Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 20

Zumbunulo—Cha i no Dwa mu Zwita Zwe Ndzimu

Zumbunulo—Cha i no Dwa mu Zwita Zwe Ndzimu

“Ndizo meya yakakubunganya bomambo pathu panodang’wa nge lulimi gwe Tjihebheru kuyi Amagedoni.”—ZUM. 16:16.

LUMBO 150 Batlang Jehofa Gore lo Bolokwe

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO *

1. Buka ye Zumbunulo i no chenesani ne kwe bathu be Ndzimu?

 BUKA ya Tshenolo e re bolelela gore Bogosi Jwa Modimo bo a busa kwa legodimong le gore Satane o latlhetswe mo lefatsheng. (Tshen. 12:1-9) Seo se ne sa dira gore go nne le kagiso kwa legodimong, le fa go ntse jalo se ne sa re bakela mathata a le mantsi mo lefatsheng. Goreng? Ka gonne Satane o ne a galefile e bile o ne a tlhasela batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba ba mo lefatsheng.—Tshen. 12:12, 15, 17.

2. Ti nga batshiwa neni ku gala ta ka sima?

2 Ke eng se se ka re thusang gore re tswelele re ikanyega mo go Jehofa le fa Satane a re tlhasela? (Tshen. 13:10) Sengwe se se ka re thusang ke go itse gore go tlile go direga eng mo nakong e e tlang. Ka sekai, mo go Tshenolo, moaposetoloi Johane o re bolelela ka mangwe a masego a re tla itumelelang one go ise go ye kae. Sengwe sa dilo tse re tla di itumelelang ke gore baba ba Modimo ba tlile go fedisiwa. A jaanong re bone gore Tshenolo e a re baba bao ba Modimo ke bomang le gore ba tlile go diragalelwa ke eng.

ZWITA ZWE NDZIMU ZO CHENESIWA “NE ZWILAKIDZO”

3. I zwilakidzo zwipi zwingwe zwi no legwa ne kwazo mu buka ye Zumbunulo?

3 Temana ya ntlha ya buka ya Tshenolo e re bolelela gore tshedimosetso e re tlileng go e bala e tlhalosiwa go dirisiwa “ditshupo,” seno se raya gore go dirisiwa puo ya tshwantshetso. (Tshen. 1:1) Mo dikgaolong tse di latelang go buiwa ka dibatana di le mmalwa tse di emelang baba ba Modimo. Ka sekai, go buiwa ka ‘sebatana se se tlhatlogang se tswa mo lewatleng.’ Se na le “dinaka di le lesome le ditlhogo di le supa.” (Tshen. 13:1) Morago ga sone go tla “sebatana se sengwe sa naga se tla se tlhatloga se tswa mo lefatsheng.” Sebatana seo se bua jaaka noga e kgolo e bile se dira gore “molelo o fologe kwa legodimong.” (Tshen. 13:11-13) Go tswa foo, go buiwa ka ‘sebatana se sengwe se sehibidu’ mme mo godimo ga sone go ntse mosadi wa “seaka.” Dibatana tseno tse tharo, di emela baba ba ga Jehofa Modimo ba ba sa bolong go lwa le ene le Bogosi jwa gagwe. Ka jalo, go botlhokwa gore re itse gore baba bao ba Modimo ke bomang.—Tshen. 17:1, 3.

DIBATANA TSE DIKGOLO TSE NNÊ

Di tswa “mo lewatleng.” (Dan. 7:1-8, 15-17) Dipuso tseno ke mebusomegolo ya lefatshe lotlhe e e ileng ya busa batho ba Modimo e bile e ile ya ba ama ka tsela nngwe go simologa ka motlha wa ga Daniele (Bona serapa 4, 7)

4-5. Chi no legwa mu buka ya Daniele 7:15-17 cho ti batsha chini ku hwisisa zwilakidzo izwezwi?

