NSHOLO WE ZWIDIYO 46
Se Kwa Jehova e ti Batsha ku Dzikitadza ta ka Shatha
“Ndizo Yahwe bakalindila kumuhwila ngoni, ndizo wali banowomilika kumuhwila ngoni.”—IZA. 30:18.
LUMBO 3 Tshepo, Tsholofelo le Maatla a Rona
CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO a
1-2. (a) Towo dabila buzo dzipi? (b) Ini chi no lakidza kuti Jehova u no shaka ku ti batsha?
JEHOFA a ka re thusa gore re kgone go itshokela mathata a re nang le one le gore re itumele fa re mo direla. O re thusa jang? Re ka dira eng gore re solegelwe molemo ka botlalo ke thuso e Jehofa a re nayang yone? Dipotso tseno di tlile go arabiwa mo setlhogong seno. Le fa go ntse jalo, pele re di araba a re tlotleng ka karabo ya potso e e tsamaisanang le dipotso tseo e e reng: A tota Jehofa o batla go re thusa?
2 Lefoko le moaposetoloi Paulo a le dirisitseng fa a ne a kwalela Bahebera lekwalo, le ka re thusa go bona karabo. Paulo o ne a kwala jaana: “Jehofa ke mothusi wa me; ga nkitla ke boifa. Motho a ka ntira eng?” (Baheb. 13:6) Dibuka dingwe tsa ditshupiso tsa Baebele di tlhalosa gore mo temaneng eno, lefoko “mothusi” le kaya motho yo o itlhaganelelang go thusa mongwe yo o kopang thuso. Leka go akanya Jehofa a itlhaganelela go thusa mongwe yo o mo mathateng. Ga go pelaelo gore tsela eno e Jehofa a tlhalosiwang ka yone e bontsha gore o ikemiseditse go re thusa e bile o batla go dira jalo. Fa Jehofa a re thusa, re ka kgona go itshokela diteko re itumetse.
3. I zila dzipi thatu dza ti no batshiwa nadzo na Jehova ku mililana ne dzindiko ta ka shatha?
3 Ke dilo dife tse Jehofa a re thusang ka tsone gore re kgone go itshokela diteko re itumetse? Re ka bona karabo ka go bala karolo nngwe mo bukeng ya Isaia. Goreng re rialo? Ka gonne boporofeti jo bontsi jo Jehofa a bo senoletseng Isaia, bo ama batlhanka ba Modimo gompieno. E bile ka makgetlo a le mantsi, Isaia o tlhalosa Jehofa a dirisa mafoko a re kgonang go a tlhaloganya motlhofo. Re ka bona sekai sa kgang eno mo go Isaia kgaolo 30. Mo kgaolong eo, Isaia o dirisa ditshwantsho tse di kgatlhang go tlhalosa kafa Jehofa a thusang batho ba gagwe ka gone. O ne a kwala gore Jehofa o re thusa (1) ka go re reetsa ka tlhoafalo fa re rapela le go araba dithapelo tsa rona, (2) ka go re kaela, le (3) ka go re naya se re se tlhokang gone jaanong le mo nakong e e tlang. Re tlile go tlotla ka dilo tseno tse tharo tse Jehofa a re thusang ka tsone.
JEHOVA U NO TI TEEDZA
4. (a) Jehova wa ka chenesa chini bathu ba ka be be chila mu chibaka cha Izaya, ngono wa ka pelela e dumililani? (b) Jehova wa ka thembesani bathu ba ka be be thembeka mu nli? (Izaya 30:18, 19)
4 Mo mafokong a a simololang a Isaia kgaolo 30, Jehofa o tlhalosa Bajuda e le “barwa ba ba tlhogoethata” ba ba ‘oketsang boleo ka boleo.’ O tswelela ka go re: “Ke batlhanogi, . . . ba ba sa batleng go utlwa molao wa ga Jehofa.” (Isa. 30:1, 9) E re ka batho bano ba ne ba gana go reetsa, Isaia o ne a bolelela pele gore Jehofa o ne a tla ba letla gore ba tsene mo mathateng. (Isa. 30:5, 17; Jer. 25:8-11) Seo se ne sa direga fa ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Babelona. Le fa go ntse jalo, mo Bajudeng bao go na le bangwe ba ba neng ba ikanyega e bile Isaia o ne a ba bolelela molaetsa wa tsholofelo. O ne a ba bolelela gore letsatsi lengwe Jehofa o ne a tla ba letla gore ba boele kwa Jerusalema le gore ba nne gone gape. (Bala Isaia 30:18, 19.) Mme seo se ile sa direga. Jehofa o ile a ba golola kwa Babelona. Le fa go ntse jalo, go ne ga feta dingwaga di le dintsi pele Jehofa a ba golola. Mafoko a a reng, “Jehofa o letile ka bopelotelele gore a lo tlhomogele pelo,” a bontsha gore go ne go tla feta lobaka lo loleele pele a golola ba ba ikanyegang. Tota e bile, Baiseraele ba ne ba fetsa dingwaga di le 70 ba le kwa botshwarwa kwa Babelona pele masalela a bone a letlelelwa go boela kwa Jerusalema. (Isa. 10:21; Jer. 29:10) Fa Baiseraele ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Babelona ba ne ba lela ka gonne ba utlwile botlhoko thata, mme fa ba boela kwa nageng ya bone ba ne ba lela ka gonne ba itumetse thata.
