Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 48

U Zwibate ha ku Galamoyo Kuko ku Likiwa

U Zwibate ha ku Galamoyo Kuko ku Likiwa

“Koga iwe uzwiibhate mu zwibaka zose.”—2 TIM. 4:5.

LUMBO 123 Ikobele Thulaganyo ya Phuthego ya Modimo

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO a

1. Ko dwiwani ku zwibata? (2 Timoti 4:5)

 FA GO direga sengwe se se re utlwisang botlhoko, boikanyegi jwa rona mo go Jehofa le mo phuthegong ya gagwe bo ka lekiwa. Re ka fenya dikgwetlho tseo jang? Re tshwanetse go nna re thantse mo tlhaloganyong, re tsogile e bile re tlhomame mo tumelong. (Bala 2 Timotheo 4:5.) Re nna re thantse mo tlhaloganyong ka go tswelela re ritibetse, re akanya sentle e bile re leka ka natla go leba dilo ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone. Fa re dira jalo, dikakanyo tsa rona ga di kitla di laolwa ke tsela e re ikutlwang ka yone.

2. Towo zwidiyani mu chidiyo ichechi?

2 Mo setlhogong se se fetileng, re tlotlile ka dikgwetlho tse tharo tse re ka di bakelwang ke batho ba ba sa direleng Jehofa. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dikgwetlho tse tharo tse re ka lebanang le tsone mo phuthegong ya ga Jehofa tse di ka lekang boikanyegi jwa rona mo go Jehofa le mo phuthegong ya gagwe. Dikgwetlho tseo ke (1) fa Mokeresetemmogo le rona a sa re tshware sentle, (2) fa re kgalemelwa, le (3) fa go le thata go amogela diphetogo tse phuthego ya ga Jehofa e di dirang. Re ka dira eng gore re nne re thantse mo tlhaloganyong le gore re tswelele re ikanyega mo go Jehofa le mo phuthegong ya gagwe fa re lebana le dikgwetlho tseo?

HA TI SA WANANA NE NKIRISITI UNGWE

3. Ti nga na ti ka zwibata chini ha ti sa wanana ne Nkirisiti ungwe?

3 A Mokeresetemmogo le wena, gongwe e bile e le mongwe yo o nang le maikarabelo mo phuthegong, ga a go tshwara sentle? Mokaulengwe yoo o tshwanetse a bo a ne a sa batle go go utlwisa botlhoko. (Bar. 3:23; Jak. 3:2) Le fa go ntse jalo, se a se dirileng se ka tswa se go utlwisitse botlhoko. Gongwe seo se ka tswa se dirile gore o tlhoke boroko. O ka tswa o ile wa ipotsa jaana, ‘Fa e le gore mokaulengwe wa me o kgona go ntshwara jaana, a tota eno ke phuthego ya Modimo?’ Eo ke tsela e Satane a batlang gore re akanye ka yone. (2 Bakor. 2:11) Go akanya jalo go ka dira gore re kgaotse go direla Jehofa re bo re tlogele phuthego ya gagwe. Ka jalo, fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a sa re tshware sentle, re ka dira eng gore re nne re thantse mo tlhaloganyong mme re tile go akanya ka tsela e Satane a batlang gore re akanye ka yone?

4. Josefa wa ka zwibata chini a sa bakhwa zwibuyanana, ngono ti nga zwidiyani mu zila ya a ka zwibata nayo? (Genesisi 50:19-21)

