Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 47

Ku Galamoyo Kuko Kowo be Kukulu ku Ngapani?

Ku Galamoyo Kuko Kowo be Kukulu ku Ngapani?

“Mimoyo yenyu ngaisidziyidzike. Galanimoyo.”—JOH. 14:1.

LUMBO 119 Re Tshwanetse go Nna le Tumelo

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO *

1. Ti nga zwibuzwa buzo dzipi?

A KA dinako dingwe o a tshoga fa o akanya ka dilo tse di tlileng go direga mo nakong e e tlang tse di jaaka, go fedisiwa ga bodumedi jwa maaka, go tlhasela ga ga Gogo wa Magogo le ntwa ya Aramagedona? A o a tle o ipotse gore, ‘A ke tla tswelela ke ikanyega fa dilo tseno tse di boifisang di direga?’ Fa e le gore o a tle o ipotse potso eno, mafoko a ga Jesu a a mo temaneng ya setlhogo a re tlileng go tlotla ka one a tla go thusa. Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lo se ka lwa tshwenyega. Dumelang mo Modimong.” (Joh. 14:1) Go nna le tumelo e e nonofileng go tla re thusa gore re itshokele dilo tse di tla diregang mo nakong e e tlang.

2. Ti nga simisa ku galamoyo kwedu chini, ngono towo zwidiyani mu chidiyo ichechi?

2 Fa re akanya ka se re se dirang gone jaanong fa re lekiwa, re tla itse gore re ka nonotsha tumelo ya rona jang gore re kgone go fenya diteko mo nakong e e tlang. Go dira jalo go tla re thusa go lemoga gore ke dilo dife tse re tshwanetseng go nonotsha tumelo ya rona mo go tsone. Nako le nako fa re itshokela diteko, tumelo ya rona e a nonofa e bile e tla re thusa go itshokela diteko tse re tla lebanang le tsone mo nakong e e tlang. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dilo di le nnê tse di neng di bontsha gore barutwa ba ga Jesu ba ne ba tlhoka go nna le tumelo e e nonofileng. Gape re tla bona gore le rona gompieno re ka lebana jang le mathata a a tshwanang le a bone, le gore a ka re thusa jang go ipaakanyetsa se se tla diregang mo nakong e e tlang.

KU GALAMOYO KUTI NDZIMU U NO TI PA CHA TI NO SHETA

Re ka tswa re se na madi a a lekaneng go reka dilo tse re di tlhokang, le fa go ntse jalo, tumelo e tla re thusa go tlhoma mogopolo mo dilong tse di direlwang Bogosi (Bona serapa 3-6)

3. Se kwa kwa ka kwagwa mu na Matewu 6:30, 33, Jeso wa ka chenesani ne kwe ku galamoyo?

3 Monna yo o nyetseng o amega thata ka go tlamela mosadi wa gagwe le bana ka dijo, diaparo le lefelo le ba tla nnang mo go lone. Mme ga go motlhofo go dira jalo mo dinakong tseno tse di thata. Bangwe ba bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba latlhegetswe ke tiro e bile go thata gore ba bone tiro e nngwe le fa ba leka ka natla go e batla. Ba bangwe ba ganne go amogela tiro e Bakeresete ba ka se kang ba e dira. Fa dilo tseno tsotlhe di direga, re tlhoka go nna le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa gore o tla re thusa go tlamela malapa a rona ka se a se tlhokang, e leng se Jesu a neng a se bolelela barutwa ba gagwe mo Therong ya Kwa Thabeng. (Bala Mathaio 6:30, 33.) Fa re tlhomamisegile gore Jehofa ga a kitla a re tlogela, re tla kgona go tlhoma mogopolo mo tirelong ya gagwe. Fa re bona kafa a re thusang ka gone ka dilo tse re di tlhokang, re tla atamalana le ene e bile tumelo ya rona e tla nonofa.

4-5. Ini cha ka batsha nsha nngwe ku mililana ne ku sheta kwa bo?