5. Izaya 30:19 i no ti thembesani?
5 Gompieno re ka kgothadiwa ke mafoko ano a a reng: “Ruri o tla lo tlhomogela pelo fa a utlwa modumo wa selelo sa lona sa go kopa thuso.” (Isa. 30:19) Isaia o re netefaletsa gore Jehofa o tla reetsa ka tlhoafalo fa re goela kwa go Ene, e bile o tla araba ka bonako fa re mo rapela ka tlhoafalo. O oketsa ka go re: “Fela fa a o utlwa, o tla lo araba.” Mafoko ano a re gopotsa gore Rraarona o ikemiseditse e bile o batla go thusa ba ba goelang kwa go ene ba kopa thuso. Go itse seo go re thusa gore re itshoke re itumetse.
6. Matama a Izaya a no lakidza chini kuti Jehova u no teedza mitembezelo ye balanda babe?
6 Ke eng gape se temana eo e re netefaletsang sone ka dithapelo tsa rona? Fa mongwe le mongwe wa rona a rapela, Jehofa o mo reetsa ka tlhoafalo. Goreng re rialo? Ka puo ya ntlhantlha mo karolong e e simololang ya Isaia kgaolo 30, leemedi “lo,” le mo bontsing ka gonne Jehofa o ne a bua le batho ba gagwe botlhe. Le fa go ntse jalo, mo go temana 19 leemedi “lo,” le mo bongweng ka gonne Jehofa o ne a bua le motho a le mongwe. Isaia a re: “Le ka motlha ga lo [go buiwa ka motho a le mongwe] kitla lo lela”; “ruri o tla lo [go buiwa ka motho a le mongwe] tlhomogela pelo, o tla lo [go buiwa ka motho a le mongwe] araba.” E re ka Jehofa e le Rre yo o lorato, ga a reye morwawe kgotsa morwadie yo o kgobegileng marapo a re: “O tshwanetse go itshoka jaaka morwarrago kgotsa morwadiarrago.” Go na le moo, o a re tlhokomela e bile o reetsa dithapelo tsa rona.—Pes. 116:1; Isa. 57:15.
7. Izaya na Jesu ba no lakidza chini kuti ta ka fanila tembezela mu zwibaka zose?
7 Fa re rapela Jehofa re mmolelela sengwe se se re tshwenyang, a ka nna a re naya maatla a gore re kgone go itshokela boemo joo. Mme fa teko e re lebanang le yone e tsaya lobaka lo loleele, re ka nna ra tshwanelwa ke go kopa Jehofa ka makgetlo a mantsi gore a re thuse go itshoka. O re kopa gore re dire jalo. Re bona seno mo mafokong ano a ga Isaia a a reng: “Lo se ka lwa . . . letla [Jehofa] a ikhutsa.” (Isa. 62:7) Mafoko ano a kaya eng? Re tshwanetse go rapela Jehofa gangwe le gape mo go ka nnang jaaka e kete ga re mo letle gore a ikhutse. Mafoko a ga Isaia a re gopotsa ditshwantsho tsa ga Jesu tse di tlhalosang botlhokwa jwa thapelo, tse di mo go Luke 11:8-10 le 13. Mo ditshwantshong tseo, Jesu o ne a re kgothaletsa gore re rapele re sa “ineele” le gore re ‘nne re kopa’ moya o o boitshepo. Gape re ka kopa Jehofa gore a re kaele gore re dire ditshwetso tse di siameng.