4 O se ka wa galefa. Fa Josefa a ne a le mosha, bomogoloe ba ne ba sa mo tshware sentle. Ba ne ba mo tlhoile, e bile bangwe ba bone ba ne ba batla go mmolaya. (Gen. 37:4, 18-22) Ba ne ba feleletsa ba mo rekisitse gore e nne lekgoba. Seo se ne sa dira gore Josefa a nne le mathata a a boima ka dingwaga di le 13. Josefa a ka tswa a ile a akanya gore Jehofa ga a mo rate. E bile a ka tswa a ile a akanya gore Jehofa o mo latlhile ka nako e a neng a mo tlhoka ka yone. Le fa go ntse jalo, Josefa ga a ka a galefa. Go na le moo, o ne a nna a thantse mo tlhaloganyong a bo a ritibala. Fa a ne a nna le tshono ya go ipusolosetsa mo go bomogoloe, ga a ka a ipusolosetsa, go na le moo o ne a ba bontsha gore o a ba rata le gore o ba itshwaretse. (Gen. 45:4, 5) Josefa o ne a dira jalo ka gonne a ne a akanya sentle. Ga a ka a akanya ka mathata a gagwe, mme o ne a nna a akantse ka se Jehofa a se batlang. (Bala Genesise 50:19-21.) Seno se re ruta eng? Fa o sa tshwarwe sentle, o se ka wa galefela Jehofa kgotsa wa akanya gore o go latlhile. Go na le moo, akanyetsa kwa teng ka tsela e a go thusang ka yone go itshokela bothata joo. Mo godimo ga moo, fa ba bangwe ba sa go tshware sentle, ikemisetse go ba itshwarela ka metlha.—1 Pet. 4:8.

5. Miqueas wa ka zwibata chini a sa bakhwa zwibuyanana?

5 Akanya ka sekai sa mogolwane mongwe yo o nnang kwa Amerika Borwa yo o bidiwang Miqueas. b O gopola nako nngwe e bakaulengwe bangwe ba ba nang le maikarabelo mo phuthegong ba ileng ba se ka ba mo tshwara sentle ka yone. O ne a re: “Ke ne ke ise ke ko ke utlwe botlhoko ka tsela eo. Ke ne ke tshwenyegile tota. Ke ne ke sa kgone go robala bosigo, e bile ke ne ke lela ka gonne ke tsaya gore ga go na sepe se ke neng nka kgona go se dira.” Le fa go ntse jalo, Miqueas o ne a nna a thantse mo tlhaloganyong e bile a dira ka natla go laola maikutlo a gagwe. O ne a rapela ka metlha a kopa Jehofa gore a mo neye moya o o boitshepo le maatla a go itshoka. E bile o ne a batla tshedimosetso e e ka mo thusang mo dikgatisong tsa rona. Seno se re ruta eng? Fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a sa go tshware sentle, nna o ritibetse mme o leke go laola tsela e e sa siamang e o ka tswang o akanya ka yone. O ka tswa o sa itse maemo a a dirileng gore a bue kgotsa a dire se a se dirileng. Ka jalo, bua le Jehofa ka thapelo, mme o mo kope gore a go thuse go leba dilo ka tsela e motho yo mongwe a di lebang ka yone. Seo se tla go thusa gore o itshwarele Mokeresetemmogo le wena le gore o se ka wa akanya gore o go utlwisitse botlhoko ka boomo. (Diane 19:11) Gopola gore Jehofa o bona boemo jo o leng mo go jone e bile o tla go naya maatla a gore o kgone go itshoka.—2 Ditir. 16:9; Mor. 5:8.

HA TI CHEMEGWA

6. Ini ku sheteka kuti ha ti chemegwa na Jehova ti ku tole ili ku ti lakidza ludo gugwe? (Bahebera 12:5, 6, 11)

6 Fa Jehofa a re kgalemela, re ka nna ra utlwa botlhoko thata. Le fa go ntse jalo, fa re akanya fela ka tsela e re utlwileng botlhoko ka yone, re ka nna ra simolola go akanya gore kgalemelo eo ga e a siama e bile e ne e sa re tshwanela. Seo se ka dira gore re se ka ra tlhaloganya ntlha ya botlhokwa ya gore Jehofa o re kgalemela ka gonne a re rata. (Bala Bahebera 12:5, 6, 11.) Fa re nnela go akanya gore kgalemelo eo e re utlwisitse botlhoko go le kana kang, re dira gore go nne motlhofo gore Satane a re tlhasele. O batla gore re gane kgalemelo eo, e bile se se maswe le go feta ke gore o batla gore ka bonya ka bonya re kgaotse go direla Jehofa mme re tlogele phuthego. Fa e le gore o kgalemetswe, o ka dira jang gore o nne o thantse mo tlhaloganyong?