4 Akanya kafa lelapa lengwe la kwa Venezuela le boneng ka gone fa Jehofa a ne a le thusa fa le ne le tshwenyegile ka dilo tse le di tlhokang. BooraCastro ba ne ba na le polasi e ba neng ba itshedisa ka yone. Nako nngwe segongwana se se neng se tshotse ditlhobolo se ne sa ba tseela polasi eo ka dikgoka se bo se ba leleka mo go yone. Rre wa lelapa leo e bong Miguel a re: “Gone jaanong re itshedisa ka go lema mo tshingwaneng e re e adimilweng ke mongwe. Ke simolola letsatsi lengwe le lengwe ka go kopa Jehofa gore a re tlamele ka dilo tse re di tlhokang mo letsatsing leo.” Botshelo ga bo motlhofo mo lelapeng leno, le fa go ntse jalo, ba na le tumelo ya gore Rraarona yo o lorato o tla ba tlamela ka dilo tse ba di tlhokang letsatsi le letsatsi, ka jalo ba nna gone kwa dipokanong le kwa bodireding ka metlha. Ba dira gore go direla Jehofa go tle pele mo botshelong jwa bone e bile Jehofa o ba naya sotlhe se ba se tlhokang.

5 Mo nakong eo e e thata, Miguel le mosadi wa gagwe e bong Yurai ba ne ba tlhoma mogopolo mo tseleng e Jehofa a neng a ba tlhokomela ka yone. Ka dinako dingwe, Jehofa o ile a dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba ba neye dilo tse ba di tlhokang kgotsa ba thuse Miguel go bona tiro. Mme ka dinako tse dingwe Jehofa o ne a dirisa ofisi ya lekala gore e ba thuse ka dilo tse ba di tlhokang. Jehofa ga a ise a ko a ba tlogele. Seo se dirile gore tumelo ya lelapa leno e gole. Fa morwadiabone yo mogolo e bong Yoselin a sena go bua ka tsela e Jehofa a neng a ba thusa ka yone ka lekgetlo lengwe, o ne a re: “Go a kgothatsa go bona kafa Jehofa a ileng a re thusa ka gone. Ke tsala ya me e bile ke a tlhomamisega gore o tla nna a nthusa ka metlha. Mathata a re a itshoketseng re le lelapa a re thusa gore re kgone go ipaakanyetsa diteko tse di masisi tse re tla lebanang le tsone mo nakong e e tlang.”

6. U nga simisa ku galamoyo kuko chini ha wa ka lingisana ne chimo cha ka sima che ikonomi?

6 A ga o na madi a a lekaneng a go reka dilo tse o di tlhokang? Fa e le gore go ntse jalo, botshelo jwa gago bo tshwanetse jwa bo bo le thata. Le fa go ka tswa go le thata jang, o sa ntse o ka dirisa nako eno go nonotsha tumelo ya gago. Rapela, mme o bale mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 6:25-34 o bo o akanye thata ka one. Akanya ka dikai tsa motlha wa gompieno tse di bontshang gore Jehofa o nna a tlamela batho ba ba nnang ba tshwaregile ka dilo tse di direlwang kobamelo ya gagwe. (1 Bakor. 15:58) Fa o dira jalo, o tla tlhatswega pelo gore Jehofa o tla go thusa fela jaaka a ile a thusa batho ba bangwe ba ba ileng ba lebana le mathata a a tshwanang le a gago. O itse se o se tlhokang le gore a ka go naya sone jang. Fa o bona kafa Jehofa a go thusang ka teng gone jaanong, tumelo ya gago e tla nonofa e bile o tla kgona go itshokela diteko tse o tla lebanang le tsone mo nakong e e tlang.—Hab. 3:17, 18.