JEHOVA U NO TI TUNGAMILA
8. Matama a Izaya 30:20, 21 a ka shingikadziwa chini mu misi ya ntolo?
8 Bala Isaia 30:20, 21. Fa masole a Bababelona a ne a dikaganyeditse Jerusalema ka lobaka lwa ngwaga le halofo, batho ba ne ba nna le matshwenyego a mantsi e bile a ne a tlwaelegile jaaka dijo le metsi. Le fa go ntse jalo, go ya ka temana 20 le 21 Jehofa o ne a solofetsa Bajuda gore fa ba ne ba ka ikwatlhaya ba bo ba tlogela tsela e ba neng ba itshwara ka yone, o ne a tla ba falotsa. Fa Isaia a ne a bitsa Jehofa “Motlhatlheledi [wa bone] yo Mogolo,” o ne a solofetsa batho gore Jehofa o ne a tla ba ruta gore ba mo obamele jang ka tsela e a e amogelang. Mafoko ao a ne a diragadiwa fa Bajuda ba ne ba gololwa kwa botshwarwa. Jehofa o ne a bontsha gore ke Motlhatlheledi wa bone yo Mogolo e bile ba ne ba atlega go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri ka gonne a ne a ba kaela. Le rona gompieno re itumelela gore Jehofa ke Motlhatlheledi wa rona yo Mogolo.
9. I zila ipi ingwe ya ti no tungamigwa na Jehova ngwenu?
9 Mo ditemaneng tseno, Isaia a re re tshwana le baithuti ba ba rutiwang ke Jehofa ka ditsela di le pedi. Ya ntlha, Isaia a re: “Lo tla bona Motlhatlheledi wa lona yo Mogolo ka matlho a lona.” Mo setshwantshong seno, Isaia a re Motlhatlheledi o eme fa pele ga baithuti. Ke tshiamelo tota go bo re rutiwa ke Modimo gompieno! Jehofa o re ruta jang? O dira jalo ka phuthego ya gagwe. Ruri re leboga fela thata go bo phuthego ya ga Jehofa e re naya kaelo e e utlwalang! Thuto e re e newang kwa dipokanong le kwa dikopanong tse dikgolo le tse dinnye mmogo le mo dikgatisong, mo dithulaganyong tsa JW Broadcasting® le ka ditsela tse dingwe tse dintsi, e re thusa gore re itshoke re itumetse ka dinako tsa mathata.
10. To hwa “hwi shule [kwedu]” ne zila ipi?
10 Isaia o re bolelela tsela ya bobedi e Jehofa a re rutang ka yone fa a re: “Ditsebe tsa lona di tla utlwa lentswe kwa morago ga lona.” Moporofeti yono a re Jehofa o tshwana le morutisi yo o kelotlhoko yo o tsamayang ka fa morago ga baithuti a ba bolelela gore ba tseye tsela efe. Gompieno re utlwa lentswe la Modimo kwa morago ga rona. Seo se direga jang? Mafoko a Modimo a ne a kwalwa mo Baebeleng lobaka lo loleele pele re tsholwa. Ka jalo fa re bala Baebele, go nna jaaka e kete re utlwa lentswe la Modimo kwa morago ga rona.—Isa. 51:4.
11. Kuti ti dzikitadze ta ka shatha, ta ka fanila thamani, ngono ne ku tini?
11 Re ka solegelwa molemo jang ke kaelo e Jehofa a re nayang yone a dirisa phuthego ya gagwe le Lefoko la gagwe? Ela tlhoko gore Isaia o ne a bua ka dilo di le pedi. Sa ntlha o ne a re, “tsela ke e.” Sa bobedi o ne a re, “tsamayang ka yone.” (Isa. 30:21) Ga go a lekana go itse “tsela” e re tshwanetseng go tsamaya mo go yone. Re tshwanetse go “tsamaya ka yone.” Jehofa o dirisa Lefoko la gagwe le ditlhaloso tse phuthego ya gagwe e re nayang tsone go re ruta gore o batla gore re dire eng. Gape re ithuta gore re ka dirisa jang se re se ithutang. Gore re kgone go itshoka re itumetse fa re ntse re direla Jehofa, re tshwanetse go dira dilo tseo tse pedi. Fa re dira jalo, re ka tlhatswega pelo gore Jehofa o tla re segofatsa.
