Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 46

LUMBO 49 Go Ipedisa Pelo ya ga Jehofa

Bazwalani—A mo Gwisa Kuti mu be Balanda ba no Shingila?

Bazwalani—A mo Gwisa Kuti mu be Balanda ba no Shingila?

“Kupa kwakakombolegwa pana kupiwa.”​—MISHINGO 20:35.

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO

Setlhogo seno se tla thusa bakaulengwe ba ba kolobeditsweng gore ba nne le keletso ya go nna batlhanka ba bodiredi le gore ba ka dira eng gore ba tshwanelege.

1. Mpostolo Paulo wa ka be e linga balanda ba no shingila chini?

 BATLHANKA ba bodiredi ba dira ditiro tsa botlhokwa thata mo diphuthegong. Moaposetoloi Paulo o ne a tsaya banna bano ba ba ikanyegang ba le botlhokwa. Ka sekai, fa a ne a kwalela Bakeresete ba kwa Filipi, o ne a dumedisa batlhanka ba bodiredi mmogo le bagolwane.​—Bafil. 1:1.

2. Nzwalani u noyi Luis u no zwihwa chini ne nshingo uwe se nlanda u no shingila?

2 Bakaulengwe ba le bantsi ba basha le ba ba godileng, ba itumelela go thusa mo phuthegong e le batlhanka ba bodiredi. Ka sekai, mokaulengwe Devan o ne a tlhomiwa go nna motlhanka wa bodiredi a na le dingwaga di le 18. Mme mokaulengwe Luis o ne a nna motlhanka wa bodiredi a setse a fetile dingwaga di le 50. Mokaulengwe yono o ikutlwa jang ka go nna motlhanka wa bodiredi? A re: “Ke itumelela go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong. Ba dirile dilo tse dintsi go mpontsha gore ba a nthata, jaanong le nna ke kgona go ba bontsha gore ke a ba rata.” Batlhanka ba bodiredi ba le bantsi ba ikutlwa jalo.

3. Towo dabila buzo dzipi?

3 Fa e le gore o mokaulengwe yo o kolobeditsweng mme ga o ise o nne motlhanka wa bodiredi, a o ka ipeela mokgele wa gore o nne motlhanka wa bodiredi? Ke eng se se ka go rotloetsang gore o dire jalo? Ke dinonofo dife tse Baebele e reng o tshwanetse go nna le tsone gore o tshwanelege? Mo setlhogong seno re tlile go tlotla ka dipotso tseo. Mme pele re dira jalo, a re tlotleng ka tiro e batlhanka ba bodiredi ba e dirang.

NSHINGO WE NLANDA U NO SHINGILA INI?

4. Nlanda u no shingila u no shingisiwa chini? (Bona itshwantsho.)

4 Motlhanka wa bodiredi ke mokaulengwe yo o kolobeditsweng, yo o tlhophilweng ka moya o o boitshepo gore a thuse bagolwane go dira ditiro tse di farologaneng. Batlhanka bangwe ba bodiredi ba tlhomamisa gore baboledi ba na le tshimo e ba ka e berekang le dikgatiso tse ba ka di tsamaisang mo tshimong. Ba bangwe ba thusa ka go phepafatsa Holo ya Bogosi le go e tlhokomela. Gape batlhanka ba bodiredi ke batlhokomedi e bile ba thusa ka dimaekerofounu le go tshameka dibidio kwa dipokanong. Ditiro tse dintsi tse ba di dirang di thusa bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong. Sa botlhokwa le go feta ke gore batlhanka ba bodiredi ba rata Jehofa e bile ba tshela ka tsela e e mo itumedisang. Mo godimo ga moo, ba rata bakaulengwe le bokgaitsadi fela thata. (Math. 22:37-39) Mokaulengwe yo o kolobeditsweng a ka dira eng gore a tshwanelege go nna motlhanka wa bodiredi?