E re ka Petere a ne a ikokobeditse e bile a amogela kgalemelo, Jehofa o ne a mo dirisa (Bona serapa 7)

7. (a) Se kwa ku lakidziwa mu itshwantsho, Pita wa ka shingisiwa na Jehova chini a si no be a nchemela? (b) U no zwidiyani mu zila Pita ya a ka zwibata nayo?

7 Amogela kgalemelo, mme o dire diphetogo tse di tlhokegang. Jesu o ne a kgalemela Petere fa pele ga baaposetoloi ba bangwe ka makgetlo a le mmalwa. (Mar. 8:33; Luke 22:31-34) Seo se ka tswa se ile sa dira gore Petere a tlhabiwe ke ditlhong. Le fa go ntse jalo, Petere o ne a tswelela a ikanyega mo go Jesu. O ne a amogela kgalemelo a bo a ithuta mo diphosong tsa gagwe. Jehofa o ne a segofatsa Petere ka gonne a ne a ikanyega a bo a mo naya maikarabelo a botlhokwa mo phuthegong. (Joh. 21:15-17; Dit. 10:24-33; 1 Pet. 1:1) Re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Petere? Rona mmogo le batho ba bangwe re solegelwa molemo ke go sa tlhome mogopolo mo tseleng e kgalemelo e re tlhabisitseng ditlhong ka yone, go na le moo re a e amogela re bo re dira diphetogo tse di tlhokegang. Fa re dira jalo, Jehofa o tla re dirisa e bile re tla kgona go thusa bakaulengwe ba rona.

8-9. Bernardo wa ka zwibata chini ha a si no be a chemegwa, ngono wa ka batshiwa neni ku linga zwithu ne zila ya ka lulwama?

8 Akanya ka se se ileng sa diragalela mokaulengwe mongwe wa kwa Mozambique yo o bidiwang Bernardo. O ne a tseelwa tshiamelo ya go nna mogolwane. Bernardo o ne a ikutlwa jang fa seo se sena go direga? A re: “Ke ne ke utlwile botlhoko ka gonne ke ne ke sa rate kgalemelo e ke neng ke e neilwe.” O ne a tshwenyegile ka gore ba bangwe mo phuthegong ba ne ba tlile go mo leba jang. A re: “Go ntsere dikgwedi di le mmalwa gore ke amogele kgalemelo eo le gore ke tshepe Jehofa le phuthego ya gagwe gape.” Ke eng se se thusitseng Bernardo gore a lebe dilo sentle?

9 Bernardo o ne a fetola tsela e a neng akanya ka yone. A re: “Fa ke ne ke le mogolwane, ke ne ke dirisa Bahebera 12:7 go thusa batho gore ba lebe kgalemelo e Jehofa a re nayang yone ka tsela e e siameng. Jaanong ke ne ke ipotsa go re, ‘Ke mang yo o tshwanetseng go dirisa kgakololo e e mo temaneng eno?’ E tshwanetse go dirisiwa ke batlhanka botlhe ba ga Jehofa, le nna tota.” Go na le dilo tse dingwe tse Bernardo a ileng a di dira gore a tshepe Jehofa le phuthego ya Gagwe gape. O ne a bala Baebele thata a bo a fetsa nako e ntsi a akanyetsa kwa teng ka se a neng a se bala. Le fa a ne a sa ntse a tshwenyegile ka gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba mo leba jang, o ne a bereka le bone mo tshimong e bile a akgela kwa dipokanong. Fa nako e ntse e tsamaya, Bernardo o ne a nna mogolwane gape. Fa e le gore le wena fela jaaka Bernardo o kgalemetswe, o se ka wa akanya thata ka tsela e kgalemelo eo e go tlhabisitseng ditlhong ka yone, go na le moo e amogele mme o dire diphetogo tse di tlhokegang. c (Diane 8:33; 22:4) Fa o dira jalo, o ka tlhatswega pelo gore Jehofa o tla go segofatsa ka gonne o ikanyega mo go ene le mo phuthegong ya gagwe.

