Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 42

Bata Malebeswa wa ka Simisa

Bata Malebeswa wa ka Simisa

“Shakisisani tjimwe ne tjimwe; bhatililani muna kwakalulwama.”—1 BAT. 5:21.

LUMBO 142 A re Ngangatleleng Tsholofelo ya Rona

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO *

1. Ini bathu banjinji ba ka shangana nsholo?

GOMPIENO go na le madumedi a mantsi a a ipitsang a Bokeresete a a reng a obamela Modimo ka tsela e e mo itumedisang. Mme seo se dira gore batho ba le bantsi ba tlhakane tlhogo. Ba botsa jaana: “A go na le bodumedi bo le bongwe fela jwa boammaaruri kgotsa a Modimo o amogela madumedi otlhe?” A re tlhatswegile pelo gore Basupi ba ga Jehofa ba ruta boammaaruri le gore tsela e ba obamelang Jehofa ka yone ke yone fela e e mo itumedisang? A go a kgonega gore re itse dikarabo tsa dipotso tseno? A re sekasekeng bosupi jwa seo.

2. Ku yenda na 1 Bathesalonika 1:5, ini mpostolo Paulo a ka be a ka gadzikanyiwa moyo ne malebeswa?

2 Moaposetoloi Paulo o ne a tlhatswegile pelo gore se a se dumelang se boammaaruri. (Bala 1 Bathesalonika 1:5.) O ne a sa se dumele fela ka gonne se ne se dira gore a itumele. Go na le moo, Paulo o ne a bala Lefoko la Modimo ka tlhoafalo. O ne a dumela gore “dilo tsotlhe tse di kwadilweng mo Dikwalong Tse di Boitshepo di tswa kwa Modimong.” (2 Tim. 3:16) Fa Paulo a ne a sekaseka Dikwalo o ne a ithuta eng? O ne a bona bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore Jesu e ne e le Mesia yo o solofeditsweng, e leng bosupi jo baeteledipele ba Bajuda ba neng ba bo tlodisa matlho. Baeteledipele bao ba bodumedi ba ne ba re ba ruta batho boammaaruri ka Modimo, le fa go ntse jalo ba ne ba dira dilo tse Modimo a di tlhoileng. (Tito 1:16) Paulo o ne a sa tshwane le banna bao ka gonne o ne a sa tlhophe dikarolo tsa Lefoko la Modimo tse a batlang go di dumela a bo a tlogela tse dingwe. O ne a ikemiseditse go ruta le go dirisa “kgakololo yotlhe ya Modimo.”—Dit. 20:27, ntlh.

3. Kuti ti be ne ku galamoyo kukulu, apa ta ka fanila ku be ne dabilo dze buzo dzedu dzose? (Bona bokisi li noti “ Ditiro le Dikakanyo Tsa ga Jehofa ‘di Dintsi Thata Gore Nka di Bala.’”)

3 Batho bangwe ba akanya gore bodumedi jwa boammaaruri bo tshwanetse go araba dipotso tsotlhe, tota le dipotso tse Baebele e sa di arabeng ka tlhamalalo. A seo se a utlwala? A re bone gore re ka ithuta eng mo go Paulo. O ne a bolelela badumedi mmogo le ene gore ba ‘tlhomamise gore a dilo tsotlhe di boammaaruri’ le fa go ntse jalo o ne a ba bolelela gore go na le dilo tse dintsi tse a neng a sa di tlhaloganye. (1 Bathes. 5:21) O ne a re “ga re na kitso e e feletseng,” a bo a re “re bona ka tsela e e sa bonaleng sentle jaaka e kete re dirisa seipone sa tshipi.” (1 Bakor. 13:9, 12) Paulo o ne a sa itse sengwe le sengwe, mme le rona ga re itse sengwe le sengwe. Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a itse dithuto tsa motheo ka ga Jehofa. Dilo tse a neng a di itse di ne di lekane go mo tlhomamisetsa gore o bone boammaaruri!

