Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 45

LUMBO 138 Bontle Jwa Botlhogoputswa

Zwidiye mu Matama e Bupelo e Balume ba no Thembeka

Zwidiye mu Matama e Bupelo e Balume ba no Thembeka

“Apa butjendedu ate guli mu sholotjena kene, ne kuhwisisa akutozha nge mazhuba manji kene?”​—JOBE 12:12.

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO

Jehofa o re solofetsa gore fa re mo ikobela, o tla re thusa gone jaanong e bile o tla re naya botshelo jo bo sa khutleng mo nakong e e tlang.

1. Ini ti zwidiya mu bathu ba chi kula?

 ROTLHE re tlhoka go gakololwa mo botshelong gore re dire ditshwetso tse di siameng. Bagolwane kgotsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nang le maitemogelo, ba ka re naya kgakololo e re e tlhokang. Fa ba re feta ka dingwaga, ga re a tshwanela go akanya gore kgakololo ya bone e ka se re tswele mosola. Jehofa o batla gore re ithute mo Bakereseteng ba ba godileng. Ba ithutile dilo di le dintsi mo botshelong go re gaisa e bile ba botlhale.​—Jobe 12:12.

2. Chidiyo ichechi chowo leba ne kweni?

2 Ka motlha wa go kwalwa ga Baebele, Jehofa o ne a dirisa batlhanka ba gagwe ba ba godileng gore ba kgothatse batho ba gagwe le gore ba ba kaele. Bangwe ba bone ke Moshe, Dafide le moaposetoloi Johane. Ba ne ba tshela ka dinako tse di sa tshwaneng e bile maemo a bone a farologane thata. Pele ba tlhokafala ba ile ba naya basha kgakololo. Banna bano ba ile ba tlhalosa gore go botlhokwa go ikobela Modimo. Jehofa o ile a dira gore se ba se buileng se kwalwe mo Baebeleng gore re ithute mo go sone. Se ba se kwadileng se ka tswela bagolo le basha mosola. (Bar. 15:4; 2 Tim. 3:16) Mo setlhogong seno re tla tlotla ka mafoko a bofelo a ba a buileng le gore a ka re ruta eng.

“U NOWO DZIKITADZA CHIBAKA CHILEFU”

3. Mozisi wa ka be e shingila a li mu mamo api?

3 Moshe o ne a direla Jehofa ka natla botshelo jwa gagwe jotlhe. E ne e le moporofeti, moatlhodi, molaodi le mokwadi. Moshe o ithutile dilo di le dintsi mo go se se mo diragaletseng. O ile a ntsha setšhaba sa Iseraele kwa Egepeto e bile o ile a bona dikgakgamatso tse dintsi tse Jehofa a ileng a di dira. Jehofa o ile a mo dirisa gore a kwale dibuka tse tlhano tsa Baebele, Pesalema 90 gongwe le Pesalema 91. Gape a ka tswa a ile a kwala buka ya Jobe.

4. Mozisi wa ka simisa yani, ngono ne kutini?

4 Moshe o ile a tlhokafala a na le dingwaga di le 120. Mme pelenyana ga foo, o ile a bitsa Baiseraele botlhe a bo a ba gopotsa dilo tse Jehofa a ba diretseng tsone. Dingwaga di le dintsi pele ga foo, bangwe ba bone ba ile ba bona dikgakgamatso tse Jehofa a neng a di dirile le kafa a ileng a otlhaya Baegepeto ka gone. (Ekes. 7:3, 4) Ba ile ba bona fa Jehofa a kgaoganya Lewatle le Lehibidu ba bo ba tsamaya mo mmung o o omileng. Gape ba ile ba bona fa Jehofa a fedisa Faro le masole a gagwe. (Ekes. 14:29-31) Jehofa o ile a ba sireletsa fa ba ne ba le kwa nageng e bile o ile a ba tlhokomela. (Dute. 8:3, 4) Fa ba le gaufi le go tsena kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, Moshe o ne a batla go ba kgothatsa pele a tlhokafala. a

5. Matama a Mozisi e bupelo mu Baiziraele a mu na Ditironomi 30:19, 20 a ka ba themebesani?

5 Se Moshe a ileng a se bua. (Bala Duteronome 30:19, 20.) Moshe o ile a gopotsa Baiseraele gore Jehofa o ne a tlile go ba direla dilo tse dintle mo nakong e e tlang. Jehofa o ne a ka dira gore ba tshele lobaka lo loleele kwa lefatsheng le a neng a ba solofeditse lone. Lefatshe leo le ne le le lentle e bile le na le dijo di le dintsi. Moshe o ile a ba raya a re le na le “matlo a a tletseng dilo tse di molemo tsa mefuta yotlhe tse [ba] sa di berekelang, dikhuti tsa go bolokela metsi tse [ba] sa di epang le masimo a morara le ditlhare tsa motlhware tse [ba] sa di jalang.”​—Dute. 6:10, 11.