HA TI SIMIGWA NE KU DUMANA NE KU SHANDUGWA KWE ZWITHU MU GUBUNGANO

10. Wu shandugwa kupi kwe zwithu ku nga dwa kwa ka lika ku galamoyo kwe Baiziraele bangwe mu gubungano?

10 Diphetogo tse di nnang gone mo phuthegong di ka leka boikanyegi jwa rona. Fa re se kelotlhoko, re ka di letla gore di re kgaoganye le Jehofa. Ka sekai, akanya ka diphetogo tse di ileng tsa nna teng ka nako ya Baiseraele. Pele Jehofa a ba naya Molao, banna ba e neng e le ditlhogo tsa malapa ba ne ba dira ditiro tse di neng di ka dirwa ke baperesiti. Ba ne ba aga dibeso e bile ba ntshetsa Jehofa ditlhabelo mo boemong jwa ba malapa a bone. (Gen. 8:20, 21; 12:7; 26:25; 35:1, 6, 7; Jobe 1:5) Mme fa Jehofa a sena go naya Baiseraele Molao, ba ne ba sa tlhole ba letleletswe go dira ditiro tseo. Jehofa o ne a tlhoma baperesiti go tswa mo lelapeng la ga Arone gore e nne bone ba ba ntshang ditlhabelo. Fa e sa le go tloga ka nako eo, fa monna yo e leng tlhogo ya lelapa mme e se setlogolwana sa ga Arone a ne a ka dira ditiro tsa baperesiti, o ne a ka bolawa. d (Lefi. 17:3-6, 8, 9) A phetogo eno ke yone e e ka tswang e dirile gore Kora, Dathane, Abirame le dikgosana di le 250 ba tlhanogele Moshe le Arone? (Dipa. 16:1-3) Gone ga re itse. Mme se re se itseng ke gore Kora le banna ba bangwe ba ba neng ba na le ene ga ba a ka ba ikanyega mo go Jehofa. O ka dira eng fa diphetogo di leka boikanyegi jwa gago?

Fa kabelo ya Bakohathe e ne e fetoga, ba ne ba itumelela go nna baopedi, badisa ba dikgoro le go bereka kwa mabolokelong (Bona serapa 11)

11. To zwidiyani mu zila Balevi bangwe be Bakohati ya ba ka zwibata nayo?

11 Ema diphetogo tse di dirwang mo phuthegong nôkeng. Fa Baiseraele ba ne ba le kwa nageng, Bakohathe ba ne ba neilwe kabelo ya botlhokwa thata. Nako le nako fa Baiseraele ba ne ba fuduga, bangwe ba Bakohathe ba ne ba tsamaya ba rwele letlole la kgolagano fa pele ga batho botlhe. (Dipa. 3:29, 31; 10:33; Josh. 3:2-4) Eo e ne e le tshiamelo e e seng kana ka sepe! Le fa go ntse jalo, dilo di ne tsa fetoga fa Baiseraele ba ne ba nna kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. Go ne go sa tlhole go tlhokega gore Letlole le sutisiwe gangwe le gape. Ka jalo, ka nako ya fa Solomone a busa, bangwe ba Bakohathe ba ne ba neilwe kabelo ya go opela, ba bangwe e le badisa ba dikgoro mme ba bangwe bone ba tlhokomela mabolokelo. (1 Ditir. 6:31-33; 26:1, 24) Ga go na gope mo re bolelelwang gore Bakohathe ba ne ba ngongorega kgotsa ba batla go newa ditiro dingwe tse di tlhomologileng ka gonne ba ne ba dira tiro e e kgethegileng mo nakong e e fetileng. Seno se re ruta eng? Ema diphetogo tse di dirwang mo phuthegong ya ga Jehofa nôkeng, le fa di ka tswa di ama kabelo ya gago. Itumelele kabelo nngwe le nngwe e o e newang. Gopola gore kabelo ya gago ga se yone e e dirang gore o nne botlhokwa mo go Jehofa. Se Jehofa a se itumelelang thata ke gore o mo ikobele, e seng go dira kabelo nngwe e e rileng.—1 Sam. 15:22.

