Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 45

Dwililani mu Lakidzana Ludo

Dwililani mu Lakidzana Ludo

“Sumikilisani nge lebeswa kakale mulakidzane lubu ne ngoni.”—ZAK. 7:9.

LUMBO 107 Sekao sa Modimo sa Lorato

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO *

1-2. Ti na mabaka api a no hwika e ku lakidzana ludo gwe malebeswa?

RE NA le mabaka a a utlwalang a gore re bontshane lorato lo lo sa kgaotseng. Mangwe a mabaka ao ke afe? Ela tlhoko kafa diane tseno tse di mo Baebeleng di arabang potso eo ka gone: “O se ka wa letla gore lorato lo lo sa kgaotseng le boikanyegi di go tlogele. . . . Foo o tla nna le temogo e bile o tla amogelesega mo matlhong a Modimo le a batho.” “Motho yo o nang le lorato lo lo sa kgaotseng o itsholegela molemo.” “Ope fela yo o latelelang tshiamo le lorato lo lo sa kgaotseng o tla bona botshelo, tshiamo le kgalalelo.”—Diane 3:3, 4; 11:17, ntlh.; 21:21.

2 Diane tseno di umaka mabaka a le mararo a go bo re tshwanetse go bontsha lorato lo lo sa kgaotseng. La ntlha, fa re bontsha lorato lo lo sa kgaotseng re tla amogelesega mo matlhong a Modimo. La bobedi, fa re bontsha lorato lo lo sa kgaotseng re tla itsholegela molemo. Ka sekai, re tla nna le ditsala tse di nnelang ruri. La boraro, fa re bontsha lorato lo lo sa kgaotseng re tla nna le masego a a akaretsang botshelo jo bo sa khutleng mo nakong e e tlang. Eleruri re na le mabaka a a utlwalang a go ikobela taelo ya ga Jehofa e e reng: “Lo dirisane ka lorato lo lo sa kgaotseng le ka kutlwelobotlhoko.”—Seka. 7:9.

3. Towo dabila buzo dzipi mu chidiyo ichechi?

3 Mo setlhogong seno re tlile go araba dipotso tseno tse nnê: Ke bomang ba re tshwanetseng go ba bontsha lorato lo lo sa kgaotseng? Re ka ithuta eng mo bukeng ya Ruthe ka go bontsha lorato lo lo sa kgaotseng? Re ka bontsha ba bangwe lorato lo lo sa kgaotseng jang gompieno? Ke dilo dife tse di molemo tse di tla re diragalelang fa re bontsha ba bangwe lorato lo lo sa kgaotseng?

TA KA FANILA LAKIDZA BOYANI LUDO GWE MALEBESWA?

4. Ti nga yedza Jehova chini mu ku lakidza ludo gwe malebeswa? (Mako 10:29, 30)

4 Setlhogo se se fetileng se re thusitse go tlhaloganya gore Jehofa o bontsha fela batho ba ba mo ratang le ba ba mo direlang lorato lo lo sa kgaotseng. (Dan. 9:4) Re batla go ‘etsa Modimo ka gonne re le bana ba gagwe ba ba rategang.’ (Baef. 5:1) Ka jalo, re eletsa go bontsha bakaulengwe le bokgaitsadi lorato lo lo sa kgaotseng.—Bala Mareko 10:29, 30.

5-6. Matama “gwe malebeswa” a nga dwa ku shingidzana kwa ka tini??

5 Fa re tlhaloganya gore lorato lo lo sa kgaotseng ke eng re tla kgona go lo bontsha bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. Gore re tlhaloganye gore lorato lo lo sa kgaotseng lo ka dinako dingwe lo bidiwang lorato lo lo ikanyegang lo farologana jang le boikanyegi, a re tlotleng ka sekai se se latelang.