4 Pele ga re utlwa gore baba bano ba Modimo ke bomang, re tshwanetse go tlhaloganya gore dibatana le seaka di emela eng. Gore re kgone go tlhaloganya seo, re tshwanetse go letla Baebele gore e nne yone e tlhalosang. Ditshupo di le dintsi tse go buiwang ka tsone mo go Tshenolo di setse di tlhalositswe mo dibukeng tse dingwe tsa Baebele. Ka sekai, moporofeti Daniele o ne a lora “dibatana tse dikgolo tse nnê di  . . . tswa mo lewatleng.” (Dan. 7:1-3) Daniele o ne a tlhalosa gore dibatana tseno di emela eng. Dibatana tseno tse dikgolo, di emela “dikgosi” kgotsa dipuso di le nnê. (Bala Daniele 7:15-17.) Tlhaloso eo ya gagwe e e utlwalang sentle e re thusa go tlhaloganya gore dibatana tseo tse go buiwang ka tsone mo go Tshenolo, le tsone di emela dipuso tsa dipolotiki.

5 A jaanong re sekaseke dingwe tsa ditshupo tse go buiwang ka tsone mo go Tshenolo. Fa re dira jalo, re tla kgona go bona gore Baebele e ka re thusa jang go tlhaloganya gore ditshupo tseo di kaya eng. Re tla simolola pele ka go sekaseka dibatana tse go buiwang ka tsone. Sa ntlha, re tla bona gore dibatana tseno di emela bomang. Sa bobedi, re tla bona gore go direga eng ka tsone. Sa bofelo, re tla sekaseka gore ditiragalo tseno di re ama jang.

ZWITA ZWE NDZIMU ZO BIGWA PACHENA

SEBATANA SE SE NANG LE DITLHOGO DI LE SUPA

Se tlhatloga se tswa “mo lewatleng” e bile se na le ditlhogo di le supa, dinaka di le lesome le dirwalo tsa segosi di le lesome. (Tshen. 13:1-4) Se emela dipuso tsotlhe tsa dipolotiki tse di busitseng batho go tla go fitlha jaanong. Ditlhogo di le lesome di emela mebusomegolo ya lefatshe lotlhe e e ileng ya busa batho ba Modimo e bile e ile ya ba ama ka tsela nngwe. (Bona serapa 6-8)

6. Chibandana che misholo i li 7 chi no legwa mu na Zumbunulo 13:1-4 cho dwani?

6 Sebatana se se nang le ditlhogo di le supa ke eng? (Bala Tshenolo 13:1-4.) Re lemoga gore sebatana seno se tshwana le lengau mme se na le dinao tsa bera le molomo wa tau e bile se na le dinaka di le lesome. Dilo tseno di umakiwa gape fa go buiwa ka dibatana tse nnê tse di mo go Daniele kgaolo 7. Le fa go ntse jalo, mo bukeng ya Tshenolo, dilo tseno tsotlhe di bonala mo sebataneng se le sengwe e seng mo dibataneng di le nnê. Sebatana seno ga se emele puso kgotsa mmusomogolo wa lefatshe lotlhe o le mongwe fela. Go tlhalosiwa gore se busa “batho ba ditso tsotlhe le merafe yotlhe le dipuo tsotlhe le ditšhaba tsotlhe.” Ka jalo, sebatana seno se tshwanetse sa bo se le segolo go feta puso epe fela. (Tshen. 13:7) Seno se raya gore sebatana seno se emela dipuso tsotlhe tsa dipolotiki tse di busitseng batho go tla go fitlha jaanong. *Mor. 8:9.

7. Misholo ye chibandana i li 7 i no mililani?

7 Nngwe le nngwe ya ditlhogo di le supa e emela eng? Tshenolo kgaolo 17 e re thusa go bona karabo ya potso eno ka gonne e tlhalosa setshwantsho sa sebatana se Tshenolo kgaolo 13 e buang ka sone. Tshenolo 17:10 e a re: “Go na le dikgosi di le supa: Di le tlhano di ole, e le nngwe e gone, mme e nngwe ga e ise e goroge; le fa go ntse jalo fa e goroga, e tla nna teng ka lobakanyana.” Mo dipusong tsotlhe tsa dipolotiki tse Satane a ileng a di dirisa, di le supa tsa tsone di tshwantshiwa le “ditlhogo” ka gonne di ne di na le maatla a magolo. Dipuso tseno ke mebusomegolo ya lefatshe lotlhe e e ileng ya busa batho ba Modimo e bile e ile ya ba ama ka tsela nngwe. Fa moaposetoloi Johane a ne a sa ntse a tshela dipuso tseno tse tlhano e leng Egepeto, Asiria, Babelona, Bameda le Baperesia le Gerika di ne di setse di busitse. Roma e ne e le one mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa borataro fa Johane a ne a bona ponatshegelo eno. Ke puso efe e e neng e tla nna tlhogo ya bosupa e bile e le mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bofelo?