12. Zaina wa ka zwibata chini a si no be a piwa nshingo u kuzhe kwe Bethele?

12 Akanya ka sekai sa kgaitsadi mongwe wa kwa Botlhabagare yo o bidiwang Zaina, yo o neng a newa kabelo e ntšha mme a tshwanelwa ke go tlogela kabelo e a neng a e rata thata. O ne a kopiwa go ya tshimong morago ga dingwaga di le 23 a le kwa Bethele. A re: “Ke ne ke sa solofela go newa kabelo e ntšha. Ke ne ke ikutlwa ke se na mosola e bile ke ne ke nna ke ipotsa go re, ‘Ke eng se se phoso se ke se dirileng?’” Se se utlwisang botlhoko ke gore bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba ne ba oketsa botlhoko joo ka go mo raya ba re: “Fa e le gore o ne o dira ka natla, o ka bo o sa ntse o le kwa Bethele.” Go ne ga feta lobakanyana Zaina a kgobegile marapo e bile a lela bosigo bongwe le bongwe. Le fa go ntse jalo, a re: “Ga ke a ka ka itetla go belaela phuthego ya ga Jehofa kgotsa tsela e a nthatang ka yone.” Ke eng se se thusitseng Zaina gore a nne a thantse mo tlhaloganyong?

13. Zaina wa ka thamani ku gwisana ne mazwiwo a sa ka lulwama?

13 Zaina o ne a kgona go lwantsha maikutlo a a sa siamang a a neng a na le one. O dirile seo jang? O ne a bala ditlhogo tse di mo dikgatisong tsa rona tse di buang ka bothata jo a neng a na le jone. Setlhogo se se reng, “O ka Kgona go Itshokela go Kgobega Marapo!” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa February 1, 2001 se ne sa mo thusa fela thata. Setlhogo seo se tlhalosa kafa mokwadi mongwe wa Baebele, e bong Mareko, a ka tswang a ne a lwantsha maikutlo a a tshwanang le a gagwe ka gone fa kabelo ya gagwe e ne e fetoga. Zaina a re: “Sekao sa ga Mareko se nthusitse gore kgang eno e se ka ya tlhola e nkgoba marapo.” Gape Zaina o ne a nna a atamalane le ditsala tsa gagwe. Ga a ka a itlhaola mo bathong ba bangwe, e bile ga a ka a nnela go itlhomogela pelo. O ne a lemoga gore moya o o boitshepo ke one o o kaelang ditshwetso tse di dirwang mo phuthegong ya ga Jehofa le gore bakaulengwe ba ba neng ba eteletse pele ba ne ba amega ka ene. Gape o ne a lemoga gore phuthego ya ga Jehofa e tshwanetse go dira sotlhe se e ka se kgonang gore tiro ya ga Jehofa e dirwe.