4. Ti nga simisa chini ku galamoyo kwedu kuti ta bona malebeswa, ngono towo zwidiyani ne kwe Bakirisiti be malebeswa?

4 Sengwe se se ka re tlhomamisetsang gore re bone boammaaruri ke go bapisa tsela e Jesu a neng a re Jehofa o tshwanetse go obamelwa ka yone le tsela e Basupi ba ga Jehofa ba dirang dilo ka yone gompieno. Mo setlhogong seno re tlile go bona gore Bakeresete ba boammaaruri, (1) ba gana kobamelo ya medingwana, (2) ba tlotla leina la ga Jehofa, (3) ba rata boammaaruri, e bile (4) ba ratana go tswa pelong.

TO LAMBA NAMATO YE MIDZINGWANA

5. To zwidiyani mu na cha ka legwa na Jesu ne kwe ku namata Ndzimu ne malebeswa, ngono ti nga shingikadza chini cha a ka diya?

5 Jesu o ne a rata Jehofa, ka jalo fa a ne a le kwa legodimong le fa a ne a le mo lefatsheng, o ne a obamela ene fela. (Luke 4:8) O ne a ruta barutwa ba gagwe gore le bone ba obamele Jehofa fela. Jesu le barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang ba ne ba sa dirise ditshwantsho mo kobamelong. E re ka Modimo e le Moya, ga go na ope yo o ka dirang setshwantsho sa gagwe! (Isa. 46:5) Mme go tweng ka batho ba ba dirang ditshwantsho tsa baitshepi ba bo ba di rapela? Jehofa o ne a laela jaana mo molaong wa bobedi wa Melao e e Lesome: “Ga o a tshwanela go itirela setshwantsho se se betlilweng kgotsa sengwe se se bopegileng jaaka sepe fela se se kwa magodimong kwa godimo kgotsa mo lefatsheng fa fatshe . . . Ga o a tshwanela go di ikobela.” (Ekes. 20:4, 5) Batho ba ba batlang go itumedisa Modimo ba a itse gore ga ba a tshwanela go obamela ditshwantsho.

6. Bafakazi ba Jehova ba na ndongoloso ipi ye ku namata ngwenu?

6 Batho ba ba ithutang hisitori ba re mo motlheng wa baaposetoloi, Bakeresete ba ne ba obamela Modimo fela. Ka sekai, buka ya History of the Christian Church e a re Bakeresete bao “ba ne ba ka se ka ba itumelela” gore go nne le ditshwantsho mo mafelong a kobamelo. Gompieno Basupi ba ga Jehofa ba dira se se neng se dirwa ke Bakeresete bao ba bogologolo. Ga re rapele ditshwantsho tsa batho ba ba bidiwang baitshepi kgotsa tsa baengele, e bile ga re rapele Jesu. Ga re obamele folaga e bile ga re dire sepe se se tla dirang gore e nne e kete re obamela puso. Re ikemiseditse gore le fa go ka nna jang, re tla ikobela mafoko a ga Jesu a a reng: “O tshwanetse go obamela Jehofa, Modimo wa gago fela.”—Math. 4:10.

7. Ini chi no lakidza ku sa fanana ku pachena kwe Bafakazi ba Jehova ne dzikereke dzingwe?

7 Batho ba le bantsi gompieno ba latela baeteledipele ba bodumedi ba ba tumileng. Ba ba rata thata jaana mo go salang fela gore ba ba obamele. Batho ba le bantsi ba ya kwa dikerekeng tsa bone, ba reka dibuka tsa bone e bile ba ba naya madi a mantsi kgotsa ba ema mekgatlho ya bone nôkeng. Bangwe ba bone ba dumela sengwe le sengwe se ba se buang. Go thata go akanya gore tsela e ba itumelang ka yone fa ba bona baruti bano ba ne ba tla itumela jalo fa ba ne ba ka bona Jesu. Batho ba ba obamelang Jehofa bone ga ba na baruti. Le fa re tlotla bakaulengwe ba ba etelelang pele, re dumalana le mafoko ano a ga Jesu a a reng: “Lona lotlhe lo bakaulengwe.” (Math. 23:8-10) Ga re obamele batho, e ka tswa e le baruti ba bodumedi kgotsa baeteledipele ba dipolotiki. E bile ga re eme mekgatlho ya bone nôkeng. Gape ga re tseye letlhakore, e bile ga re karolo ya lefatshe. Tseno ke dingwe tsa dilo tse re sa tshwaneng ka tsone le madumedi a a ipitsang a Bokeresete.—Joh. 18:36.