 6 Gompieno fa motho a bereketse khampani ka lobaka lo loleele, a ka tsewa e le modiri yo o ikanyegang. Le fa go ntse jalo, go ka direga gore mo dingwageng di le dintsi tse a di feditseng a berekela khampani eo, ga a ise a tsamaye a kopane le bathapi ba gagwe. Gape ka dinako dingwe a ka tswa a sa dumalane le ditshwetso tse khampani eo e di dirang. Ga a rate khampani eo, mme gone o itumelela gore o na le tiro e e mo duelang. E bile o tla tswelela a bereka koo go fitlha a ya pensheneng kgotsa go fitlha a bona tiro e nngwe e e botoka go sele.

7-8. (a) Ini chi no sundidzila nthu ku be ne ludo gwe malebeswa? (b) Ini ku sheteka kuti ti zwidiye zwingwe zwi mu buka ya Ruthi?

7 Pharologano magareng ga go ikanyega go re buileng ka gone mo  serapeng sa 6 le lorato lo lo sa kgaotseng kgotsa lorato lo lo ikanyegang, ke lebaka la go bo motho a lo bontsha. Ke eng se se neng se tlhotlheletsa batlhanka ba Modimo ba mo motlheng wa Baebele gore ba bontshe lorato lo lo sa kgaotseng? Batho ba ba neng ba bontsha lorato lo lo sa kgaotseng ba ne ba lo bontsha ka go rata, e seng ka gonne ba patelediwa. Akanya ka sekai sa ga Dafide. O ne a tlhotlheletsega go bontsha tsala ya gagwe e bong Jonathane lorato lo lo sa kgaotseng tota le fa rraagwe Jonathane a ne a batla go mmolaya. Dingwaga di le dintsi morago ga gore Jonathane a swe, Dafide o ne a tswelela a mmontsha lorato lo lo sa kgaotseng, ka go bontsha morwawe e bong Mefiboshethe lorato lo lo sa kgaotseng.—1 Sam. 20:9, 14, 15; 2 Sam. 4:4; 8:15; 9:1, 6, 7.

8 Re ka ithuta go le gontsi ka lorato lo lo sa kgaotseng ka go sekaseka dikarolo di le mmalwa tsa buka ya Baebele ya Ruthe. Re ka ithuta eng ka lorato lo lo sa kgaotseng mo bathong ba go buiwang ka bone mo bukeng eno? Re ka dirisa dintlha tseo jang mo phuthegong ya rona? *

TO ZWIDIYANI MU BUKA YA RUTHI NE KWE LUDO GWE MALEBESWA?

9. Ini Naomi a ka kumbula kuti Jehova wa ka be a si nga nteedze?

9 Mo bukeng ya Ruthe re ithuta ka Naomi, ngwetsi ya gagwe e bong Ruthe le monna yo o boifang Modimo e bong Boase, yo e neng e le wa losika lwa monna wa ga Naomi. E re ka go ne go na le leuba kwa Iseraele, Naomi, monna wa gagwe le bomorwaabone ba babedi ba ne ba fudugela kwa Moabe. Fa ba le koo, monna wa ga Naomi o ne a tlhokafala. Bomorwawe ba babedi ba ne ba nyala, mme ka maswabi le bone ba ne ba tlhokafala. (Ruthe 1:3-5; 2:1) Dilo tseno tsotlhe tse di utlwisang botlhoko, di ne tsa dira gore Naomi a ikutlwe a gateletswe. O ne a kgobega marapo thata mo a neng a akanya gore Jehofa o kgatlhanong le ene. Utlwa gore o tlhalosa jang tsela e a neng a ikutlwa ka yone ka Modimo. O ne a re: “Jehofa o nkotlhaile.” “Mothatayotlhe o ntshulafaleditse botshelo.” Gape o ne a re: “Jehofa [o] nkokobeditse e bile Mothatayotlhe [o] mpaketse masetlapelo.”—Ruthe 1:13, 20, 21.