8. Nsholo we chibandana we bu 7 u no milila yani?

8 Gone jaanong re tlile go bona gore boporofeti jo bo mo bukeng ya Daniele bo re thusa jang go tlhaloganya gore tlhogo ya bosupa e bile e le ya bofelo ya sebatana seo ke eng. Ke mmusomogolo ofe wa lefatshe lotlhe o o ntseng o busa mo motlheng ono wa bofelo kgotsa “mo letsatsing la Morena”? (Tshen. 1:10) Ke United Kingdom le United States of America kgotsa Mmusomogolo wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika. Ka jalo, re ka swetsa ka gore ke yone tlhogo ya bosupa ya sebatana e go buiwang ka yone mo go Tshenolo 13:1-4.

SEBATANA SE SE NANG LE DINAKA TSE PEDI JAAKA KWANYANA

Se tlhatloga se tswa “mo lefatsheng” e bile se bua jaaka “noga e kgolo.” Se dira gore “molelo o fologe kwa legodimong” e bile se dira ditshupo jaaka “moporofeti wa maaka.” (Tshen. 13:11-15; 16:13; 19:20) Sebatana se se nang le dinaka tse pedi jaaka kwanyana le moporofeti wa maaka, e leng Mmusomogolo wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika, se tsietsa batho ba ba nnang mo lefatsheng e bile se ba bolelela gore ba “dire setshwantsho” sa “sebatana” se se nang le ditlhogo di le supa le dinaka di le lesome. (Bona serapa 9)

9. “Chibandana chi na nyanga mbili dzi nonga dze pkhwizi” cho mililani?

9 Tshenolo kgaolo 13 e re bolelela gore tlhogo ya bosupa e leng Mmusomogolo wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika o emelwa ke sebatana se se neng se na le “dinaka tse pedi jaaka kwanyana, le fa go ntse jalo, se ne sa simolola go bua jaaka noga e kgolo.” Sebatana seno se ne se “dira ditshupo tse dikgolo, tota e bile se dira gore molelo o fologe kwa legodimong o tle mo lefatsheng batho ba ntse ba o lebile.” (Tshen. 13:11-15) Tshenolo kgaolo 16 le 19 di bitsa sebatana seno “moporofeti wa maaka.” (Tshen. 16:13; 19:20) Daniele o bua sengwe se se tshwanang ka Mmusomogolo wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika fa a re o ne o tla “baka tshenyo e kgolo.” (Dan. 8:19, 23, 24) Seo ke sone se se neng sa direga ka Ntwa ya Lefatshe ya II, ka gonne dibomo tse pedi tsa atomo tse di neng tsa fedisa ntwa eo di ne di dirilwe ke baitsesaense ba kwa Boritane le ba kwa Amerika. Fa Mmusomogolo wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika o ne o dira dibomo tseo, o ne o dira gore “molelo o fologe kwa legodimong o tle mo lefatsheng.”