6. Ini Ndzimu a ka lechedzela kuti zwichaba zwingwe zwi kunde Iziraele?

6 Gape Moshe o ile a tlhagisa Baiseraele gore ba tshwanetse go ikobela Jehofa gore ba tshele mo lefatsheng leo le lentle. O ile a rotloetsa Baiseraele gore ba ‘tlhophe botshelo’ ka go reetsa Jehofa le ka go mo “ngaparela.” Mme ga ba a ka ba dira jalo. Ka jalo fa nako e ntse e tsamaya, Jehofa o ile a letla Baasiria le Bababelona gore ba ba fenye le gore ba ba ise botshwarwa.​—2 Dikg. 17:6-8, 13, 14; 2 Ditir. 36:15-17, 20.

7. Ti nga zwidiyani mu matama a Mozisi? (Bona itshwantsho.)

7 Re ithuta eng? Re ithuta gore fa re ikobela Jehofa re tla tshelela ruri. Fela jaaka Baiseraele ba ne ba le gaufi le go tsena kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, le rona re gaufi le go tsena kwa lefatsheng le lesha le Jehofa a re solofeditseng lone. Mo nakong e e sa fediseng pelo, lefatshe le tla nna paradaise gape. (Isa. 35:1; Luke 23:43) Satane le madimona a gagwe ba tla bo ba seyo. (Tshen. 20:2, 3) Bodumedi jo bo rutang batho maaka ka Jehofa ga bo kitla bo tlhola bo nna teng. (Tshen. 17:16) Dipuso tsa batho ga di kitla di tlhola di gatelela batho gape. (Tshen. 19:19, 20) Jehofa ga a kitla a letlelela batho ba ba bakang mathata kwa lefatsheng la Paradaise. (Pes. 37:10, 11) Batho mo lefatsheng lotlhe ba tla ikobela melao ya ga Jehofa, ba tla utlwana e bile ba tla tshela ka kagiso. Ba tla ratana e bile ba tla tshepana. (Isa. 11:9) Re lebile pele go bona nako eo e goroga! Fa re ikobela Jehofa, re tla tshelela ruri kwa lefatsheng la paradaise.​—Pes. 37:29; Joh. 3:16.

Fa re ikobela Jehofa, re tla tshela mo lefatsheng la paradaise go ya go ile (Bona serapa 7)


8. Ku be ne thembo ye buchilo gu singa pele kwa ka batsha chini missionary u na chibaka chilefu e shingila? (Juta 20, 21)

8 Go akanyetsa kwa teng ka tsholofetso ya go tshelela ruri, go tla re thusa gore re ikobele Jehofa le fa re ka nna le mathata. (Bala Jude 20, 21.) Gape tsholofetso eo e re thusa gore re lwantshe makoa a re nang le one. Mokaulengwe mongwe yo o feditseng dingwaga di le dintsi e le morongwa kwa Africa a re o ne a tle a raelesege go dira sengwe se se sa itumediseng Jehofa. A re: “Ke ile ka lemoga gore fa ke sa ikobele Jehofa, ga nkitla ke tshelela ruri kwa lefatsheng la paradaise. Seo se ile sa nthusa gore ke tswelele ke lwantsha bothata jo ke nang le jone le gore ke rapele Jehofa thata gore a nthuse ka bothata joo. Jehofa o ile a nthusa gore ke tswelele ke mo direla.”

“U NGA KHONA”

9. Dafite wa ka lingisana ne ndiko dzipi mu buchilo?

9 Dafide e ne e le kgosi ya batho ba Modimo e bile o ne a ikanyega mo go Jehofa. Gape e ne e le moopedi, mmoki, motlhabani le moporofeti. O ile a lebana le mathata a le mantsi. Ka sekai, o ile a fetsa dingwaga di le dintsi a tshaba Kgosi Saulo yo a neng a mo fufegela. Dafide o ile a tshaba gape fa a sena go nna kgosi ka gonne Abesalome o ne a batla go mmolaya gore a nne kgosi. Le fa Dafide a ne a na le mathata ano e bile a ile a dira maleo a a masisi, o ile a tswelela a ikanyega mo go Jehofa go fitlha a tlhokafala. Jehofa o ile a re Dafide ke “monna yo o amogelwang ke pelo ya [Gagwe].” Ka jalo, re tshwanetse go reetsa kgakololo e Dafide a re nayang yone.​—Dit. 13:22; 1 Dikg. 15:5.