14. Vlado wa ka simigwa ne ku shandugwa kupi kwe zwithu mu gubungano, ngono wa ka batshiwa neni?

14 Mogolwane mongwe wa kwa Slovenia yo o nang le dingwaga di le 73 yo o bidiwang Vlado, o ne a thatafalelwa ke go amogela phetogo ya gore phuthego ya bone e ne e kopantswe le phuthego e nngwe le gore Holo ya bone ya Bogosi e ne e tswetswe. A re: “Ke ne ke sa tlhaloganye gore goreng Holo e ntle jaana ya Bogosi e ne e tshwanetse go tswalwa. Ke ne ke utlwile botlhoko thata ka gonne re ne re sa tswa go e tlhabolola. Ke bereka ka legong, ka jalo ke ile ka dira fanitšhara nngwe ya holo eo. E bile tshwetso eo ya go kopanya diphuthego, e ne e tlhoka gore re dire diphetogo tse dintsi tse di neng di se motlhofo mo go rona baboledi ba ba godileng.” Ke eng se se neng sa thusa Vlado go ema kaelo eo nôkeng? A re: “Go fetofetoga le diphetogo tse di dirwang mo phuthegong ya ga Jehofa ka metlha go dira gore Jehofa a re segofatse. Diphetogo tseno di re thusa gore re ipaakanyetse diphetogo tse dikgolo tse di tla dirwang mo nakong e e tlang.” A go thata gore o amogele diphetogo tse di jaaka go kopanngwa ga diphuthego kgotsa go newa kabelo e ntšha? Itse gore Jehofa o tlhaloganya tsela e o ikutlwang ka yone. Fa o ema diphetogo tseo nôkeng e bile o tswelela o ikanyega mo go Jehofa le mo phuthegong e a e dirisang, o ka tlhatswega pelo gore o tla go segofatsa.—Pes. 18:25.

KOGA IWE U ZWIBHATE MU ZWIBAKA ZOSE

15. Ti nga zwibata chini ha ti lingisana ne mathatha mu gubungano?

15 Fa re ntse re atamela bokhutlo jwa lefatshe leno, re ka solofela gore re tla nna le dikgwetlho tse dintsi mo phuthegong. Dikgwetlho tseo di ka leka boikanyegi jwa rona mo go Jehofa. Ka jalo, re tshwanetse go nna re thantse mo tlhaloganyong. Fa Mokeresetemmogo le wena a sa go tshwara sentle, o se ka wa itetla go galefa. Fa o kgalemelwa, o se ka wa tlhoma mogopolo mo tseleng e kgalemelo eo e go tlhabisang ditlhong ka yone. E bile fa phuthego ya ga Jehofa e dira diphetogo tse di go amang, di amogele ka pelo yotlhe mme o ikobele kaelo eo.

16. U nga dwilila u themba mu na Jehova ne gubungano lile chini?

16 O ka kgona go tswelela o tshepa Jehofa le phuthego ya gagwe fa boikanyegi jwa gago bo lekiwa. Mme gore o kgone go dira jalo, o tshwanetse go nna o thantse mo tlhaloganyong, mo go kayang gore o nne o ritibetse, o akanya sentle e bile o leba dilo ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone. Ikemisetse go ithuta ka batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ba nnileng le mathata a o nang le one mme o akanyetse kwa teng ka dikao tsa bone. Rapela Jehofa gore a go thuse. Mme o se ka wa itlhaola mo bathong ba bangwe. Fa o dira jalo, Satane ga a ka ke a kgona go go kgaoganya le Jehofa le phuthego ya Gagwe le fa go ka direga eng.—Jak. 4:7.

LUMBO 126 Nnang lo Tsogile, Nitamang, Nnang Maatla

a Ka dinako dingwe go ka nna thata gore re tswelele re ikanyega mo go Jehofa le mo phuthegong ya gagwe, segolobogolo fa go direga sengwe se se re utlwisang botlhoko mo phuthegong. Setlhogo seno se tlile go tlotla ka dikgwetlho tse tharo tse re ka lebanang le tsone le gore re ka dira eng gore re tswelele re ikanyega mo go Jehofa le mo phuthegong ya gagwe.

b Maina mangwe a fetotswe.

c O ka bona dikakantsho tse dingwe tse di thusang mo setlhogong se se reng, “A o Kile wa Direla? A o ka Direla Gape?” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa August 15, 2009 mo ts. 30.

d Molao o ne o laela gore fa banna ba e leng ditlhogo tsa malapa ba ne ba batla go tlhaba phologolo gore ba e je, ba ne ba tshwanetse go e isa kwa lefelong le le boitshepo. Go ne go na le thulaganyo e e neng e diretswe ditlhogo tsa malapa tse di neng di nna kgakala thata le lefelo le le boitshepo.—Dute. 12:21.