Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 44

Ludo Gwa Jehova Gwe Malebeswa go Dwani mu Kuli?

Ludo Gwa Jehova Gwe Malebeswa go Dwani mu Kuli?

“Ludo gwa [Yahwe] gusingazunguzike gumile nge kusingapele.”—PIS. 136:1.

LUMBO 108 Lorato Lwa Modimo lo lo Ikanyegang

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO *

1. Jehova u no ti simisa ne zila ya ka tini?

LORATO lo lo sa kgaotseng lo botlhokwa thata mo go Jehofa. (Hos. 6:6) O batla gore le rona re lo lebe lo le botlhokwa thata. Modimo o ne a dirisa moporofeti Mika go re rotloetsa gore re “rate lorato lo lo sa kgaotseng.” (Mika 6:8, ntlh.) Mme pele re rata lorato lo lo sa kgaotseng, re tshwanetse go itse gore ke eng.

2. I zwithu zwipi zwingwe zwi no lakidza ludo gwe malebeswa?

2 Lorato lo lo sa kgaotseng ke eng? Mafoko a a reng “lorato lo lo sa kgaotseng” a tlhaga ka makgetlo a ka nna 230 mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha. A kaya eng? Go ya ka “Ditlhaloso Tsa Mafoko A a Mo Baebeleng” tse di fitlhelwang mo Baebeleng eo, “lorato lo lo sa kgaotseng” lo kaya “lorato lo lo tlhotlhelediwang ke go ineela, go ikanyega le go rata mongwe fela thata. A dirisiwa thata fa go tlhalosiwa tsela e Modimo a ratang batho ka yone, mme gape ke lorato lo batho ba ratanang ka lone.” Jehofa o tlhoma sekao se se molemo ka go bontsha lorato lono. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka tsela e Jehofa a bontshang batho lorato lo lo sa kgaotseng ka yone. Mme mo setlhogong se se latelang, re tlile go tlotla ka tsela e rona batlhanka ba Modimo re ka mo etsang ka yone ka go bontshana lorato lo lo sa kgaotseng.

JEHOVA U NA “LUDO GU NJINJI GWE MALEBESWA”

3. Jehova wa ka zwizibisa Mozisi chini?

3 Nakwana fela morago ga gore Baiseraele ba tswe kwa Egepeto, Jehofa o ne a bolelela Moshe sengwe ka leina la Gagwe le ka dinonofo tsa Gagwe. O ne a re: “Ke nna Jehofa, ke nna Jehofa, Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelotlhomogi, yo o sa galefeng ka bonako le yo o nang le lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng, yo o bontshang dikokomana di le dikete lorato lo lo sa kgaotseng, yo o itshwarelang phoso le molato le boleo.” (Ekes. 34:6, 7) Jehofa o ne a dirisa mafoko ao go bolelela Moshe selo sa botlhokwa ka lorato lwa Gagwe lo lo sa kgaotseng. Selo seo ke eng?

4-5. (a) Jehova wa ka zwichenesa chini? (b) Towo dabila buzo dzipi?

4 Fa Jehofa a itlhalosa, ga a re o na le lorato lo lo sa kgaotseng, go na le moo a re o na le “lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng.” Tlhaloso eo e tlhaga ka makgetlo a mangwe a le marataro mo Baebeleng. (Dipa. 14:18; Neh. 9:17; Pes. 86:15; 103:8; Joele 2:13; Jona 4:2) Mo makgetlong ao otlhe, tlhaloso eo e dirisiwa fa go buiwa ka Jehofa fela, e seng fa go buiwa ka batho. Ruri go a kgatlha go bo Jehofa e le ene a tlhalosang nonofo ya gagwe ya lorato lo lo sa kgaotseng ka makgetlo a le mantsi jaana mo Baebeleng! Ga go pelaelo gore lorato lo lo sa kgaotseng lo botlhokwa thata mo go ene. * Ke sone se Kgosi Dafide a neng a re: “Jehofa, lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng lo fitlha kwa magodimong, . . . Modimo, ruri lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng lo tlhwatlhwakgolo! Bomorwa batho ba tshabela mo moriting wa diphuka tsa gago.” (Pes. 36:5, 7) A le rona re anaanela lorato lo lo sa kgaotseng lwa Modimo fela jaaka Dafide?

