng: “Ipolokeleng matlotlo kwa legodimong.”—Math. 6:20.

Re ka dira jang gore tiro ya rona ya boitshediso e se ka ya kgoreletsa ditiro tse re di direlang Jehofa? (Bona serapa 10-11) *

10. Bangwe ba no lingisana ne mathatha api mu nshingo wabo we ku zwichidza?

10 Botlhale jo Modimo a re nayang jone, bo re thusa gore re lebe tiro ya rona ya boitshediso sentle. Rona Bakeresete, re rutiwa gore re ‘dire ka natla, re dire tiro e e molemo.’ (Baef. 4:28) Gantsi bathapi ba a lemoga gore re a ikanyega le gore re dira ka natla, e bile ba ka nna ba re bolelela gore ba itumelela tsela e re berekang ka yone. Seo se ka dira gore re bereke diura tse dintsi ka gonne re batla gore motho yo o re thapileng a tlotle Basupi ba ga Jehofa. Mme fa re dira jalo, seo se ka dira gore re se ka ra fetsa nako le ba malapa a rona kgotsa re direla Jehofa. Mme gone, re tshwanetse go dira diphetogo gore re bone nako ya go dira dilo tsa botlhokwa thata.

11. Nzwalani nngwe wa ka zwidiyani mu ku linga nshingo ne zila ya ka lulwama?

11 Mokaulengwe mongwe yo mosha yo o bidiwang William, o ne a ithuta mo sekaong sa mokaulengwe yo a neng a mmerekela gore go botlhokwa gore tiro ya boitshediso e se ka ya tla pele mo botshelong. William a re: “[Mokaulegwe yono] o ne a tlhoma sekao se se molemo tota. Ke senatla, e bile o dirisana le batho ba ba mmerekelang sentle ka gonne o dira tiro e e molemo. Mme morago ga tiro ga a tswelele a bereka, go na le moo o dirisa nako le maatla a gagwe go thusa ba lelapa la gagwe le go direla Jehofa. Ke mongwe wa batho ba ba itumetseng thata ba ke ba itseng!” *

KU ZWILINGA NE ZILA YA KA LULWAMA

12. Solomoni wa ka lakidza chini kuti wa ka be e zwilinga ne zila ya ka lulwama, ngono a ka kongwa chini?

12 Fa Solomone a ne a obamela Jehofa ka boikanyegi, o ne a iteba ka tsela e e siameng. Fa e ne e le lekawana, o ne a le boingotlo, a lemoga gore go na le dilo tse a sa kgoneng go di dira, e bile o ne a kopa Jehofa gore a mo kaele. (1 Dikg. 3:7-9) Fa Solomone a ne a simolola go busa, o ne a lemoga gore go ikgogomosa go kotsi. O ne a re: “Boikgogomoso bo dira gore motho a we, e bile go nna mabela go dira gore motho a we.” (Diane 16:18) Ka maswabi, moragonyana Solomone o ne a palelwa ke go dirisa kgakololo eo ya gagwe. Fa a ntse a busa, o ne a ikgogomosa a bo a simolola go sa ikobele melao ya Modimo. Ka sekai, mongwe wa melao eo o ne o re kgosi ya Mohebera, e ne e sa tshwanela go “nyala basadi ba bantsi, gore pelo ya gagwe e se ka ya fapoga.” (Dute. 17:17) Solomone o ne a itlhokomolosa molao oo, a nyala basadi ba le 700 a bo a nna le bagadingwana ba le 300 ba bontsi jwa bone e neng e le baheitane! (1 Dikg. 11:1-3) Gongwe Solomone o ne a akanya gore seo ga se ka ke sa mo tsenya mo mathateng. Mme gone, moragonyana Solomone o ne a lebana le diphelelo tse di botlhoko tsa go sa ikobele Jehofa.—1 Dikg. 11:9-13.

13. Ti nga zwidiyani mu ku kumbulila ku zwiyesa pasi kwa Jesu?

13 Jesu o ne a iteba ka tsela e e siameng e bile o ne a ikokobeditse. Pele Jesu a tla mo lefatsheng, o ne a dira dilo di le dintsi tse di kgatlhang mo tirelong ya ga Jehofa. O ne a dirisiwa “go bopa dilo tsotlhe tse di kwa magodimong le tse di mo lefatsheng.” (Bakol. 1:16) Fa Jesu a ne a kolobediwa, go lebega a ile a gopola dilo tse a neng a di dira fa a ne a na le Rraagwe. (Math. 3:16; Joh. 17:5) Mme dilo tseo ga di a ka tsa dira gore Jesu a ikgogomose fa a di gopola. E bile o ne a sa itshware ka tsela e e bontshang gore o akanya gore o botoka go gaisa batho ba bangwe. O ne a bolelela barutwa ba gagwe gore fa a tla mo lefatsheng, o ne a “sa tla go direlwa mme o ne a tletse go direla le go ntsha botshelo jwa gagwe go rekolola ba le bantsi.” (Math. 20:28) Gape o ne a re ga a dire sepe ka boene fela. (Joh. 5:19) Ruri Jesu o ne a ikokobeditse! Jesu o re tlhometse sekao se se molemo se re tshwanetseng go se latela.