10. Ini Dafite a ka pa ngwana uwe Solomoni wa ka busa shule kukwe nlayo?

10 Akanya ka kgakololo e Dafide a ileng a e naya morwawe e bong Solomone yo a neng a tlile go nna kgosi morago ga gagwe. Jehofa o ne a tlhophile lekawana leno gore le age tempele e batho ba Gagwe ba neng ba tlile go mo obamela mo go yone. (1 Ditir. 22:5) Solomone o ne a na le tiro e ntsi e bile o ne a tla tlhoka thuso ya ga Jehofa gore a etelele Baiseraele pele. Ke kgakololo efe e Dafide a neng a tla mo naya yone? A re boneng.

11. Ku yenda na 1 Boshe 2:2, 3, Dafite wa ka thembesani Solomoni, ngono matama awe a ka zwilakidza a li malebeswa chini? (Bona itshwantsho.)

11 Se Dafide a ileng a se bua. (Bala 1 Dikgosi 2:2, 3.) Dafide o ile a bolelela morwawe gore fa a ka ikobela Jehofa, o ne a tla atlega mo botshelong. Go ile ga feta dingwaga di le dintsi Jehofa a naya Solomone dilo tse dintle e bile a mo thusa ka ditsela tse dingwe tse dintsi. (1 Ditir. 29:23-25) O ile a aga tempele e ntle, a kwala dibuka dingwe mo Baebeleng e bile mafoko a gagwe a tlhaga mo dibukeng tse dingwe tsa Baebele. O ne a itsege ka gonne o ne a le botlhale e bile a humile. (1 Dikg. 4:34) Mme gone, Dafide o ile a mmolelela gore o ne a ka atlega fela fa a ne a ka ikobela Jehofa. Ka maswabi, fa Solomone a tsofala o ile a simolola go direla medimo e mengwe. Jehofa ga a a ka a itumelela seo e bile ga a a ka a tlhola a mo naya botlhale jwa go busa batho ba gagwe ka tsela e e siameng.​—1 Dikg. 11:9, 10; 12:4.

Se Dafide a ileng a se bolelela morwawe pele a tlhokafala, se re thusa go lemoga gore fa re ikobela Jehofa, o tla re naya botlhale jwa go dira ditshwetso tse di siameng (Bona serapa 11-12) b


12. Ti nga zwidiyani mu matama a Dafite?

12 Re ithuta eng? Re ithuta gore fa re ikobela Jehofa o tla re segofatsa e bile o tla re thusa. (Pes. 1:1-3) Ke boammaaruri gore Jehofa ga a a ka a re solofetsa gore o tla re naya dikhumo kgotsa gore re tla itsege jaaka Solomone. Mme gone, fa re mo ikobela o tla re naya botlhale jo bo tla re thusang gore re dire ditshwetso tse di siameng. (Diane 2:6, 7; Jak. 1:5) Kgakololo e Jehofa a re nayang yone e ka re thusa fa re dira ditshwetso tse di amanang le tiro, sekolo, madi le boitlosobodutu. Fa re dirisa kgakololo eo, re tla tswelela re le ditsala tsa gagwe e bile o tla re naya botshelo jo bo sa khutleng. (Diane 2:10, 11) Re tla nna le ditsala tse di siameng e bile re tla itumela mo malapeng a rona.