10. Jehova wa ka togwa chini ne matama a Naomi a no hwisa zogwadza?

10 Jehofa o ne a ikutlwa jang ka se Naomi a neng a se bua? Ga a ka a mo galefela, go na le moo o ne a mo utlwela botlhoko. Jehofa o a tlhaloganya gore “kgatelelo e ka dira gore motho yo o botlhale a itshware jaaka setsenwa.” (Mor. 7:7) Le fa go ntse jalo, Naomi o ne a tlhoka go thusiwa gore a lemoge gore Jehofa ga a mo galefela. Modimo o ne a mo thusa jang? (1 Sam. 2:8) O ne a tlhotlheletsa Ruthe gore a bontshe Naomi lorato lo lo sa kgaotseng. Ruthe o ne a ikemiseditse go bontsha Naomi gore o a mo rata ka go mo thusa gore a se ka a tswelela a kgobegile marapo le go mmontsha gore Jehofa o sa ntse a mo rata. Re ithuta eng mo sekaong sa ga Ruthe?

11. Ini bazwalani ne dziazwadzi ba na mahwilangoni be batsha ba ka nyalamoyo?

11 Lorato lo lo sa kgaotseng lo re tlhotlheletsa gore re thuse ba ba utlwileng botlhoko kgotsa ba ba kgobegileng marapo. Fela jaaka Ruthe a sa ka a tlogela Naomi, gompieno bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba pelonomi ba thusa badumedimmogo le bone ba ba utlwileng botlhoko kgotsa ba ba kgobegileng marapo. Ba rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone e bile ba leka go dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba ba thuse. (Diane 12:25; 24:10) Seo ke sone se moaposetoloi Paulo a neng a re kgothaletsa gore re se dire fa a ne a re: “Lo gomotse ba ba tshwenyegileng mo maikutlong, lo tshegetse ba ba bokoa, lo nne pelotelele mo go botlhe.”—1 Bathes. 5:14.

Re ka thusa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o kgobegileng marapo ka go mo reetsa (Bona serapa 12)

12. I zila ipi ya ka lulwama ya ti nga batsha bazwalani ne dziazwadzi ba ka nyalamoyo?

12 Gantsi tsela e e molemo e re ka thusang bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba kgobegileng marapo ka yone ke ka go ba reetsa le go ba bolelela gore re a ba rata. Jehofa o a itumela fa o thusa batlhanka bano ba gagwe ba ba botlhokwa. (Pes. 41:1) Diane 19:17 e a re: “Motho yo o utlwelang batho ba maemo a a kwa tlase botlhoko o adima Jehofa, mme o tla mo duela ka ntlha ya se a se dirang.”

Ruthe ga a tlogele matsalaagwe e bong Naomi, mme Orepa ene o boela kwa Moabe. Ruthe o raya Naomi a re: “Kwa o yang gone ke tla ya gone” (Bona serapa 13)

13. Ruthi na Opha ba ka be ba singa fanane ne zila dzipi, ngono thambo ya ka togwa na Ruthi ya ka be i lakidza chini ludo gwe malebeswa? (Bona itshwantsho chi mu khavara.)

13 Re kgona go tlhaloganya lorato lo lo sa kgaotseng botoka fa re akanya ka se se neng sa diragalela Naomi morago ga loso lwa monna wa gagwe le bomorwawe ba babedi. Fa Naomi a sena go utlwa gore “Jehofa o segofaditse batho ba gagwe gape ka go ba naya dijo” o ne a swetsa ka gore a boele kwa legaeng la gagwe. (Ruthe 1:6) Dingwetsi tsa gagwe tse pedi di ne tsa simolola loeto loo le ene. Le fa go ntse jalo, fa ba le mo tseleng, Naomi o ne a bolelela basadi bano ka makgetlo a le mararo gore ba boele kwa Moabe. Go ne ga direga eng? Baebele e a re: “Orepa a suna matsalaagwe a bo a boela morago. Mme Ruthe ene o ne a sala le ene.” (Ruthe 1:7-14) Orepa o ne a boela morago fela jaaka Naomi a ne a mmoleletse gore a dire jalo. Mme Ruthe ene ga a ka a dira jalo. Le ene a ka bo a ile a boela gae, le fa go ntse jalo o ne a tlhopha go bontsha Naomi lorato lo lo sa kgaotseng ka go tsamaya le ene le ka go mo thusa. (Ruthe 1:16, 17) Ruthe o ne a tsamaya le Naomi ka gonne a ne a batla, e seng ka gonne a ne a patelesega. O ne a mmontsha lorato lo lo sa kgaotseng. Pego eno e re ruta eng?