5 Gore re tlhaloganye lorato lo lo sa kgaotseng botoka, a re arabeng dipotso tseno tse pedi: Jehofa o bontsha bomang lorato lo lo sa kgaotseng? Mme tsela e Jehofa a re bontshang lorato lo lo sa kgaotseng ka yone e re solegela molemo jang?

JEHOVA U NO LAKIDZA BOYANI LUDO GWE MALEBESWA?

6. Jehova u no lakidza boyani ludo gwe malebeswa?

6 Jehofa o bontsha bomang lorato lo lo sa kgaotseng? Baebele e a re batho ba ka rata dilo di le dintsi tse di jaaka “temothuo,” “beine le leokwane,” “kgalemelo,” “kitso” le “botlhale.” (2 Ditir. 26:10; Diane 12:1; 21:17; 29:3) Le fa go ntse jalo, lorato lo lo sa kgaotseng lone ga lo bontshiwe dilo, go na le moo lo bontshiwa batho fela. Mme gone, Jehofa ga a bontshe mongwe le mongwe lorato lo lo sa kgaotseng. O lo bontsha fela ba ba atamalaneng thata le ene. Modimo wa rona o ikanyega mo bathong ba e leng ditsala tsa gagwe. Ka jalo, o ikaeletse go ba direla dilo tse di molemo, e bile ga a ka ke a kgaotsa go ba rata.

Jehofa o naya batho botlhe dilo tse dintsi tse di molemo, tota le ba ba sa mo obameleng (Bona serapa 7) *

7. Jehova u no lakidza bathu bose ludo chini?

7 Jehofa o bontshitse batho botlhe gore o a ba rata. Jesu o ne a bolelela monna yo o bidiwang Nikodemo a re: “Modimo o ratile lefatshe [kgotsa batho] thata mo a ileng a ntsha Morwawe yo o tshotsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”—Joh. 3:1, 16; Math. 5:44, 45.

Go ya ka mafoko a ga Kgosi Dafide le a ga moporofeti Daniele, Jehofa o bontsha batho ba ba mo itseng, ba ba mmoifang, ba ba mo ratang le ba ba bolokang ditaelo tsa gagwe lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng (Bona serapa 8-9)

8-9. (a) Ini Jehova e lakidza balanda babe ludo gwe malebeswa? (b) Towo zwidiya ne kweni?

8 Jaaka re bone pelenyana, Jehofa o bontsha fela batlhanka ba gagwe ba ba atamalaneng le ene lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng. Re bona bosupi jwa seno mo mafokong a ga Kgosi Dafide le a ga moporofeti Daniele. Ka sekai, Dafide o ne a re: “Tswelela o bontsha ba ba go itseng lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng.” “Lorato lwa ga Jehofa lo lo sa kgaotseng ke lwa bosakhutleng mo go ba ba mmoifang.” Daniele le ene o ne a re: “Ao tlhe Jehofa, [o] Modimo wa boammaaruri, . . . yo o bontshang ba ba mo ratang le ba ba bolokang ditaelo tsa gagwe lorato lo lo sa kgaotseng.” (Pes. 36:10; 103:17; Dan. 9:4) Go ya ka mafoko ano, Jehofa o bontsha batlhanka ba gagwe lorato lo lo sa kgaotseng ka gonne ba mo itse, ba mmoifa, ba mo rata e bile ba boloka ditaelo tsa gagwe. Jehofa o bontsha fela batho ba ba mo obamelang ka tsela e a e batlang lorato lo lo sa kgaotseng.

9 Pele re simolola go direla Jehofa, le rona o ne a re bontsha gore o a re rata jaaka a rata batho ba bangwe botlhe. (Pes. 104:14) Le fa go ntse jalo, mo godimo ga lorato loo, o re bontsha le lorato lo lo sa kgaotseng ka gonne re mo obamela. Tota e bile, Jehofa o tlhomamisetsa batlhanka ba gagwe jaana: “Lorato lwa me lo lo sa kgaotseng ga lo kitla lo tlosiwa mo go wena.” (Isa. 54:10) Fela jaaka Dafide a ile a lemoga, “Jehofa o tla tshwara motho wa gagwe yo o ikanyegang ka tsela e e kgethegileng.” (Pes. 4:3) Seno se tshwanetse go re tlhotlheletsa gore re dire eng? Mopesalema o ne a re: “Ope fela yo o botlhale o tla ela dilo tseno tlhoko e bile o tla sekaseka ka kelotlhoko ditiro tsa ga Jehofa tsa lorato lo lo sa kgaotseng.” (Pes. 107:43) Re ntse re akantse ka kgakololo eo, a re tlotle ka ditsela tse tharo tse batlhanka ba ga Jehofa ba solegelwang molemo ke lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng ka tsone.