KU GALAMOYO KU NO MILILANA NE “DUTU GULU”

Tumelo e e nonofileng e ka re thusa gore re itshokele setsuatsue, e ka tswa e le sa mmatota kgotsa diteko tse di tshwanang le setsuatsue (Bona serapa 7-11)

7. Ku yenda na Matewu 8:23-26, “dutu gulu” la ka lika badiyiwana chini?

7 Fa Jesu a ne a tsamaya le barutwa ba gagwe ka mokoro, go ne ga nna le setsuatsue ka tshoganyetso mme Jesu o ne a dirisa tiragalo eo go ba thusa gore ba lemoge gore ba tlhoka go nonotsha tumelo ya bone. (Bala Mathaio 8:23-26.) Setsuatsue seo se ne se le maatla thata jaana mo makhubu a lewatle a neng a dira gore mokoro o tlale metsi, mme Jesu ene o ne a ithobaletse. Barutwa ba gagwe ba ne ba tshogile, ka jalo ba ne ba mo tsosa ba mo kopa gore a ba boloke. Jesu o ne a ba botsa jaana ka bonolo: “Ke ka ntlha yang fa lo tshogile thata jaana, lona ba lo nang le tumelo e potlana?” Barutwa bao ba ka bo ba ile ba lemoga gore Jehofa o ne a ka se ka a palelwa ke go sireletsa Jesu le batho ba ba neng ba na le ene. Re ithuta eng mo go seno? Fa re na le tumelo e e nonofileng, re ka kgona go itshokela “setsuatsue” sa mmatota kgotsa mathata a a tshwanang le setsuatsue.

8-9. Ku galamoyo kwa Anel kwa ka likwa chini, ngono wa ka batshiwa neni?

8 Akanya kafa tumelo ya kgaitsadi mongwe yo o sa nyalwang wa kwa Puerto Rico, yo o bidiwang Anel e neng ya nonofa ka teng ka gonne a ne a itshoketse teko e e boima. Teko ya gagwe e ne e bakilwe ke “setsuatsue” sa mmatota. Ka 2017, setsuatsue se se bidiwang Maria se ne sa senya ntlo ya gagwe, e bile o ne a latlhegelwa ke tiro. Anel a re: “Mo dinakong tseo tse di thata ke ne ke ikutlwa ke tlhobaela, le fa go ntse jalo ke ne ke rapela Jehofa ka gonne ke mo ikanya, e bile ke ne ke sa letle gore go tlhobaela go nthibele go dira dilo tse ke tshwanetseng go di dira.”

9 Anel a re selo se sengwe se se mo thusitseng gore a kgone go itshokela mathata a a neng a lebane le one, ke go nna kutlo. A re: “Go reetsa kaelo ya phuthego ya Modimo go nthusitse gore ke nne ke ritibetse. Jehofa o ne a nthusa a dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba nkgothatse ba bo ba nneye dilo tse ke neng ke di tlhoka. Jehofa o ne a nnaya le dilo tse dingwe gape tse ke neng ke sa di kopa, mme tumelo ya me e ne ya nonofa le go feta.”

10. U nga thamani ha wa ka lingisana ne “dutu gulu”?

10 A o na le mathata mo botshelong? Gongwe o na le mathata a a bakilweng ke masetlapelo a tlholego. Kgotsa gongwe o kgobegile marapo thata ka gonne o lwala e bile o sa itse gore o dire eng. Ka dinako dingwe o ka nna wa ikutlwa o tlhobaela, mme o se ka wa letla seo se dira gore o se ka wa tlhola o ikanya Jehofa. Bua le ene ka thapelo gore o kgone go atamalana le ene. Nonotsha tumelo ya gago ka go akanya ka dinako tse Jehofa a ileng a go thusa ka tsone mo nakong e e fetileng. (Pes. 77:11, 12) O ka tlhomamisega gore le ka motlha ga a kitla a go tlogela.