TO HLONIPHA ZINA LA JEHOVA

Bakeresete ba boammaaruri ba itumelela go bolelela ba bangwe ka Jehofa (Bona serapa 8-10) *

8. To ziba chini kuti Jehova u no shaka kuti zina lile li tolegwe pezhugwi ne ku zibgwa kwazo?

8 Nako nngwe Jesu o ne a rapela jaana: “Rara, galaletsa leina la gago.” Jehofa o ne a araba thapelo eo ka lentswe le le kwa godimo a le kwa legodimong, a mo solofetsa gore o tla galaletsa leina la Gagwe. (Joh. 12:28) Ka nako ya bodiredi jwa gagwe, Jesu o ne a galaletsa leina la ga Rraagwe. (Joh. 17:26) Ka jalo, Bakeresete ba boammaaruri ba itumelela go dirisa leina la Modimo le go dira gore batho ba bangwe ba le itse.

9. Bakirisiti be century ye kutanga ba ka lakidza chini kuti ba no hlonipha zina le Ndzimu?

9 Nakwana fela morago ga gore phuthego ya Bokeresete e tlhomiwe, Jehofa o ne a ‘amogela ditšhaba tse dingwe, gore a ntshe batho ba ba tla bidiwang ka leina la gagwe mo go tsone.’ (Dit. 15:14) Bakeresete ba motlha oo ba ne ba itumelela go dirisa leina la Modimo le go thusa ba bangwe gore ba le itse. Ba ne ba le dirisa thata fa ba ne ba rera le fa ba ne ba kwala dibuka tsa Baebele. * Ba ile ba bontsha gore ke bone fela ba ba itsiseng leina la Modimo.—Dit. 2:14, 21.

10. Ini chi no lakidza kuti Bafakazi ba Jehova i bathu ba milile zina la Jehova?

10 A Basupi ba ga Jehofa ke bone fela ba ba itsiseng leina la ga Jehofa? A re sekaseke bosupi jwa seo. Gompieno baeteledipele ba le bantsi ba bodumedi ba dirile sotlhe se ba ka se kgonang go fitlhela batho leina la Modimo. Ba ntshitse leina la Modimo mo dithanolong tsa bone tsa Baebele mme bangwe ba bone ga ba letlelele batho gore ba le dirise mo dikerekeng tsa bone. * A go na le mongwe yo o ka ganang gore Basupi ba ga Jehofa ke bone fela ba ba dirisang leina la Modimo e bile ba a le tlotla? Ke rona re itsiseng batho leina la Modimo go feta madumedi a mangwe otlhe! Re leka go tshelela leina la rona, e leng Basupi ba ga Jehofa. (Isa. 43:10-12) Re gatisitse dikhopi di feta dimilione di le 240 tsa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo. Baebele eno e na le leina la ga Jehofa mo dikarolong tse dingwe tse baranodi ba Baebele ba neng ba le ntshitse. E bile re gatisa dikgatiso tse dingwe tse di thailweng mo Baebeleng tse di dirisang leina la ga Jehofa ka dipuo di feta 1 000!