14. (a) Bazwalani ne dziazwadzi ba na ludo ba no zwishalulilani mu mazhuba a ngwenu? (b) Ku yenda na Bahebera 13:16, ini chi no shathisa Ndzimu?

14 Lorato lo lo sa kgaotseng lo dira gore re tseye matsapa go thusa ba bangwe. Fela jaaka mo nakong e e fetileng, gompieno bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba tlhopha go bontsha bakaulengwe ba bone lorato lo lo sa kgaotseng tota le fa ba sa ba itse. Ka sekai, fa ba utlwa gore go na le masetlapelo a tlholego, ka bonako fela ba batla go itse gore ba ka thusa jang. Fa mongwe mo phuthegong a nna le mathata a madi, ba potlakela go batla go itse gore o tlhoka eng le gore ba ka mo thusa jang. Fela jaaka Bakeresete ba bogologolo ba kwa Makedonia, ga ba dire fela se se tlhokegang go thusa, go na le moo ba dira se se fetang seo. Ba itima dilo dingwe e bile ba aba ‘go feta se ba se kgonang’ gore ba thuse bakaulengwe ba bone ba ba wetsweng ke mathata. (2 Bakor. 8:3) Jehofa o itumela tota fa a ba bona ba bontsha lorato lo lo sa kgaotseng ka tsela eo!—Bala Bahebera 13:16.

TI NGA LAKIDZA LUDO GWE MALEBESWA CHINI NGWENU?

15-16. Ruthi wa ka lakidza moyonlefu chini?

15 Re ka ithuta dithuto tse di botlhokwa fa re sekaseka pego ya ga Ruthe le Naomi. A re tlotleng ka dingwe tsa tsone.

16 O se ka wa ineela. Fa Ruthe a ne a ithaopela go tsamaya le matsalaagwe e bong Naomi kwa Juda, kwa tshimologong Naomi o ne a gana. Le fa go ntse jalo, Ruthe ga a ka a ineela. Seo se ne sa felela ka eng? “Fa Naomi a bona gore Ruthe o ne a pateletsa go tsamaya le ene, o ne a tlogela go mo thibela.”—Ruthe 1:15-18.

17. Ini chi nga ti batsha kuti ti si zwitoboke chinyolocho?

17 Se re se ithutang: Re tlhoka go nna pelotelele fa re thusa batho ba ba gateletsweng thata mo maikutlong, mme gone ga re a tshwanela go ineela. Kwa tshimologong, kgaitsadi yo o tlhokang thuso a ka nna a gana gore re mo thuse. * Le fa go ntse jalo, lorato lo lo sa kgaotseng lo tla re tlhotlheletsa gore re batle ditshono tsa go mo thusa. (Bagal. 6:2) Re solofela gore fa nako e ntse e ya, o tla re letla gore re mo thuse le gore re mo gomotse.