Batlhanka ba bodiredi ba etsa Jesu ka go thusa ba bangwe (Bona serapa 4)


5. Ko dwiwani ha kuyi ku gwisa?

5 Baebele e re bolelela ka dinonofo tse bakaulengwe ba tshwanetseng go nna le tsone gore ba tshwanelege go nna batlhanka ba bodiredi. (1 Tim. 3:8-10, 12, 13) Fa e le gore o batla go nna motlhanka wa bodiredi, ithute ka dinonofo tseno, mme o dire ka natla gore o nne le tsone. Mme gone, pele o dira jalo, o tshwanetse go ipotsa gore ke eng fa o batla go nna motlhanka wa bodiredi.

INI CHI NO KU SUNDIDZILA KUTI U GWISE?

6. Ini cha ka fanila ku ku sundidzila kuti u shingile bazwalani ne dziazwadzi nshingo nngwe ne nngwe? (Matewu 20:28; bona itshwantsho.)

6 Akanya ka sekai se Jesu a re tlhometseng sone. Sengwe le sengwe se a neng a se dira, o ne a se dira ka gonne a rata Rraagwe le batho. Lorato lo ne lo mo tlhotlheletsa gore a dire ka natla le gore a dire ditiro tse batho ba bangwe ba neng ba di tseela kwa tlase. (Bala Mathaio 20:28; Joh. 13:5, 14, 15) Fa e le gore o batla go nna motlhanka wa bodiredi ka gonne o rata Modimo le batho, Jehofa o tla go segofatsa e bile o tla go thusa gore o fitlhelele mokgele wa gago wa go nna motlhanka wa bodiredi.​—1 Bakor. 16:14; 1 Pet. 5:5.

Jesu o ile a tlhomela baaposetoloi ba gagwe sekao sa gore ba nne boikokobetso go na le go batla maemo (Bona serapa 6)


7. Ini nzwalani a sa ka fanila ku da mamo?

7 Batho ba le bantsi mo lefatsheng ba rata batho ba ba itseelang kwa godimo, mme ga go a nna jalo mo phuthegong ya ga Jehofa. Mokaulengwe yo o ratang ba bangwe fela jaaka Jesu, ga a ka ke a batla go ba laola kgotsa gore ba mo tseye e le motho wa botlhokwa. Fa mokaulengwe yo o batlang gore batho ba mo tseye a le botlhokwa a ka tlhomiwa mo phuthegong, a ka nna a gana go dira ditiro tse di tseelwang kwa tlase tse di tlhokang go dirwa mo phuthegong. A ka nna a akanya gore ditiro tseo di tla mo diga seriti. (Joh. 10:12) Jehofa ga a kitla a segofatsa ope fela yo o dirang dilo ka gonne a batla gore batho ba bangwe ba mo tseele kwa godimo.​—1 Bakor. 10:24, 33; 13:4, 5.

8. Jesu wa ka chemela baapostolo babe chini?

8 Ka dinako dingwe, tota le batho ba ba neng ba atamalane le Jesu, ba ne ba batla dikabelo dingwe mme ba dira jalo ka maikaelelo a a sa siamang. Akanya ka se baaposetoloi ba le babedi ba ga Jesu e bong Jakobe le Johane ba ileng ba se dira. Ba ile ba kopa Jesu gore a ba neye maemo mangwe mo Bogosing jwa gagwe. Jesu ga a a ka a ba akgolela seo, go na le moo o ile a raya baaposetoloi botlhe ba le 12 a re: “Mongwe le mongwe yo o batlang go nna mogolo mo go lona, o tshwanetse go nna modiredi wa lona, e bile mongwe le mongwe yo o batlang go nna wa ntlha mo go lona, o tshwanetse go nna motlhanka wa botlhe.” (Mar. 10:35-37, 43, 44) Bakaulengwe ba ba eletsang go nna le maikarabelo mangwe mo phuthegong mme ba dira jalo ka maikaelelo a a siameng, ba tla thusa phuthego fela thata.​—1 Bathes. 2:8.

INI CHI NGA SIMISA KU GWISA KUKO?

9. U nga thamani kuti u dwilile u gwisa?

9 Ke boammaaruri gore o rata Jehofa e bile o batla go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi. Mme gone, o ka tswa o sa eletse go dira ditiro tse di dirwang ke batlhanka ba bodiredi. Ke eng se se ka go thusang gore o batle go dira tiro eno? Leka go akanya ka boitumelo jo o tla nnang le jone fa o thusa bakaulengwe le bokgaitsadi. Jesu o ne a re: “Go aba go itumedisa thata go feta go amogela.” (Dit. 20:35) Jesu ga a a ka a bua mafoko ao fela, le ene o ile a dira jalo. O ne a itumela tota ka gonne a ne a direla batho ba bangwe dilo. Le wena o tla itumela fa o ka dira jalo.