11. Ini ta ka fanila ku hwa ba ka tungamila mu gubungano?

11 Ke eng gape se se ka re thusang gore re kgone go itshokela diteko? Fela jaaka Anel, re ka thusiwa ke go nna kutlo. Re tshwanetse go tshepa batho ba Jehofa le Jesu ba ba tshepang. Ka dinako dingwe, bakaulengwe ba ba eteletseng pele mo phuthegong ba ka re naya kaelo e re akanyang gore ga e utlwale. Le fa go ntse jalo, Jehofa o segofatsa batho ba ba kutlo. Se se buiwang mo Lefokong la gagwe le se se diragaletseng batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang, se re bontsha gore go nna kutlo go boloka matshelo. (Ekes. 14:1-4; 2 Ditir. 20:17) Akanya thata ka dikai tseo. Fa o dira jalo, o tla ikemisetsa go reetsa kaelo ya phuthego ya ga Jehofa gone jaanong le mo nakong e e tlang. (Baheb. 13:17) Mme ga o kitla o boifa pitlagano e kgolo e e tla tlogang e tla.—Diane 3:25.

KU GALAMOYO KU NO MILILANA NE KU SA BAKHWA ZWIBUYANANA

Fa re nna re rapela, tumelo ya rona e tla nonofa (Bona serapa 12)

12. Likwalo gwa Luka 18:1-8 go chenesa chini ku yendidzana kwe ku galamoyo ne ku mililana ne ku sa bakhwa zwibuyanana?

12 Jesu o ne a itse gore tumelo ya barutwa ba gagwe e ne e tla lekiwa fa ba ne ba direlwa tshiamololo. O ne a ba bolelela setshwantsho se se kwadilweng mo bukeng ya Luke go ba thusa go itshokela tshiamololo eo. Jesu o ne a ba bolelela setshwantsho sa motlholagadi yo o neng a nna a kopa moatlhodi yo o sa siamang gore a mo direle tshiamiso. O ne a tlhatswegile pelo gore o tla mo thusa fa a nna a mo kopa. Kwa bokhutlong, moatlhodi yoo o ne a mo thusa. Re ithuta eng mo go seno? Jehofa o na le tshiamiso. Ka jalo, Jesu o ne a re: “Eleruri, a Modimo le ene ga a kitla a tlhomamisa gore ba a ba tlhophileng ba ba goelang kwa go ene bosigo le motshegare ba direlwa tshiamiso?” (Bala Luke 18:1-8.) Gape Jesu o ne a re: “Fa Morwa motho a goroga, a tota o tla fitlhela tumelo e e ntseng jalo mo lefatsheng?” Fela jaaka motlholagadi yole, fa re direlwa tshiamololo re tshwanetse go bontsha gore re na le tumelo e e nonofileng ka go nna pelotelele le ka go itshoka. Fa re na le tumelo e e ntseng jalo, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re thusa. Gape re tshwanetse go dumela gore thapelo e maatla. Ka dinako dingwe thapelo ya rona e ka arabiwa ka tsela e re neng re sa e akanya.

13. Ntembezelo wa ka batsha chini nsha u ngwe wa ka be u singa bakhwe zwibuyanana?

13 Akanya ka sekai sa kgaitsadi yo o bidiwang Vero, yo o nnang kwa Democratic Republic of the Congo. Vero, monna wa gagwe yo e seng Mosupi le morwadiabone wa dingwaga di le 15, ba ne ba tshwanelwa ke go tshaba fa motse wa bone o ne o tlhaselwa ke masole. Fa ba le mo tseleng ba ne ba kopana le masole a mangwe a a tswetseng tsela, a ne a ba emisa a bo a ba tshosetsa ka gore a tla ba bolaya. Vero o ne a simolola go lela mme morwadie o ne a leka go mo ritibatsa maikutlo ka go rapelela kwa godimo a dirisa leina la ga Jehofa mo thapelong ya gagwe. Fa a fetsa go rapela, molaodi wa masole o ne a mmotsa jaana: “Mosetsanyana, ke mang yo o go rutileng go rapela?” O ne a araba jaana: “Mama ke ene a nthutileng go rapela a dirisa Thapelo ya Morena e e mo go Mathaio 6:9-13.” Molaodi yoo wa masole o ne a mo raya a re: “Mosetsanyana, tsamaya le batsadi ba gago ka kagiso, mme e kete Jehofa Modimo wa lona a ka lo sireletsa!”