JEHOVA U NO TI KOMBOLELA
12. Ku yenda na Izaya 30:23-26, Jehova wa ka be a wo kombolela bathu babe chini?
12 Bala Isaia 30:23-26. Boporofeti jono bo ne jwa diragadiwa jang mo Bajudeng ba ba neng ba boela kwa Iseraele ba tswa kwa botshwarwa kwa Babelona? Jehofa o ne a ba naya dilo tse dintsi tse di neng di ba thusa gore ba kgone go tshela le gore ba tswelele ba mo direla. Jehofa o ne a segofatsa batho ba gagwe ka go ba naya dijo tse dintsi. Le fa go ntse jalo, selo sa botlhokwa thata ke gore o ne a ba naya dilo tse ba neng ba di tlhoka le gore ba simolole go mo obamela gape ka tsela e a e amogelang. Ka nako eo, Modimo o ne a ise a ko a neye batho ba gagwe dilo tse dintsi tse di molemo jalo. Jaaka re bona mo go temana 26, Jehofa o ne a ba naya lesedi le le oketsegileng ka go ba thusa gore ba tlhaloganye Lefoko la gagwe. (Isa. 60:2) Masego a Jehofa a a nayang batlhanka ba gagwe, a ba thusa gore ba tswelele ba mo direla ba itumetse e bile ba na le maatla “ka ntlha ya dipelo tse di itumetseng.”—Isa. 65:14.
13. Buporofiti gwa ka be gu leba ne ku baakanyiwa kwe zwa ka chinyika gwa ka shingikadziwa chini mu mazhuba a ngwenu?
13 A boporofeti jwa go tsosolosiwa ga kobamelo ya boammaaruri bo a re ama? Ee. Bo re ama jang? Fa e sa le ka 1919 C.E., batho ba le bantsi e ne e sa tlhole e le makgoba a Babelona yo Mogolo, e leng mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. Ba kaetswe gore ba tsene mo lefatsheng le le botoka go gaisa Lefatshe le le Solofeditsweng la Baiseraele. Ba bontshitswe paradaise ya tshwantshetso. (Isa. 51:3; 66:8) Paradaise eo ya tshwantshetso ke eng?
14. Paradaisi ye chimeya ini, ngono ba no gala mu ili ngwenu ndi boyani? (Bona Tlhaloso.)
14 Fa e sa le ka 1919 C.E., batlodiwa ba itumelela go nna mo paradaiseng ya tshwantshetso. b Ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng, e leng ba “dinku tse dingwe,” le bone ba nna mo paradaiseng eo e bile ba itumeletse masego a mantsi a Jehofa a ba nayang one.—Joh. 10:16; Isa. 25:6; 65:13.
15. Paradaisi ye chimeya i ngayi?
15 Paradaise ya tshwantshetso e kwa kae? Batho ba ba obamelang Jehofa ba nna mo lefatsheng lotlhe. Ka jalo, paradaise ya tshwantshetso e ba nnang mo go yone e mo lefatsheng lotlhe. Go sa kgathalesege gore re nna kae, re ka kgona go nna karolo ya paradaise ya tshwantshetso fa fela re ema kobamelo ya boammaaruri nôkeng.
16. Ti nga dwilila ti bona paradise ye chimeya chini?
16 E le gore re nne re le mo paradaiseng ya tshwantshetso re tshwanetse go tswelela re lebogela phuthego ya ga Jehofa e e mo lefatsheng lotlhe. Re ka dira seo jang? Ka go tlhoma mogopolo mo dilong tse di molemo tse bakaulengwe le bokgaitsadi ba di dirang, e seng mo diphosong kgotsa mo makoeng a bone. (Joh. 17:20, 21) Goreng seo se le botlhokwa thata jaana? Akanya ka setshwantsho seno. Fa re ya phakeng, re solofetse go bona ditlhare tse dintle tse di farologaneng. Ka tsela e e tshwanang, paradaise ya tshwantshetso e e mo diphuthegong e kgabisitswe ka batho ba ba sa tshwaneng ba ba ka tshwantshiwang le ditlhare tseo. (Isa. 44:4; 61:3) Re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang gore re tlhome mogopolo mo bontleng jwa ditlhare tsotlhe tse di mo phakeng, e seng mo ditlhareng tse di rileng fela tse di leng gaufi le rona. Ga re ka ke ra letla gore makoa a rona kgotsa a batho ba bangwe mo phuthegong a re thibele go bona bontle jwa phuthego ya ga Jehofa e e mo lefatsheng lotlhe.