18. Ini cha ka be chi hwisa Ruthi zogwadza?

18 O se ka wa kgopisega. Fa Naomi le Ruthe ba goroga kwa Bethelehema, Naomi o ne a kopana le batho ba e kileng ya bo e le baagelani ba gagwe. O ne a ba raya a re: “Ke ne ke na le sengwe le sengwe fa ke tsamaya, mme Jehofa o dirile gore ke boe ke iphotlhere.” (Ruthe 1:21) Akanya fela gore Ruthe o ne a ikutlwa jang fa a utlwa Naomi a bua mafoko ao! Ruthe o ne a dirile sotlhe se a neng a ka se kgona go thusa Naomi. O ile a lela le ene, a mo gomotsa, a bo a tsaya loeto lwa malatsi a le mantsi le ene. Morago ga matsapa ao otlhe, Naomi o ne a re: “Jehofa o dirile gore ke boe ke iphotlhere.” E re ka Ruthe a ne a na le Naomi ka nako eo, se Naomi a neng a se bua, se ne se ka utlwala e kete ga a anaanele se Ruthe a neng a mo diretse sone. Seo se tshwanetse sa bo se ile sa utlwisa Ruthe botlhoko fela thata! Le fa go ntse jalo, ga a ka a tlogela Naomi.

19. Ini chi nga ti batsha kuti ti batane ne ba ka nyalamoyo?

19 Se re se ithutang: Kgaitsadi yo o kgobegileng marapo a ka nna a bua sengwe se se utlwisang botlhoko le fa gone re mo thusitse ka ditsela tse dintsi. Le fa go ntse jalo, re leka ka natla gore re se ka ra kgopisega. Ga re tlogele go thusa kgaitsadi yoo wa rona, e bile re kopa Jehofa gore a re thuse go batla ditsela tsa go mo gomotsa.—Diane 17:17.

Bagolwane ba ka etsa Boase jang gompieno? (Bona serapa 20-21)

20. Ini cha ka simisa Ruthi kuti a si zwitoboke?

20 Kgothatsa mongwe fa o lemoga gore o tlhoka go kgothadiwa. Ruthe o ile a bontsha Naomi lorato lo lo sa kgaotseng, mme jaanong Ruthe ke ene yo o neng a tlhoka go kgothadiwa. Ka jalo, Jehofa o ne a tlhotlheletsa Boase gore a mo kgothatse. Boase o ne a raya Ruthe a re: “E kete Jehofa a ka go duela ka ntlha ya se o se dirileng, mme e kete Jehofa Modimo wa Iseraele, yo o tshabetseng ka fa tlase ga diphuka tsa gagwe, a ka go naya tuelo e e feletseng.” Mafoko ao a a amang pelo a ne a kgothatsa Ruthe fela thata. Ruthe o ne a raya Boase a re: “O nkgomoditse e bile o nkgothaditse, nna lelata la gago.” (Ruthe 2:12, 13) Mafoko ao a Boase a a buileng ka nako e e tshwanetseng a ne a thusa Ruthe gore a se ka a ineela.

21. Se kwa ku no legwa mu na Isaya 32:1, 2, bakugwana ba na ludo ba no batsha chini?

21 Se re se ithutang: Batho ba ba bontshang ba bangwe lorato lo lo sa kgaotseng le bone ka dinako dingwe ba ka tlhoka go kgothadiwa. Fela jaaka Boase a ne a akgola Ruthe fa a lemoga gore o tlhokometse Naomi, bagolwane le bone ba tlhoka go akgola bakaulengwe le bokgaitsadi fa ba lemoga gore ba thusa ba bangwe. Fa ba kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi e bile ba ba akgola, ba tla ba nonotsha gore ba tswelele ba thusa ba bangwe.—Bala Isaia 32:1, 2.

BA NO LAKIDZA LUDO GWE MALEBESWA BA NO BONA MBAYILO UPI?

22-23. Naomi wa ka shandula nkumbulo uwe chini, ngono ne kutini? (Pisalema 136:23, 26)

22 Morago ga lobaka lo lo rileng, Boase o ne a naya Ruthe le Naomi mpho ya dijo. (Ruthe 2:14-18) Naomi o ne a ikutlwa jang ka se Boase a ba diretseng sone? O ne a re: “E kete a ka segofadiwa ke Jehofa yo o sa palelweng ke go bontsha batshedi le baswi lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng.” (Ruthe 2:20a) Tsela e Naomi a neng a ikutlwa ka yone e ne e fetogile tota! Pelenyana fa a ne a utlwile botlhoko o ne a re, “Jehofa . . . o nkokobeditse [kgotsa o kgatlhanong le nna],” mme jaanong o ne a bua jaana a itumetse, ‘Jehofa ga a palelwe ke go bontsha . . . lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng.’ Ke eng se se ka tswang se fetotse tsela e Naomi a neng a ikutlwa ka yone?