14. Ini chi nga lika ku galamoyo kwedu, ngono ini chi nga ti batsha ku mililana nako?

14 Maitemogelo a a tshwanang le ano a re ruta gore re se ka ra lebala gore thapelo e botlhokwa. Mme go tweng fa e le gore thapelo ya gago ga e arabiwe ka yone nako eo kgotsa ka tsela e e tlhomologileng? Fela jaaka motlholagadi yo o mo setshwantshong sa ga Jesu, nna o rapela mme o tlhatswege pelo gore Modimo o tla araba thapelo ya gago ka tsela nngwe le ka nako e e tshwanetseng. Tswelela o rapela Jehofa o mo kopa moya wa gagwe o o boitshepo. (Bafil. 4:13) Gopola gore go ise go ye kae, Jehofa o tla go segofatsa thata mme o tla lebala dilo dipe fela tse di dirileng gore o boge mo nakong e e fetileng. Fa Jehofa a go thusa gore o itshokele diteko gone jaanong, tumelo ya gago e tla nonofa e bile o tla kgona go itshokela diteko tse o tla lebanang le tsone mo nakong e e tlang.—1 Pet. 1:6, 7.

KU GALAMOYO KU NGA KUNDA MATHATHA

15. Se kwa kwa ka kwagwa mu na Matewu 17:19, 20, badiyiwana ba Jeso ba ka lingisisana ne ndiko dzipi?

15 Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe gore tumelo e ne e tla ba thusa go itshokela dikgwetlho. (Bala Mathaio 17:19, 20.) Nako nngwe ba ne ba palelwa ke go leleka ledimona, tota le fa ba ne ba kgonne go leleka madimona mo nakong e e fetileng. Bothata e ne e le eng? Jesu o ne a re ba ne ba tlhoka tumelo e e oketsegileng. O ne a ba bolelela gore fa ba na le tumelo, ba ne ba ka kgona go fenya dikgwetlho tse di lekanang le dithaba. Gompieno, le rona re ka lebana le dikgwetlho tse go ka lebegang go le thata go di fenya.

Re ka tswa re utlwile botlhoko thata, le fa go ntse jalo, tumelo e tla re thusa gore re tswelele re direla Jehofa (Bona serapa 16)

16. Ku galamoyo kwa ka batsha Geydi chini ku lingisana ne mathatha ne buyendasi gu kulu?

16 Akanya ka sekai sa kgaitsadi mongwe wa kwa Guatemala, yo o bidiwang Geydi. Monna wa gagwe e bong Edi, o ne a bolawa fa ba ne ba boela gae ba tswa dipokanong. Tumelo ya ga Geydi e mo thusa jang gore a itshokele kutlobotlhoko eo? A re: “Thapelo e nthusa gore ke kgone go latlhela mokgweleo wa me mo go Jehofa, mme seo se dira gore ke nne le kagiso. Ke kgona go bona tsela e Jehofa a nthusang ka yone a dirisa ba lelapa la me le bakaulengwe le bokgaitsadi. Fa ke nna ke tshwaregile mo tirelong ya ga Jehofa, kutlobotlhoko ya me e a fokotsega e bile seo se nthusa gore ke kgone go fetsa letsatsi ke sa tshwenyege ka gore go tla direga eng kamoso. Se se ntiragaletseng se nthusitse gore ke kgone go lemoga gore le fa nka lebana le teko epe fela mo nakong e e tlang, ke tla kgona go itshoka ka gonne ke thusiwa ke Jehofa, Jesu le phuthego.”