TO DA MALEBESWA

11. Bakirisiti ba ntolo ba ka lakidza chini kuti ba no da malebeswa?

11 Jesu o ne a rata boammaaruri, e leng boammaaruri ka Modimo le ka dilo tsotlhe tse a solofetsang gore o tla di dira. Tsela e Jesu a neng a tshela ka yone e ne e bontsha gore o itse boammaaruri joo, e bile o ne a bo itsise batho ba bangwe. (Joh. 18:37) Balatedi ba ga Jesu ba mmatota le bone ba ne ba rata boammaaruri. (Joh. 4:23, 24) Tota e bile moaposetoloi Petere o ne a re Bokeresete ke “tsela ya boammaaruri.” (2 Pet. 2:2) E re ka Bakeresete ba bogologolo ba ne ba rata boammaaruri, ba ne ba gana go tlhotlhelediwa ke dithuto tsa bodumedi, dingwao le dikgopolo tsa batho tse di sa dumalaneng le boammaaruri. (Bakol. 2:8) Ka tsela e e tshwanang, gompieno Bakeresete ba mmatota ba leka ka natla go “tsamaya mo boammaaruring,” ka go dira gore se ba se dumelang le tsela e ba tshelang ka yone e dumalane le Lefoko la ga Jehofa.—3 Joh. 3, 4.

12. Ba ka tungamila mu gubungano ba no thamani ha be bona kuna chingwe cha ka fanila chenesiwa, ngono ini be tola thambo iyeyo?

12 Basupi ba ga Jehofa ga ba re ba tlhaloganya ka botlalo sengwe le sengwe se Baebele e se rutang. Ka dinako dingwe ba ile ba dira diphoso fa ba tlhalosa dithuto dingwe tsa Baebele kgotsa ba rulaganya tsela e phuthego e tshwanetseng go tsamaisiwa ka yone. Seo ga se a tshwanela go re gakgamatsa. Baebele e bontsha gore batho ba Modimo ba ne ba tla tlhaloganya kitso ya boammaaruri botoka fa nako e ntse e tsamaya. (Bakol. 1:9, 10) Jehofa o senola boammaaruri kgato ka kgato, ka jalo re tshwanetse go nna pelotelele fa re ntse re letile gore lesedi la boammaaruri le phatsime. (Diane 4:18) Fa bakaulengwe ba Setlhopha se se Laolang ba lemoga gore tsela e re ntseng re tlhaloganya kgang nngwe ka yone e tlhoka go fetolwa, ba e fetola ka bonako. Dikereke di le dintsi tse di ipitsang tsa Bokeresete gompieno di fetola dithuto tsa tsone ka gonne di batla go itumedisa maloko a tsone kgotsa di batla go ratiwa ke lefatshe. Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa bone ba dira diphetogo ka gonne ba batla go atamalana le Modimo le go mo obamela ka tsela e Jesu a neng a mo obamela ka yone. (Jak. 4:4) Ga re dire diphetogo ka gonne tsela e batho ba lefatshe leno ba lebang dilo ka yone e fetogile, go na le moo re dira diphetogo ka gonne tsela e re tlhaloganyang Dikwalo ka yone e tokafetse. Re rata boammaaruri!—1 Bathes. 2:3, 4.

TI BATHU BA NO DANA KWAZO

13. I chithu chipi chikulu chi no lakidziwa ne Bakirisiti be malebeswa, ngono cho boneka chini mu Bafakazi ba Jehova ngwenu?

13 Bakeresete ba bogologolo ba ne ba itsiwe ka dinonofo di le dintsi, mme ya botlhokwa thata e ne e le lorato. Jesu o ne a re: “Fa lo ratana, batho botlhe ba tla lemoga gore lo barutwa ba me.” (Joh. 13:34, 35) Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba a ratana e bile ba seoposengwe. Ga re tshwane le madumedi a mangwe ka gonne re lelapa, tota le fa re tswa kwa dinageng le mo ditsong tse di farologaneng. Re kgona go bona lorato loo fa re le kwa dipokanong le kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo. Seno se re tlhomamisetsa le go feta gore re obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang.