23 Naomi o ne a simolola go lemoga gore Jehofa o ne a sa mo tlogela. Jehofa o ne a dirisitse Ruthe go mo ema nôkeng fa ba ne ba ya kwa Juda. (Ruthe 1:16) Gape Naomi o ile a lemoga gore Jehofa o ne a mo thusa a dirisa Boase yo e neng e le mongwe wa “barekolodi” ba bone, gore a ba neye se ba neng ba se tlhoka. * (Ruthe 2:19, 20b) Gongwe a ka tswa a ile a re, ‘Jaanong ke a tlhaloganya gore Jehofa ga a ise a ko a ntatlhe. O ntse a ntlhokometse nako eno yotlhe!’ (Bala Pesalema 136:23, 26.) Ruri Naomi o tshwanetse a bo a ne a itumetse fa a lemoga gore Ruthe le Boase ga ba a ka ba mo tlhoboga! Mme botlhe ba tshwanetse ba bo ba ne ba itumeletse gore Naomi o direla Jehofa a itumetse gape.

24. Ini ta ka fanila dwilila ti lakidza bazwalani bedu ludo gwe malebeswa?

24 Re ithutile eng ka lorato lo lo sa kgaotseng mo bukeng ya Ruthe? Lorato lo lo sa kgaotseng lo re tlhotlheletsa gore re se ka ra tlhoboga bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba kgobegileng marapo. Gape lo re tlhotlheletsa gore re dire se se fetang se se tlhokegang gore re ba thuse. Bagolwane ba tshwanetse go kgothatsa le go akgola ba ba bontshang ba bangwe lorato lo lo sa kgaotseng. Fa re bona ba ba neng ba kgobegile marapo ba boa ba itumelela go direla Jehofa gape, le rona re a itumela. (Dit. 20:35) Mme gone, lebaka la botlhokwa la go bo re tswelela re bontsha ba bangwe lorato lo lo sa kgaotseng ke lefe? Ke ka gonne re batla go itumedisa Jehofa, yo o nang le “lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng” e bile re batla go mo etsa.—Ekes. 34:6; Pes. 33:22.

LUMBO 130 Lo Itshwarelane

^ ndi. 5 Jehofa o batla gore re bontshe bakaulengwe le bokgaitsadi lorato lo lo sa kgaotseng. Re ka kgona go tlhaloganya botoka gore lorato lo lo sa kgaotseng ke eng fa re sekaseka tsela e bangwe ba batlhanka ba ga Jehofa ba mo nakong e e fetileng ba neng ba bontsha nonofo eo ka yone. Mo setlhogong seno, re tlile go bona se re ka ithutang sone mo sekaong sa ga Ruthe, Naomi le Boase.

^ ndi. 8 Gore o tlhaloganye se go buiwang ka sone mo setlhogong seno botoka, re go kgothaletsa gore o ipalele Ruthe kgaolo 1 le 2.

^ ndi. 17 E re ka re tlotla ka sekao sa ga Naomi, re tla bua ka bokgaitsadi ba ba tlhokang thuso. Le fa go ntse jalo, dintlha tse di mo setlhogong seno di ka thusa le bakaulengwe.

^ ndi. 23 O ka bona tshedimosetso ya gore Boase o ne a nna morekolodi jang mo setlhogong se se reng, “Etsa Tumelo ya Bone—‘Mosadi yo o Molemo Thata’” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa October 1, 2012, ts. 20.