17. Nngwe ne nngwe wedu u nga thama chini kuti ku be ne mbakiso mu gubungano?
17 Re ka dira eng gore phuthego e tswelele e le seoposengwe? Re ka nna batho ba ba dirang kagiso. (Math. 5:9; Bar. 12:18) Nako le nako fa re tsaya kgato ya go agisana le ba bangwe mo phuthegong, re dira gore paradaise ya tshwantshetso e nne ntle. Re nna re gopotse gore Jehofa o gogetse mongwe le mongwe yo o mo paradaiseng ya tshwantshetso mo kobamelong e e itshekileng. (Joh. 6:44) Akanya gore Jehofa o itumela jang fa a bona re dira ka natla gore go nne le kagiso le kutlwano mo bathong ba a ba tsayang ba le tlhwatlhwakgolo, e leng batlhanka ba gagwe!—Isa. 26:3; Hag. 2:7.
18. Ta ka fanila gala ti kumbulilani, ngono ne ku tini?
18 Re ka dira eng gore re solegelwe molemo ke masego a Jehofa a a nayang batlhanka ba gagwe? Re ka akanyetsa kwa teng ka se re se ithutang mo Lefokong la Modimo le mo dikgatisong tse di theilweng mo Baebeleng. Go ithuta le go akanyetsa kwa teng go tla re thusa gore re nne le dinonofo tse Bakeresete ba tshwanetseng go nna le tsone tse di dirang gore rotlhe mo phuthegong, re ‘ratane thata jaaka bana ba motho ba ratana.’ (Bar. 12:10) Fa re akanyetsa kwa teng ka masego a re nang le one gone jaanong, re nonotsha botsala jwa rona le Jehofa. E bile fa re akanyetsa kwa teng ka dilo tse Jehofa a solofetsang gore o tla re naya tsone mo nakong e e tlang, re dira gore tsholofelo ya go mo direla ka bosakhutleng e nne selo sa mmatota mo go rona. Dilo tseno tsotlhe di tla re thusa gore re direle Jehofa re itumetse gone jaanong.
KU ZWIMISILA KU DZIKITADZA
19. (a) Ku yenda na Izaya 30:18, ti nga be ne thembo ipi? (b) Ini chi nga ti batsha ku dzikitadza ta ka shatha?
19 Jehofa “o tla ema” gore a re sireletse fa a fedisa lefatshe leno le le bosula. (Isa. 30:18, Thanolo ya Lefatshe le Lesha) Re tlhatswegile pelo gore Jehofa, e bong “Modimo wa tshiamiso,” ga a kitla a letla gore lefatshe la ga Satane le tswelele le le teng go sa tlhokege. (Isa. 25:9) Re letile ka bopelotelele gore letsatsi la ga Jehofa la go re golola le goroge. Mme fa re sa ntse re letetse letsatsi leo, re ikemiseditse go tswelela re lebogela tshiamelo e re nang le yone ya thapelo, go ithuta, go dirisa Lefoko la Modimo le go akanyetsa kwa teng ka masego a re nang le one. Fa re dira jalo, Jehofa o tla re thusa gore re itshoke re itumetse fa re ntse re mo obamela.
LUMBO 142 A re Ngangatleleng Tsholofelo ya Rona
a Setlhogo seno se tlotla ka dilo tse tharo tse Jehofa a thusang batho ba ba mo obamelang ka tsone gore ba itshokele mathata a ba nnang le one ba itumetse. Re tlile go ithuta ka dilo tseo mo go Isaia kgaolo 30. Fa re ntse re sekaseka kgaolo eno, re tlile go gopodiwa ka botlhokwa jwa go rapela Jehofa, go ithuta Lefoko la gagwe le go akanyetsa kwa teng ka se a re nayang sone gone jaanong, le se a tla re nayang sone mo nakong e e tlang.
b TLHALOSO: Re mo “paradaiseng ya tshwantshetso” fa re obamela Jehofa re le seoposengwe. Jehofa o re ruta dilo tsotlhe tse re tshwanetseng go di itse gore re kgone go mo direla re sa kgotlelwa ke maaka a bodumedi, e bile re na le tiro e ntsi e e kgotsofatsang ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo. Re atamalana le Jehofa e bile re tshela ka kagiso le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba lorato ba ba re thusang go itshokela mathata re itumetse. Re tsena mo paradaiseng ya tshwantshetso fa re simolola go obamela Jehofa ka tsela e a e batlang le fa re dira sotlhe se re ka se kgonang go mo etsa.