14. Ti nga zwidiyani mu na Jesu ne kwe ku zwilinga ne zila ya ka lulwama?

14 Jesu o rutile balatedi ba gagwe gore ba itebe ka tsela e e siameng. Mo lekgetlong lengwe Jesu o ne a ba raya a re: “[Modimo] o itse palo ya meriri ya ditlhogo tsa lona.” (Math. 10:30) Mafoko ao a gomotsa tota, segolobogolo fa e le gore re itsaya re se batho ba botlhokwa. A bontsha gore Rrarona yo o kwa legodimong o re rata fela thata e bile o re tsaya re le botlhokwa. Fa e le gore Jehofa o re letla gore re mo obamele e bile o tsaya gore re tshwanelega go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng la gagwe le lesha ga re a tshwanela go belaela seo.

Ke masego afe a re ka se kang ra a bona fa re iteba ka tsela e e sa siamang? (Bona serapa 15) *

15. (a) Thungamakole ya ka kumbuludza kuti ti zwilinge ne zila ya ka lulwama chini? (b) Se kwa ku lakidziwa mu zwitshwantsho zwi mu zebe 24, ha ta ka lingisa mikumbulo yedu mu tili kwazo, ti nga lashikigwa neni?

15 Dingwaga di le 15 tse di fetileng, makasine wa Tora ya Tebelo o buile mafoko ano fa o ne o re kgothaletsa gore re se ka ra iteba ka tsela e e sa siamang: “Ruri ga re batle go itseela kwa godimo thata mo re tla felelang re ikgogomosa; mme gape ga re batle go feteletsa dilo re bo re itseela kwa tlase thata. Re tshwanetse go iteba ka tsela e e tshwanetseng, re akanyetsa dilo tse re dirang sentle mo go tsone le tse re tlhaelang mo go tsone. Mosadi mongwe wa Mokeresete o ne a re: ‘Ga ke motho yo o bosula; mme gape ga ke motho yo o tlhomologileng thata. Ke na le diphoso fela jaaka mongwe le mongwe.’” * A o kgona go lemoga molemo wa go iteba ka tsela e e siameng?

16. Ini Jehova e ti pa butungamili gu na buchenjedu?

16 Jehofa o dirisa Lefoko la gagwe go re naya kgakololo e e botlhale. O a re rata e bile o batla gore re itumele. (Isa. 48:17, 18) Tshwetso e e botlhale e e ka dirang gore re itumele, ke go dira dilo tse di itumedisang Jehofa. Fa re dira jalo, re tla tila mathata a mantsi a batho ba ba tlhomang mogopolo thata mo go direng madi, mo tirong ya bone ya boitshediso kgotsa mo go itebeng ka tsela e e sa siamang ba nnang le one. A mongwe le mongwe wa rona a ikemisetse go nna botlhale le go itumedisa pelo ya ga Jehofa!—Diane 23:15.

LUMBO 94 Go Lebogela Lefoko la Modimo

^ Solomone le Jesu ba ne ba le botlhale thata. Jehofa Modimo ke ene a neng a ba neile botlhale jo ba neng ba na le jone. Mo setlhogong seno re tlile go bona gore re ka ithuta eng mo kgakololong e Solomone le Jesu ba re nayang yone ka madi, tiro ya boitshediso le tsela e re tshwanetseng go iteba ka yone. Gape re tlile go bona kafa bangwe ba bakaulengwe le bokgaitsadi ba neng ba solegelwa molemo ka gone ke go dirisa kgakololo ya Baebele mo dikarolong tseo.

^ Bala setlhogo se se reng “Tsela ya go Itumelela Tiro ya Diatla” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa February 1, 2015.

^ Bala setlhogo se se reng “Baebele E ka Go Thusa go Bona Boitumelo” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa August 1, 2005.

^ TLHALOSO YA SETSHWANTSO: John le Tom ke bakaulengwe ba basha ba ba mo phuthegong e le nngwe. John o fetsa nako e ntsi a tlhomile mogopolo mo koloing ya gagwe. Tom o dirisa koloi ya gagwe go thusa ba bangwe go ya kwa tshimong le kwa dipokanong.

^ TLHALOSO YA SETSHWANTSO: John o bereka diura tse di oketsegileng. Ga a batle go swabisa motho yo o mo thapileng. Ka jalo, nako le nako fa mothapi wa gagwe a mo kopa gore a bereke diura tse di oketsegileng, o a dumela. Mo go one maitseboa ao, Tom yo e leng motlhanka wa bodiredi o na le mogolwane mongwe kwa loetong lwa bodisa. Mo nakong e e fetileng, Tom o ne a bolelela mothapi wa gagwe gore go na le maitseboa mangwe mo bekeng a a a dirisetsang go obamela Jehofa e bile ga a ka ke a bereka ka nako eo.

^ TLHALOSO YA SETSHWANTSO: John o tlhomile mogopolo mo go ene. Tom o dira gore Jehofa e nne motho wa botlhokwa thata mo botshelong jwa gagwe, mme seo se dira gore a nne le ditsala tse dintsi fa a thusa go tlhabolola Holo ya Dikopano.