SEBATANA SE SEHIBIDU

Seaka, e leng Babelona yo Mogolo, se ntse mo godimo ga sone. Sebatana seno se tlhalosiwa e le “kgosi ya borobedi.” (Tshen. 17:3-6, 8, 11) Kwa tshimologong seaka se laola sebatana, mme moragonyana sebatana se fedisa seaka. Seaka se emela mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. Gompieno sebatana se emela Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le le emang tsamaiso ya lefatshe lotlhe ya dipolotiki nôkeng. (Bona serapa 10, 14-17)

10. “Itshwantsho che chibandana” cho mililani? (Zumbunulo 13:14, 15; 17:3, 8, 11)

10 Jaanong go tlhaga sebatana se sengwe gape. Seno sone se batlile se tshwana le sebatana sa ditlhogo di le supa mme se sehibidu. Se bidiwa “setshwantsho sa sebatana” e bile se tlhalosiwa e le “kgosi ya borobedi.” * (Bala Tshenolo 13:14, 15; 17:3, 8, 11.) Go tlhalosiwa gore “kgosi” eno e ne ya nna teng, go tswa foo ya se ka ya tlhola e nna teng, mme moragonyana e ne ya nna teng gape. Seno ke se se diragetseng ka Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le le emang tsamaiso ya lefatshe lotlhe ya dipolotiki nôkeng. La ntlha le ne le bidiwa Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba. Le ne la se ka la tlhola le nna teng ka Ntwa ya Lefatshe ya II. Mme moragonyana le ne la nna teng gape e le Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng.

11. Zwibandana zwe chipolotiki zo shangashanganya zwithu chini, ngono ini ti sa ka fanila ku zwi cha?

11 Dibatana kgotsa dipuso tsa dipolotiki di dirisa tshedimosetso e e seng boammaaruri go rotloetsa batho gore ba ganetse Jehofa le batho ba gagwe. Ka tsela ya tshwantshetso, di phuthela ‘dikgosi tse di mo lefatsheng lotlhe’ kwa ntweng ya Aramagedona e leng “letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.” (Tshen. 16:13, 14, 16) Le fa go ntse jalo, re tla bo re sa boife sepe. Jehofa, Modimo wa rona yo mogolo o tla tsiboga ka bonako go thusa ba ba emang bolaodi jwa gagwe nôkeng.—Esek. 38:21-23.

12. Zwibandana zose zowo shingikaligwa neni?

12 Ke eng se se tlileng go diragalela dibatana tseno tsotlhe? Tshenolo 19:20 e araba jaana: “Sebatana seo se ne sa tshwarwa. Gape go ne ga tshwarwa le moporofeti wa maaka yo o neng a dira ditshupo fa pele ga sone, tse a neng a tsietsa batho ba ba ileng ba amogela letshwao la sebatana ka tsone le ba ba obamelang setshwantsho sa sone. Boobabedi ba ne ba latlhelwa mo letšheng le le tukang molelo o mogolo ba ntse ba tshela.” Dipuso tseno tsa dipolotiki tse e leng baba ba Modimo tse di tla bong di sa ntse di busa, di tla fedisiwa gotlhelele.

13. Bakirisiti ba ka lingisana ne mathatha api a no thangwa ne mibuso?

13 Seno se re ama jang? E re ka re le Bakeresete, re tshwanetse go ikanyega mo go Jehofa le mo Bogosing jwa gagwe. (Joh. 18:36) Gore re kgone go dira jalo, re tshwanetse go nna re sa tseye letlhakore mo dikgannyeng tsa dipolotiki tsa lefatshe leno. Mme ka dinako dingwe, go ka nna thata gore re se ka ra tsaya letlhakore mo dipolotiking tsa lefatshe leno ka gonne dipuso di batla gore re di eme nôkeng ka se re se dirang le se re se buang. Ba ba ineelang ba bo ba ema dipuso tseno nôkeng, ba amogela letshwao la sebatana. (Tshen. 13:16, 17) Ope fela yo o amogelang letshwao leo, ga a na go amogelwa ke Jehofa e bile o tla latlhegelwa ke tsholofelo ya go tshelela ruri. (Tshen. 14:9, 10; 20:4) Ka jalo, go botlhokwa gore re nne re sa tseye letlhakore le fa dipuso tseno di ka re gatelela gore re di eme nôkeng.