TI NGA BONA MBAYILO CHINI MU LUDO GWA JEHOVA GWE MALEBESWA?

Jehofa o direla batho ba ba mo obamelang dilo tse dingwe tse di molemo (Bona serapa 10-16) *

10. Ludo gwe Ndzimu gwe malebeswa go ti batsha chini? (Pisalema 31:7)

10 Lorato lo lo sa kgaotseng lwa Modimo lo nnela ruri. Lorato lono lo umakiwa ka makgetlo a le 26 mo go Pesalema 136. Temana ya ntlha e a re: “Ntshetsang Jehofa ditebogo, ka gonne o molemo; lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri.” (Pes. 136:1) Go simolola ka temana 2 go fitlha ka temana 26, temana nngwe le nngwe e na le mafoko a a reng “gonne lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri.” Fa re bala pesalema eno re kgona go bona ditsela tse dintsi tse Jehofa a bontshang lorato lono ka tsone a sa kgaotse. Mafoko a a boaboelediwang a a reng “gonne lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri” a re tlhomamisetsa gore tsela e Jehofa a ratang batlhanka ba gagwe ka yone ga e fetoge. Go kgothatsa tota go itse gore Jehofa ga a itlhaganelele go kgaotsa go rata batlhanka ba gagwe! Go na le moo, fa a rata motho yo o mo direlang ga a mo tlogele, segolobogolo ka dinako tsa matshwenyego. Tsela e re solegelwang molemo ka yone: Go itse gore Jehofa a ka se re tlogele, go dira gore re itumele e bile go re naya maatla a re a tlhokang gore re itshokele matshwenyego re bo re tswelele re mo direla.—Bala Pesalema 31:7.

11. Ku yenda ne Pisalema 86:5, ini chi no sundidzila Jehova ku zwibatigwa?

11 Lorato lo lo sa kgaotseng lwa Modimo lo mo tlhotlheletsa gore a itshwarele batho. Fa Jehofa a bona moleofi yo o ikwatlhayang a tlogela tsela e a neng a tshela ka yone, lorato lo lo sa kgaotseng lo mo tlhotlheletsa gore a mo itshwarele. Mopesalema Dafide o ne a bua jaana ka Jehofa: “Ga a dirisana le rona go ya ka maleo a rona, e bile ga a re duela ka se se tshwanelang melato ya rona.” (Pes. 103:8-11) Dafide o ne a itse gore fa motho a ipona molato e bile a hutsafetse, segakolodi sa gagwe se ka mo tshwenya. Le fa go ntse jalo, o ne a itse gore Jehofa o “ikemiseditse go itshwarela.” Ke eng se se tlhotlheletsang Jehofa gore a itshwarele? Karabo ya potso eo e mo go Pesalema 86:5. (E bale.) Fela jaaka Dafide a buile mo thapelong, Jehofa o a itshwarela ka gonne o bontsha ba ba goelang kwa go ene lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng.

12-13. Ha ti zwibona nlandu mu na cha ta ka thama mu zwibaka zwa ka pinda, ti nga batshiwa neni?

12 Fa re leofile, go tla bo go tshwanela e bile go le molemo gore re swabele se re se dirileng. Seo se ka re thusa gore re kope maitshwarelo, mme re fetole tsela e re neng re tshela ka yone. Le fa go ntse jalo, bangwe ba batlhanka ba Modimo, ba nna ba tlhorontshiwa ke go ikutlwa molato ka ntlha ya diphoso tse ba di dirileng mo nakong e e fetileng. Ba akanya gore Jehofa ga a kitla a ba itshwarela, tota le fa ba kopile maitshwarelo e bile ba tlogetse dilo tse di sa siamang tse ba neng ba di dira. Fa e le gore o ikutlwa jalo, go tlhaloganya gore Jehofa o batla go go bontsha lorato lo lo sa kgaotseng go tla go thusa.