13. Carmen wa ka batshiwa neni ku khona ku dwilila mu buchilo?

13 Kgaitsadi Carmen, yo o nnang kwa Mozambique o ne a akanya gore go tsweletsa dithuto tsa gagwe go ne go ka dira gore botshelo jwa gagwe bo nne botoka. Ka jalo, o ile a ya kwa yunibesithing gore a ye go ithuta ka go aga le go tlhama dipolane. A re: “Ke ne ke rata se ke se ithutang, mme gone se ne se ntseela nako e ntsi le maatla. Ke ne ke tsena kwa sekolong ka 7:30 mo mosong ke bo ke tswa ka 6:00 maitseboa. Ka jalo, go ne go le thata gore ke ye dipokanong e bile botsala jwa me le Jehofa bo ne bo koafala. Ke ile ka lemoga gore ke ne ke leka go direla beng ba le babedi.” (Math. 6:24) Carmen o ile a rapela ka kgang eno a bo a dira dipatlisiso mo dikgatisong tsa rona. A re: “Fa bagolwane le Mama ba sena go nnaya kgakololo, ke ile ka dira tshwetso ya gore ke tsenele tirelo ya nako e e tletseng. Ke tsaya gore ke ile ka dira tshwetso e e siameng e bile ke itumetse.”

14. Matama a Mozisi na Dafite a ka be e leba ne kweni?

14 Moshe le Dafide ba ne ba rata Jehofa e bile ba ne ba itse gore go botlhokwa gore ba mo ikobele. Ka jalo ba ile ba kgothaletsa ba bangwe gore le bone ba dire jalo le gore ba ikanyege mo go Jehofa. Gape ba ile ba ba tlhagisa gore fa ba sa ikanyege, ba ne ba ka se ka ba tswelela e le ditsala tsa ga Jehofa e bile o ne a ka se ba segofatse. Kgakololo ya bone e re tswela mosola gompieno. Dingwaga di le dintsi moragonyana, motlhanka mongwe wa ga Jehofa o ile a tlhalosa gore go botlhokwa gore re tswelele re ikanyega mo go Jehofa.

“AKUNA KUNGWE KU SHATHA KU NO PINDA IKOKU”

15. Mpostolo Johani wa ka shingikaligwa neni mu buchilo?

15 Johane e ne e le tsala e kgolo ya ga Jesu e bile e le moaposetoloi wa gagwe. (Math. 10:2; Joh. 19:26) Johane o ile a fetsa nako e ntsi le Jesu a rera e bile o ile a mmona fa a ne a dira dikgakgamatso. O ile a tswelela a ikanyega mo go Jesu le ka dinako tsa mathata. Fa Jesu a ne a bolawa, o ne a le teng e bile o ile a mmona fa a sena go tsosiwa. Gape o ile a bona fa phuthego e gola mo lekgolong la ntlha la dingwaga. E re ka a ile a tshela lobaka lo loleele, o ile a bona fa dikgang tse di molemo di “rerwa mo lefatsheng lotlhe.”​—Bakol. 1:23.

16. Ndi boyani ba ka batshiwa ne hwalo dza Johani?

16 Fa Johane a setse a godile thata, o ile a nna le tshiamelo ya go kwala buka e e kgatlhang ya Tshenolo. (Tshen. 1:1) O ile a kwala nngwe ya dibuka tse nnê tse di buang ka botshelo jwa ga Jesu. Gape Johane o ile a kwala makwalo a mararo e leng Johane wa ntlha, wa bobedi le wa boraro. Lekwalo la boraro o ne a le kwalela Mokeresete mongwe yo o bidiwang Gaio. Johane o ne a mo tsaya jaaka ngwana wa gagwe. (3 Joh. 1) Ka nako eo, go ka tswa go ne go na le Bakeresete ba le bantsi ba Johane a neng a ba tsaya jaaka bana ba gagwe. Se monna yono yo o godileng a ileng a se kwala se ile sa kgothatsa balatedi botlhe ba ga Jesu. Le rona se a re kgothatsa gompieno.

17. Ku yenda na 3 Johani 4, ini chi no shathisa kwazo?

17 Se Johane a ileng a se kwala. (Bala 3 Johane 4.) Mo lekwalong la boraro le Johane a ileng a le kwala, o ile a re o ne a itumela fa a bona bakaulengwe le bokgaitsadi ba ikobela Jehofa. Ka nako eo, bangwe ba ne ba ruta dithuto tsa maaka e bile ba ne ba dira gore go nne le dikgaogano mo phuthegong. Mme gone, ba bangwe ba ile ba tswelela ba “tsamaya mo boammaaruring.” Ba ne ba ikobela Jehofa e bile ba “tshela go ya ka ditaelo tsa gagwe.” (2 Joh. 4, 6) Bakeresete bano ba ba ikanyegang ba ne ba dira gore Johane a itumele e bile ba ne ba ipedisa pelo ya ga Jehofa.​—Diane 27:11.