KU PEDZISIWA KU NO BATISA SHONI KWE FUKULA WULU

14. Mpostolo Johani u no bonani kakale chingwe chi no chenamisa, se kwa ku chenesiwa mu na Zumbunulo 17:3-5?

14 Moaposetoloi Johane a re o ne a “gakgamala fela thata” ka ntlha ya sengwe se a neng a se bona. O ne a gakgamadiwa ke eng? O ne a bona mosadi mongwe a palame sengwe sa dibatana tseo tse di setlhogo. (Tshen. 17:1, 2, 6) Mosadi yoo o tshwantshiwa le “seaka se segolo” mme o bidiwa “Babelona yo Mogolo.” O dira “boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo” le “dikgosi tsa lefatshe.”—Bala Tshenolo 17:3-5.

15-16. “Bhabhiloni Nkulu,” ndi yani ngono to ziba chini?

15 “Babelona yo Mogolo” ke mang? Mosadi yono ga a emele mokgatlho ope wa dipolotiki ka gonne Tshenolo e a re o dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le baeteledipele ba dipolotiki ba lefatshe leno. (Tshen. 18:9) Tota e bile, go bonala a batla go laola sebatana seno ka gonne o se palame. Mme a ka se emele dikarolo tse di bogagapa tsa kgwebo tsa lefatshe leno la ga Satane. Dikarolo tseno di umakiwa mo ditemaneng tse dingwe tsa buka ya Tshenolo e bile tsa re ke “bagwebi ba lefatshe.”—Tshen. 18:11, 15, 16.

16 Mo Baebeleng, lefoko “seaka” le ka kaya motho yo o reng o direla Modimo, le fa go ntse jalo a obamela medingwana kgotsa e le tsala ya lefatshe ka tsela nngwe. (1 Ditir. 5:25; Jak. 4:4) Mme ba ba obamelang Modimo ka boikanyegi bone, Baebele e a re ba ‘itshekile’ kgotsa ke “makgarebane.” (2 Bakor. 11:2; Tshen. 14:4, ntlh.) Babelona wa bogologolo e ne e le lefelo le le neng le itsege ka kobamelo ya maaka. Ka jalo, Babelona yo Mogolo, o emela mefuta yotlhe ya kobamelo ya maaka. Tota e bile, ke mmusomogolo wa bodumedi jwa maaka.—Tshen. 17:5, 18; leba setlhogo se se mo jw.org/tn se se reng “Babelona yo Mogolo ke Eng?

17. Bhabhiloni Nkulu u nowo shingikaligwa neni?

17 Go tla diragala eng ka Babelona yo Mogolo? Tshenolo 17:16 le 17 e araba potso eno ka mafoko ano a a reng: “Mme dinaka tseno tse di lesome tse o di boneng mmogo le sebatana, di tla tlhoa seaka seo, di tla se senya di bo di se tlogela se sa apara, mme di tla ja nama ya sone di bo di se ja ka molelo. Gonne Modimo o tsentse seo mo dipelong tsa tsone gore di diragatse kakanyo e le nngwe e tsotlhe di nang le yone.” Jehofa o tla tlhotlheletsa ditšhaba gore di dirise sebatana se sehibidu, e leng Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng gore di tlhasele mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka di bo di o senye gotlhelele.—Tshen. 18:21-24.

18. Ti nga thamani kuti ti si shingidzane ne Bhabhiloni Nkulu?

18 Seno se re ama jang? Re tshwanetse go tswelela re le mo ‘kobamelong e Modimo wa rona e bong Rara a e tsayang e le phepa e bile e sa leswafala.’ (Jak. 1:27) Ga re a tshwanela go itetla go tlhotlhelediwa ke dithuto tsa maaka, meletlo ya boheitane, boitshwaro jo bo repileng le dilo tsa bodimona tse di tlhotlhelediwang ke Babelona yo Mogolo. E bile re tla tswelela re tlhagisa batho gore ba ‘tswe’ mo go ene gore Modimo a se ka a ba pega molato ka ntlha ya maleo a gagwe.—Tshen. 18:4.