13 Tsela e re solegelwang molemo ka yone: Le fa re na le makoa, re ka itumelela go direla Jehofa ka segakolodi se se phepa. Seno se a kgonega ka gonne “madi a ga Morwawe e bong Jesu a re phepafatsa mo boleong bongwe le bongwe.” (1 Joh. 1:7) Fa o kgobegile marapo ka ntlha ya phoso e o e dirileng, gakologelwa gore Jehofa o ikemiseditse go itshwarela moleofi yo o ikwatlhayang e bile o batla go dira jalo. Ela tlhoko kafa Dafide a amanyang lorato lo lo sa kgaotseng le go itshwarela ka gone. O ne a re: “Fela jaaka magodimo a le kwa godimo go feta lefatshe, lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng le lone lo logolo mo go ba ba mmoifang. Fela jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi, o beile maleo a rona kgakala le rona fela jalo.” (Pes. 103:11, 12) Ruri Jehofa o ikemiseditse go “itshwarela ka bopelotshweu.”—Isa. 55:7.

14. Dafite wa ka lakidza chini se kwa ludo gwe Ndzimu gu ti bakilila?

14 Lorato lo lo sa kgaotseng lwa Modimo lo sireletsa kamano ya rona le ene. Dafide o ne a rapela jaana: “O lefelo la me la go iphitlha; o tla ntshireletsa fa ke le mo matshwenyegong. O tla dira gore ke eme mo bathong ba ba goang ka boitumelo fa o nkgolola. . . . Yo o ikanyang Jehofa o sireleditswe ke lorato lwa Gagwe lo lo sa kgaotseng.” (Pes. 32:7, 10) Fela jaaka dipota di ne di sireletsa motse wa bogologolo le batho ba ba nnang mo go one, lorato lo lo sa kgaotseng lwa ga Jehofa, lo re sireletsa mo go sengwe le sengwe fela se se ka senyang kamano ya rona le ene. Mo godimo ga moo, lorato loo lo tlhotlheletsa Jehofa gore a re gogele kwa go ene.—Jer. 31:3.

15. Ludo gwa Jehova gwe malebeswa go yendidzana chini ne ku bakiligwa kwa ka sima?

15 Dafide o ne a dirisa setshwantsho se sengwe go tlhalosa tsela e Modimo a sireletsang batho ba gagwe ka yone. O ne a re: “Modimo ke lefelo la me la botshabelo le le sireletsegileng, Modimo yo o mpontshang lorato lo lo sa kgaotseng.” Gape Dafide o ne a bua jaana ka ga Jehofa: “Ke ene lorato lwa me lo lo sa kgaotseng le kago ya me e e thata, lefelo la me la botshabelo le le sireletsegileng le mofalotsi wa me, thebe ya me le Yo ke tshabetseng mo go ene.” (Pes. 59:17; 144:2) Goreng Dafide a ne a tshwantsha lorato lo lo sa kgaotseng lwa ga Jehofa le lefelo la botshabelo le kago e e thata? Go sa kgathalesege gore re nna kae, fa fela re le batlhanka ba ga Jehofa, o tla re naya sengwe le sengwe se re se tlhokang go sireletsa kamano ya rona le ene. Pesalema 91 le yone e re tlhomamisetsa seo. Mokwadi wa pesalema eo o ne a re: “Ke tla raya Jehofa ke re: ‘O botshabelo jwa me le kago ya me e e thata.’” (Pes. 91:1-3, 9, 14) Moshe le ene o ne a tshwantsha Jehofa le botshabelo. (Pes. 90:1) Mo godimo ga moo, pele Moshe a tlhokafala, o ne a umaka setshwantsho se sengwe gape. O ne a re: “Modimo ke botshabelo go tswa metlheng ya bogologolo, mabogo a gagwe a a nnang ka bosakhutleng a ka fa tlase ga gago.” (Dute. 33:27) Mafoko a a reng “mabogo a gagwe a a nnang ka bosakhutleng a ka fa tlase ga gago” a re bolelela eng ka Jehofa?