10. Jesu wa ka lakidza chini kuti wa ka be e shathila ku shingila bangwe? (Mako 6:31-34)

10 Go na le sengwe se Jesu a ileng a se dira go bontsha gore o itumelela go thusa batho ba bangwe. (Bala Mareko 6:31-34.) Nako nngwe fa Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba lapile, ba ile ba ya kwa lefelong le le kwa thoko gore ba ye go ikhutsa. Fa ba sa ntse ba le mo tseleng, batho ba le bantsi ba ne ba tsamaela kwa pele ga bone, mme ba goroga pele ba fitlha. Ba ne ba batla gore Jesu a ba rute. Jesu o ne a ka ba raya a re a ka se kgone go ba ruta ka gonne ene le barutwa ba gagwe ba ne ba se na “nako ya go iketla le fa e le ya go ja.” Kgotsa a ka bo a ile a ba ruta dilo di le mmalwa fela a bo a re ba tsamaye. Mme gone, e re ka Jesu a ne a ba rata, o ile a “simolola go ba ruta dilo di le dintsi.” O ile a tswelela a ba ruta go fitlha “go setse go le maitseboa.” (Mar. 6:35) Jesu o ne a sa dire jalo ka gonne a patelesega. Go na le moo, o ne a ba ruta ka gonne “a ne a ba tlhomogela pelo.” Gape o ne a batla go ba ruta ka gonne a ba rata. Ruri o ne a itumelela go thusa batho ba bangwe!

11. Jesu wa ka be e shingila ba no nsala shule chini? (Bona itshwantsho.)

11 Jesu o ne a thusa batho ka go ba ruta ka Modimo, gape o ne a ba thusa ka ditsela tse dingwe. O ne a dira gore go nne le dijo ka kgakgamatso, go tswa foo o ile a kopa barutwa ba gagwe gore ba ba abele dijo tseo. (Mar. 6:41) Fa a ne a dira jalo, o ne a ruta barutwa ba gagwe gore ba thuse batho ba bangwe ka dilo tse ba di tlhokang. Gape o ne a ba bontsha gore tiro eo, e gantsi e dirwang ke batlhanka ba bodiredi, e botlhokwa thata. Baaposetoloi bao ba tshwanetse ba bo ba ne ba itumeletse go thusa Jesu go aba dijo go fitlha “batho botlhe ba ja ba bo ba kgora.” (Mar. 6:42) Seno ke sekai se le sengwe fela se se bontshang gore Jesu o ne a naya batho dilo tse ba di tlhokang, go na le go tlhoma mogopolo mo go se ene a neng a se tlhoka. O dirile jalo botshelo jwa gagwe jotlhe. (Math. 4:23; 8:16) Jesu o ne a itumelela go ruta batho ba bangwe le go ba naya dilo tse ba neng ba di tlhoka. Ga go pelaelo gore le wena o tla itumela tota fa e le gore o batla go nna motlhanka wa bodiredi.

Fa o rata Jehofa e bile o batla go thusa ba bangwe, o tla dira sotlhe se o ka se kgonang go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi (Bona serapa 11) a


12. Ini ti sa ka fanila ku kumbula kuti a ti to shingila gubungano ne buzhalo?

12 Fa o tsaya gore ga o na bokgoni bongwe, o se ka wa kgobega marapo. Ga go pelaelo gore o na le dinonofo dingwe tse di ka tswelang phuthego mosola. Akanya ka se Paulo a ileng a se bua mo go 1 Bakorintha 12:12-30 mme o kope Jehofa gore a go thuse go se dirisa. Ditemana tseno di bontsha gore wena mmogo le batlhanka botlhe ba ga Jehofa, lo botlhokwa mo phuthegong. Fa e le gore ga o kgone go nna motlhanka wa bodiredi gone jaanong ka gonne o tlhoka go nna le dinonofo dingwe tse di tlhokegang, o se ka wa kgobega marapo. Go na le moo, dira sotlhe se o ka se kgonang go direla Jehofa le go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi. Itse gore bagolwane ba bona bokgoni jo o nang le jone, e bile ba tla go naya dikabelo tse o ka kgonang go di dira.​—Bar. 12:4-8.