14. Ku yenda na Bakolosa 3:12-14, i zila ipi wulu ya ti nga lakidzana ludo nayo?

14 Baebele e re kgothaletsa gore re ‘ratane thata.’ (1 Pet. 4:8) Re bontshana lorato lo lo ntseng jalo ka go itshwarelana le ka go itshokela makoa a batho ba bangwe. Gape re batla ditshono tsa go nna pelotshweu le tsa go laletsa batho botlhe mo phuthegong, tota le ba ba re kgopisitseng. (Bala Bakolosa 3:12-14.) Fa re ratana ka tsela eo re bontsha gore re Bakeresete ba boammaaruri.

“NAMATO I NGOMPELA”

15. I zila dzipi dzingwe dza ti nga yedza Bakirisiti be kutanga mu ku namata kwabo?

15 Go na le dilo tse dingwe tse di bontshang gore re obamela Jehofa jaaka Bakeresete ba bogologolo. Ka sekai, tsela e phuthego e rulaganeng ka yone, e tshwana le e Bakeresete ba bogologolo ba neng ba rulagane ka yone. Re na le balebedi ba ba etang, bagolwane le batlhanka ba bodiredi fela jaaka bone. (Bafil. 1:1; Tito 1:5) Re tlotla molao wa Modimo o o malebana le tlhakanelodikobo le lenyalo, mme re tsaya madi a le boitshepo e bile fela jaaka bone, re sireletsa phuthego mo baleofing ba ba sa ikwatlhayeng.—Dit. 15:28, 29; 1 Bakor. 5:11-13; 6:9, 10; Baheb. 13:4.

16. To zwidiyani mu na cha ka kwagwa mu na Baefesiya 4:4-6?

16 Jesu o ne a re batho ba le bantsi ba ne ba tla re ke barutwa ba gagwe, mme ga se botlhe ba ba neng ba tla nna barutwa ba gagwe ba boammaaruri. (Math. 7:21-23) Gape Dikwalo di tlhalositse gore mo malatsing a bofelo batho ba le bantsi ba tla “itira e kete ba boifa Modimo.” (2 Tim. 3:1, 5) Le fa go ntse jalo, Baebele e a re go na le “tumelo e le nngwe” fela e Modimo a e amogelang.—Bala Baefeso 4:4-6.

17. Ndi boyani ngwenu ba no tobela Jesu ne ku namata ne zila ye malebeswa?

17 Ke bomang ba ba leng mo kobamelong ya boammaaruri gompieno? Re sekasekile bosupi. E bile re bone tsela e Jesu a neng a re re obamele Modimo ka yone le tsela e Bakeresete ba bogologolo ba neng ba mo obamela ka yone. Karabo e tlhamaletse—ke Basupi ba ga Jehofa. Ruri ke tshiamelo go bo re le batho ba ga Jehofa le go bo re itse boammaaruri ka ene le se a solofeditseng gore o tla se dira! Ka jalo, a re direng sotlhe se re ka se kgonang go ngangatlela boammaaruri re tlhatswegile pelo.

LUMBO 3 Tshepo, Tsholofelo le Maatla a Rona

^ ndi. 5 Mo setlhogong seno re tla bona tsela e Jesu a neng a re baobamedi ba boammaaruri ba tshwanetse go obamela Modimo ka yone, le gore barutwa ba gagwe ba bogologolo ba ne ba dirisa jang se a neng a ba ruta sone ka kobamelo ya boammaaruri. Gape re tla bona bosupi jwa gore gompieno Basupi ba ga Jehofa ba latela kobamelo ya boammaaruri e Jesu a e simolotseng.

^ ndi. 9 Bona lebokose le le reng “A Bakeresete ba Pele Ba ne Ba Dirisa Leina la Modimo?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa July 1, 2010, ts. 6.

^ ndi. 10 Ka sekai ka 2008, Pope Benedict XVI o ne a laela gore leina la Modimo “le se ka la dirisiwa” mo ditirelong tsa kereke ya Katoliki, mo difeleng le mo dithapelong tsa bone.

^ ndi. 63 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Phuthego ya ga Jehofa e golotse Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka dipuo di feta 200 gore batho ba bale Baebele e e nang le leina la Modimo ka dipuo tsa bone.