16. To kombolegwa ne zila dzipi mbili? (Pisalema 136:23)

16 Re ikutlwa re sireletsegile fa Jehofa e le lefelo la rona la Botshabelo. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe re kgobega marapo e bile re felelwa ke tsholofelo. Jehofa o tla go thusa jang fa o ikutlwa jalo? (Bala Pesalema 136:23.) O tla baya mabogo a gagwe ka fa tlase ga gago a bo a go tsholotse, a go thuse gore o se ka wa tlhola o ikutlwa o kgobegile marapo. (Pes. 28:9; 94:18) Tsela e re solegelwang molemo ka yone: Go itse gore ka metlha Modimo o re ema nôkeng, go tla re gopotsa ditsela tse pedi tse a re segofatsang ka tsone. Ya ntlha, re a itse gore ka metlha Jehofa o tla re sireletsa go sa kgathalesege gore re nna kae. Ya bobedi, Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong o amega ka rona.

MABAKA E KU BE LUDO GWE NDZIMU GWE MALEBESWA GU TI SIMISA

17. Ti nga simisiwa chini ne ludo gwe Ndzimu gwe malebeswa? (Pisalema 33:18-22)

17 Jaaka re bone, fa re lebana le diteko re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re thusa gore re tswelele re ikanyega mo go ene. (2 Bakor. 4:7-9) Moporofeti Jeremia o ne a re: “Ke ka ntlha ya lorato lwa ga Jehofa lo lo sa kgaotseng go bo re sa fela, gonne mautlwelobotlhoko a gagwe ga a ke a fela.” (Dikhu. 3:22) Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla nna a re bontsha lorato lo lo sa kgaotseng ka gonne Baebele e a re “leitlho la ga Jehofa le lebile ba ba mmoifang, ba ba letetseng lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng.”—Bala Pesalema 33:18-22.

18-19. (a) Ini cha ta ka fanila gala ta ka kumbula? (b) Towo zwidiyani mu chidiyo chi no tobela?

18 Ke eng se re batlang go nna re se gopola? Pele re simolola go direla Jehofa, o ne a re rata jaaka a rata batho botlhe. Le fa go ntse jalo e re ka gone jaanong re le batlhanka ba gagwe, gape o re bontsha le lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng. Jehofa o tlhotlhelediwa ke lorato loo go re tlamparela ka mabogo a gagwe a a sireletsang. O tla dira gore re nne re atamalane le ene ka metlha e bile o tla diragatsa se a se ikaeletseng ka rona. O batla gore re atlege! (Pes. 46:1, 2, 7) Ka jalo, go sa kgathalesege gore re lebana le diteko dife, Jehofa o tla re naya maatla a re a tlhokang gore re nne re ikanyega mo go ene.

19 Re bone kafa Jehofa a bontshang batlhanka ba gagwe lorato lo lo sa kgaotseng ka gone. Mme o lebeletse gore le rona re bontshane lorato lo lo sa kgaotseng. Re ka dira seo jang? Setlhogo se se latelang se tlile go tlotla ka ntlha eno ya botlhokwa.

LUMBO 136 Tuelo e e Tswang Kwa go Jehofa

^ ndi. 5 Lorato lo lo sa kgaotseng ke eng? Jehofa o bontsha bomang lorato lo lo sa kgaotseng, mme lo ba solegela molemo jang? Re tlile go araba dipotso tseno mo ditlhogong tse pedi tsa ntlha tse di tla tlotlang ka nonofo eno e e kgatlhang.

^ ndi. 4 Go na le ditemana tse dingwe tsa Baebele tse mo go tsone batho ba umakang gore Modimo o na le lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng.—Bona Nehemia 13:22; Pesalema 69:13; 106:7; le Dikhutsafalo 3:32.

^ ndi. 54 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Jehofa o bontsha batho botlhe lorato go akaretsa le batlhanka ba gagwe. Ditshwantsho tse di kgolokwe di bontsha ditsela tse Modimo a bontshang lorato ka tsone. Tsela ya botlhokwa thata e a re bontshitseng lorato ka yone, ke ka go re naya Morwawe e bong Jesu gore a re swele.

^ ndi. 62 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Fa batho ba direla Jehofa e bile ba nna le tumelo mo thekololong, Jehofa o ba bontsha lorato ka tsela e e kgethegileng. Modimo o rata batlhanka ba gagwe jaaka a rata batho botlhe, mme gape o ba bontsha lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng. Ditshwantsho tse di kgolokwe di re bontsha ditsela tse dingwe tse Jehofa a re bontshang lorato lo lo sa kgaotseng ka tsone.