13. Ini chi no shakika kwazo mu balume ba ka fanila shingila?

13 Go na le lebaka le lengwe le le tshwanetseng go dira gore o batle go tshwanelega go nna motlhanka wa bodiredi. Bontsi jwa dinonofo tse Baebele e reng batlhanka ba bodiredi ba tshwanetse go nna le tsone, ke dinonofo tse Bakeresete botlhe ba tshwanetseng go nna le tsone. Tota e bile, Bakeresete botlhe ba tshwanetse go atamalana le Jehofa, go itumelela go thusa batho ba bangwe le go tshela ka tsela e Jehofa a batlang gore re tshele ka yone. Ka jalo, o ka tswa o setse o na le bontsi jwa dinonofo tse di tlhokegang gore o nne motlhanka wa bodiredi. Ke eng se mokaulengwe a tshwanetseng go se dira gore a tshwanelege go nna motlhanka wa bodiredi?

SE KWA KU NGA GWISIWA

14. “Ku thaabala” ko dwani? (1 Timoti 3:8-10, 12)

14 A jaanong re tlotleng ka dilo dingwe tse di tlhokegang gore motho a tshwanelege go nna motlhanka wa bodiredi tse di tlhalosiwang mo go 1 Timotheo 3:8-10, 12. (E bale.) Motlhanka wa bodiredi o tshwanetse “go tsaya dilo masisi.” Mafoko ano gape a ka ranolwa e le “go nna le maikarabelo” kgotsa “go itshwara ka tsela e e tla dirang gore batho ba bangwe ba go tlotle.” Seno ga se reye gore o tla nna fela o gogile sefatlhego o sa tshege. (Mor. 3:1, 4) Mme se raya gore o tshwanetse go dira ka natla mo dikabelong tse o di neilweng. Fa ka metlha o fetsa tiro e o e neilweng e bile o e dira sentle, bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong ba tla go tshepa e bile ba tla go tlotla.

15. Ko dwiwani ha kuyi “ba singa lebe manyepkhwa” kakale “ba si na bugovu gwe fungwa”?

15 Go sa nne “temepedi” go kaya gore o a ikanyega. O tshwanetse go dira se o solofeditseng gore o tla se dira, mme o se ka wa tsietsa batho ba bangwe. (Diane 3:32) Go sa “ipatlele madi le dithoto ka bopelotshetlha,” go kaya gore o tla ikanyega fa o dirisana le ba bangwe mo kgwebong le mo tseleng e o dirisang madi ka yone. Ga o kitla o dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong gore o dire madi.

16. (a) Ko dwiwani ha kuyi “ba si zwidakwa”? (b) Ko dwiwani ha kuyi “ba na chikumbuludzi cha ka chena”?

16 “Go sa ineelele mo bojalweng” go kaya gore ga o nwe bojalwa thata, le gore batho ba bangwe ba go itse o se letagwa. Go nna le “segakolodi se se phepa” go kaya gore o ikobela melao ya ga Jehofa. Le fa gone o dira diphoso, o atamalane thata le Jehofa e bile seo se dira gore o nne le kagiso.

17. Nzwalani u nga zwilakidza e thembeka chini a ka dwilila e “lingisisiwa ku fanila kukwe”? (1 Timoti 3:10; bona itshwantsho.)