17. Ti nga thamani ha ta ka lingisana ne mathatha makulu?

17 A o hutsafetse ka gonne o tlhokafaletswe ke mongwe yo o mo ratang? Iphe nako ya go nonotsha tumelo ya gago mo tsholofelong ya tsogo ka go bala dipego tse di mo Baebeleng tse di buang ka batho ba ba ileng ba tsosiwa. A o utlwile botlhoko ka gonne mongwe mo lelapeng a kgaotswe? Ithute dikgatiso tse di theilweng mo Lefokong la Modimo gore o kgone go itlhatswa pelo gore ka metlha Jehofa o otlhaya ka tsela e e tshwanetseng. Le fa o ka tswa o lebane le bothata bofe, dirisa bothata joo gore bo go thuse go nonotsha tumelo ya gago. Bolelela Jehofa kafa o ikutlwang ka teng. O se ka wa itlhaola, go na le moo tswelela o atamalane le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago. (Diane 18:1) Dira dilo tse di tla go thusang gore o kgone go itshoka, le fa o lela fa o tshwanelwa ke go di dira. (Pes. 126:5, 6) Tswelela o ya dipokanong, o ya tshimong e bile o bala Baebele. Gape nna o akanya ka dilo tse di molemo tse Jehofa a solofetsang gore o tla go direla tsone mo nakong e e tlang. Fa o bona kafa Jehofa a go thusang ka teng gone jaanong, tumelo ya gago e tla nonofa le go feta.

“MU TI PE KU GALAMOYO KWA KA PAPHIDZIKA”

18. Ha u bona kuti ku galamoyo kuko ko thayela, u nga thamani?

18 Fa e le gore diteko tse o kileng wa lebana le tsone mo nakong e e fetileng kgotsa tse o lebaneng le tsone gone jaanong di bontshitse gore tumelo ya gago ga e a nonofa, o se ka wa kgobega marapo. Leba seo e le tshono ya gore o nonotshe tumelo ya gago. Etsa baaposetoloi ba ga Jesu ba ba neng ba kopa ba re: “Re neye tumelo e e oketsegileng.” (Luke 17:5) Gape akanya ka dikai tsa batho ba re tlotlileng ka bone mo setlhogong seno. Fela jaaka Miguel le Yurai, gopola makgetlo otlhe a Jehofa a neng a go thusa mo go one. Jaaka Anel le morwadia Vero, rapela Jehofa go tswa pelong, segolobogolo fa o lebane le bothata jo bogolo. Mme jaaka Geydi, lemoga gore Jehofa a ka go thusa a dirisa ba lelapa kgotsa bakaulengwe le bokgaitsadi. Letla Jehofa gore a go thuse go itshokela teko e o lebaneng le yone gone jaanong, mme o tla tlhatswega pelo gore o tla go thusa fa o lebane le teko epe fela mo nakong e e tlang.

19. Jeso wa ka be a na ku galamoyo ne kweni, ngono u nga be ne thembo ipi?

19 Jesu o ne a thusa barutwa ba gagwe go lemoga gore ba tlhoka tumelo e e oketsegileng, le fa go ntse jalo, o ne a sa belaele gore Jehofa a ka ba thusa go itshokela diteko mo nakong e e tlang. (Joh. 14:1; 16:33) O ne a tlhomamisegile gore go ne go tla nna le boidiidi jo bogolo jo bo neng bo tla falola pitlagano e kgolo ka gonne bo na le tumelo e e nonofileng. (Tshen. 7:9, 14) A o tla nna mongwe wa bone? Jehofa o tla go thusa gore o nne mongwe wa bone fa o dira sotlhe se o ka se kgonang gone jaanong go nonotsha tumelo ya gago!—Baheb. 10:39.

LUMBO 118 “Re Neye Tumelo e e Oketsegileng”

^ ndi. 5 Re lebile pele gore lefatshe leno le le bosula le fedisiwe. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe re ka nna ra ipotsa gore a re na le tumelo e e nonofileng e e tla re thusang go itshoka go fitlha kwa bokhutlong. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dilo tse di ka re thusang gore tumelo ya rona e nonofe le ka dikai dingwe tse re ka di etsang.