18. Ti nga zwidiyani mu matama a Johani?

18 Re ithuta eng? Re ithuta gore fa re tswelela re ikanyega mo go Jehofa re tla itumela e bile ba bangwe le bone ba tla itumela. (1 Joh. 5:3) Ka sekai, re tla itumela ka gonne re dira gore Jehofa a itumele. Jehofa o a itumela fa a bona re gana go dira dilo tse di sa siamang ka gonne re ikobela melao ya gagwe. (Diane 23:15) Baengele le bone ba a itumela. (Luke 15:10) Le rona re a itumela fa re bona bakaulengwe le bokgaitsadi ba tswelela ba ikanyega tota le fa ba bogisiwa kgotsa ba raelesega go dira sengwe se se sa siamang. (2 Bathes. 1:4) Fa lefatshe leno la ga Satane le senngwa, re tla itumelela gore re ile ra tswelela re ikanyega mo go Jehofa.

19. Azwadzi nngwe u noyi Rachel wa ka lebani ne kwe ku diya bangwe malebeswa? (Bona itshwantsho.)

19 Re itumela thata fa re ruta ba bangwe ka Jehofa. Kgaitsadi mongwe wa kwa Dominican Republic yo o bidiwang Rachel a re go ruta ba bangwe ka Jehofa ke tshiamelo e e seng kana ka sepe. O ile a thusa batho ba le mmalwa gore ba simolole go direla Jehofa. A re: “Ke itumela tota fa ke bona batho ba ke ithutang Baebele le bone ba simolola go rata Jehofa, ba mo tshepa e bile ba dira diphetogo mo botshelong gore ba mo itumedise. Tsela e ke itumetseng ka yone e feta matsapa a ke ileng ka a tsaya kgotsa dilo tse ke ileng ka itima tsone gore ke ba rute.”

Re a itumela fa re ruta ba bangwe gore ba rate Jehofa le go mo ikobela jaaka rona (Bona serapa 19)


ZWIDIYE MU MATAMA E BUPELO E BALUME BA NO THEMBEKA

20. Mozisi, Dafite, na Johani ba no fanana naswi ne zila dzipi?

20 Moshe, Dafide le Johane ba ile ba tshela dingwaga di le dintsi tse di fetileng, mme tsela e ba neng ba tshela ka yone ga e tshwane le e re tshelang ka yone. Mme gone, go na le dilo tse dintsi tse re tshwanang le bone ka tsone. Fela jaaka bone, le rona re direla Modimo wa boammaaruri, re rapela Jehofa e bile re ikaega ka ene gore a re thuse le gore a re neye kgakololo. Gape re tlhatswegile pelo gore Jehofa o segofatsa batho ba ba mo ikobelang.

21. Bathu ba no teedza matama e bathu ba chi kula kakale be thembeka sa Mozisi, Dafite, na Johani ba nga shathila zwithu zwipi zwa ka naka zwi no dwa ku Ndzimu?

21 A re diriseng kgakololo e banna bano ba re nayang yone e bile re ikobele ditaelo tsa ga Jehofa. Fa re ikobela Jehofa, o tla re thusa e bile o tla re segofatsa. Re tla “tshela lobaka lo loleele,” mo go rayang gore o tla re naya botshelo jo bo sa khutleng. (Dute. 30:20) Mo godimo ga moo, re tla itumela ka gonne re itse gore re itumedisa Jehofa e bile o tla re segofatsa go feta ka tsela e re ka akanyang ka yone.​—Baef. 3:20.

LUMBO 129 Re Tla Tswelela re Itshoka

a Baiseraele ba le bantsi ba ba ileng ba bona dikgakgamatso tse Jehofa a ileng a di dira kwa Lewatleng le Lehibidu, ga ba a ka ba tsena kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. (Dipa. 14:22, 23) Jehofa o ile a re banna botlhe ba ba neng ba na le dingwaga di le 20 go ya kwa godimo ba ne ba tla swela mo nageng. (Dipa. 14:29) Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba ba neng ba na le dingwaga tse di ka fa tlase ga 20 go akaretsa Joshua, Kalebe le ba le bantsi ba ba tswang mo lotsong lwa ga Lefi, ba ile ba kgabaganya Noka ya Joredane ba bo ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng.​—Dute. 1:24-40.

b TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Ka fa Molemeng: Dafide o naya morwawe e bong Solomone kgakololo pele a tlhokafala. Ka fa Mojeng: Bakaulengwe le bokgaitsadi ba a rutiwa kwa Sekolong sa Tirelo ya Bobulatsela.