17 Go ‘lekwa pele gore a o a tshwanelega’ go kaya gore bagolwane ba lemogile gore o dira ditiro dingwe sentle, e bile ba ka go tshepa. Ka jalo, fa bagolwane ba go naya tiro nngwe, latela ditaelo tse ba go nayang tsone ka kelotlhoko le kaelo e phuthego ya ga Jehofa e re nayang yone. Tlhomamisa gore o tlhaloganya gore o tshwanetse go dira eng mo kabelong e o e newang le gore o tshwanetse go e fetsa leng. Fa o dira tiro ya gago sentle e bile o e dira ka matlhagatlhaga, bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong ba tla lemoga gore o gatela pele. Bagolwane, tlhomamisang gore lo katisa bakaulengwe ba ba kolobeditsweng. (Bala 1 Timotheo 3:10.) A go na le bakaulengwe ba basha ba ba kolobeditsweng mo phuthegong ya lona? A ba ithuta ba le nosi e bile ba baakanyetsa dipokano sentle? A ba arabela ka metlha kwa dipokanong e bile ba nna teng mo tshimong? Fa go le jalo, lo ka ba naya dikabelo tse ba ka kgonang go di dira go ya ka dingwaga tsa bone. Fa nako e ntse e tsamaya, ba ka tshwanelega go nna batlhanka ba bodiredi le e leng pele ga ba tshwara dingwaga di le 20.

Bagolwane ba ka kgona go bona gore a bakaulengwe ba ba kolobeditsweng “ba a tshwanelega” fa ba ba naya dikabelo tse di rileng (Bona serapa 17)


18. Ko dwiwani ha kuyi “kusina tjimwe tjisakalingisana nge kwabo”?

18 Go sa nne le ‘sepe se o latofadiwang ka sone’ go kaya gore ga go na ope yo o ka go tshwayang phoso ka gore o dirile boitsholo jo bo sa siamang. Gone ke boammaaruri gore Bakeresete ba ka latofadiwa ka maaka. Batho ba ile ba bua dilo tse di seng boammaaruri ka Jesu, e bile o ile a re balatedi ba gagwe le bone ba ne ba tla diragalelwa ke se se tshwanang. (Joh. 15:20) Mme gone, fa o itshwara sentle jaaka Jesu, bakaulengwe le bokgaitsadi ba tla lemoga seo.​—Math. 11:19.

19. Ku be “nlume we nkadzi u ngompela” ko dwiwani?

19 “A nne le mosadi a le mongwe.” Fa e le gore o nyetse, o tshwanetse go ikobela taelo ya ga Jehofa ya gore o nne le mosadi a le mongwe. (Math. 19:3-9) Monna wa Mokeresete ga a a tshwanela go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. (Baheb. 13:4) Gape seno se raya gore o tla ikanyega mo mosading wa gagwe ka metlha, ka jalo ga a ka ke a kgatlhegela mosadi yo mongwe.​—Jobe 31:1.

20. Nlume u no tungamila nsha uwe “ne zila ya ka lulwama” chini?

20 “A okamele bana ba gagwe le ba lelapa la ga gagwe sentle.” Fa e le gore o na le lelapa, o tshwanetse go dira maikarabelo a gago sentle. Tshwara kobamelo ya lelapa ka metlha. Bereka tshimo le mongwe le mongwe mo lelapeng. Thusa bana ba gago gore ba atamalane le Jehofa. (Baef. 6:4) Monna yo o tlhokomelang ba lelapa la gagwe o bontsha gore a ka kgona go tlhokomela phuthego.​—Bapisa le 1 Timotheo 3:5.

21. Ha u sathu u ka be nlanda u no shingila, u nga thamani?

21 Mokaulengwe, fa e le gore ga o ise o nne motlhanka wa bodiredi, tsweetswee bala setlhogo seno ka kelotlhoko mme o bolelele Jehofa ka kgang eno. Ithute ka dinonofo tse di tlhokegang gore motho e nne motlhanka wa bodiredi mme o leke ka natla gore o nne le tsone. Akanya ka tsela e o ratang Jehofa le bakaulengwe le bokgaitsadi ka yone. Gape akanya ka mabaka a go bo o batla go ba thusa. (1 Pet. 4:8, 10) Fa o dira ka natla gore o tshwanelege go nna motlhanka wa bodiredi, o tla itumelela go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong. E kete Jehofa a ka segofatsa matsapa a o a tsayang gore o tshwanelege go nna motlhanka wa bodiredi!​—Bafil. 2:13.

LUMBO 17 “Ke a Batla”

a TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Ka fa molemeng, Jesu o thusa barutwa ba gagwe; ka fa mojeng, motlhanka wa bodiredi o thusa mokaulengwe yo o godileng.