KU ATHUGWA KWE CHITA CHIKULU CHE NDZIMU

NOGA E KGOLO E E BOHIBIDU JWA MOLELO

Satane o naya sebatana taolo. (Tshen. 12:3, 9, 13; 13:4; 20:2, 10) Satane yo e leng mmaba yo mogolo wa ga Jehofa o latlhelwa mo khuting e e kwa tengteng ka dingwaga di le 1 000. Morago ga moo, Satane o tlile go latlhelwa mo “letšheng le le tukang molelo o mogolo.” (Bona serapa 19-20)

19. “Bhophona gulu shaba” ndi yani?

19 Buka ya Tshenolo gape e bua ka “noga e kgolo e e bohibidu jwa molelo.” (Tshen. 12:3) Noga eno e lwa le Jesu le baengele ba gagwe. (Tshen. 12:7-9) E tlhasela batho ba Modimo e bile e naya sebatana kgotsa dipuso tsa dipolotiki maatla. (Tshen. 12:17; 13:4) Noga eno e kgolo ke mang? Ke “noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane.” (Tshen. 12:9; 20:2) Ke ene yo o laolang baba botlhe ba ga Jehofa.

20. Bhophona lowo shingikaligwa neni?

20 Go tla direga eng ka noga e kgolo? Tshenolo 20:1-3 e a re moengele o tla latlhela Satane mo khuting e e kwa tengteng e e tla nnang kgolegelo ya gagwe. Fa Satane a tla bo a golegilwe, ga a kitla “a tsietsa ditšhaba go fitlha dingwaga tse 1 000 di [sena go] wela.” Kwa bokhutlong, Satane le madimona a gagwe ba tla latlhelwa mo “letšheng le le tukang molelo o mogolo,” mme seo se tla raya gore ba tla fedisiwa gotlhelele. (Tshen. 20:10) Akanya fela gore lefatshe le tla bo le ntse jang fa Satane le madimona a gagwe ba seyo. Ruri eo e tla bo e le nako e e itumedisang!

21. Ini ti nga shathisiwa ne cha ta zwidiya mu buka ye Zumbunulo?

21 Go kgothatsa tota go tlhaloganya bokao jwa ditshupo tse di kwadilweng mo bukeng ya Tshenolo! Re kgonne go bona gore baba ba ga Jehofa ke bomang e bile re bone gore ba tla diragalelwa ke eng. Ruri “go itumela motho yo o balelang mafoko a boporofeti jono kwa godimo le ba ba utlwang . . . dilo tse di kwadilweng mo go jone”! (Tshen. 1:3) Le fa go ntse jalo, fa baba ba Modimo ba setse ba fedisitswe, batho ba ba ikanyegang ba tla nna le masego afe? Re tla tlotla ka kgang eo mo setlhogong sa bofelo se se buang ka buka ya Tshenolo.

LUMBO 23 Jehofa o Simolola go Busa

^ Buka ya Tshenolo e re bolelela gore baba ba Modimo ke bomang e dirisa ditshupo. Buka ya Daniele yone, e re thusa go tlhaloganya gore ditshupo tseo di kaya eng. Mo setlhogong seno, re tlile go bapisa boporofeti bongwe jo bo mo bukeng ya Daniele le jo bo tshwanang le jone jo bo mo bukeng ya Tshenolo. Seno se tla re thusa go itse gore baba ba Modimo ke bomang. Go tswa foo, re tla bona gore ba tlile go diragalelwa ke eng.

^ Selo se sengwe se se bontshang gore sebatana seno se se nang le ditlhogo di le supa se emela dipuso tsotlhe tsa dipolotiki, ke gore se na se “dinaka di le lesome.” Gantsi mo Baebeleng palo lesome e dirisiwa go bontsha gore sengwe se feletse.

^ Go farologana le sebatana sa ntlha, setshwantsho sa sebatana sone ga se na “dirwalo tsa segosi” mo dinakeng tsa sone. (Tshen. 13:1) Lebaka la seno ke gore setshwantsho seno sa sebatana se ‘tswa mo dikgosing tse dingwe tse supa’ e bile ke tsone tse di se nayang maatla.—Bala setlhogo se se mo jw.org/tnse se reng “Sebatana se se Mmala wa Bohibidu jo bo Letlhololo se go Buiwang ka Sone mo go Tshenolo 17 ke Eng?