NSHOLO WE ZWIDIYO 41
LUMBO 13 Keresete, Sekao sa Rona
Ku Zwidiya mu na Jesu mu Mazhuba Awe e Bupelo a li 40 a li mu Shango
“Wakabazwilakidza mu tjibaka mazhuba ali makumi manna, ngono kalebeleka nabo ngekwe bushe gwe Ndzimu.”—MISHINGO 1:3.
CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO
Setlhogo seno se tlile go re bontsha gore re ka etsa jang se Jesu a ileng a dira mo malatsing a le 40 pele a boela kwa legodimong.
1-2. Kwa ka shingikalani ha badiyiwa ba Jesu babili be yenda ku Emausi?
KE Nisane 16, ka ngwaga wa 33 C.E. Barutwa ba ga Jesu ba hutsafetse e bile ba tshogile. Barutwa ba bangwe ba le babedi ba tsamaya dikilometara di ka nna 11 go tswa kwa Jerusalema ba ya kwa motsaneng mongwe o o bidiwang Emao. Banna bano ba kgobegile marapo tota ka gonne Jesu o bolailwe. Ba ne ba solofetse gore Mesia o ne a tlile go direla Bajuda dilo tse dintle. Mme gone, go ise go ye kae dilo di ne di tlile go fetoga.
2 Monna mongwe yo ba sa mo itseng o a tla a bo a tsamaya le bone. Barutwa ba mmolelela dilo tse di utlwisang botlhoko tse di diragaletseng Jesu. Monna yono o simolola go ba bolelela dilo tse ba neng ba se kitla ba di lebala. O dirisa Dikwalo le boporofeti go tlhalosa gore goreng Mesia a ile a tshwanelwa ke go boga le go swa. Fa ba goroga kwa Emao, ba lemoga gore monna yono ke Jesu yo Modimo a mo tsositseng. Ruri ba tshwanetse ba bo ba ne ba itumetse tota fa ba lemoga gore Mesia o a tshela!—Luke 24:13-35.
3-4. Badiyiwa ba Jesu ba ka shingikaligwa neni, ngono towo zwidiyani mu chidiyo ichechi? (Mishingo 1:3)
3 Fa Jesu a sena go tsosiwa, o ile a fetsa malatsi a le 40 a le mo lefatsheng pele a boela kwa legodimong, e bile o ile a iponatsa kwa barutweng ba gagwe ka makgetlo a le mantsi mo malatsing ao. (Bala Ditiro 1:3.) Jesu o ile a kgothatsa barutwa bao ba gagwe ba ba neng ba hutsafetse e bile ba tshogile. Seo se ile sa dira gore ba itumele le gore ba nne le bopelokgale jwa go rerela batho ba bangwe dikgang tse di molemo le go ba ruta. a
4 Se Jesu a ileng a se dira ka nako eo se ka re tswela mosola. Mo setlhogong seno, re tlile go bona gore Jesu o ile a dirisa nako ya gagwe jang (1) go kgothatsa barutwa ba gagwe, (2) go ba thusa go tlhaloganya Dikwalo sentle, le (3) go ba katisa gore ba kgone go dira tiro e ba neng ba tla tshwanelwa ke go e dira mo nakong e e tlang. Gape re tla bona gore re ka etsa Jesu jang.
SIMISA BANGWE
5. Ini badiyiwa ba Jesu ba ka be be sheta ku simisiwa?
5 Barutwa ba ga Jesu ba ne ba tlhoka go kgothadiwa. Goreng re rialo? Bangwe ba bone ba ne ba tlogetse magae a bone, ba malapa a bone le dikgwebo tsa bone gore ba nne balatedi ba ga Jesu. (Math. 19:27) Ba bangwe ba ne ba sa tshwarwe sentle ka gonne e le barutwa ba ga Jesu. (Joh. 9:22) Ba ne ba ikemiseditse go dira diphetogo tseno le go boga ka gonne ba ne ba dumela gore Jesu ke Mesia yo o solofeditsweng. (Math. 16:16) Mme gone, fa Jesu a ne a bolawa ba ile ba hutsafala thata e bile ba ile ba kgobega marapo ka gonne ba ne ba akanya gore se ba neng ba se solofetse se ka se direge.
6. Jesu wa ka thamani shule kwe ku musiwa mu bafi?
6 Jesu o ne a itse gore barutwa ba gagwe ba ne ba tla hutsafala fa a swa. Mme seo se ne se sa reye gore ba ne ba se na tumelo. Ka jalo, mo letsatsing le a ileng a tsosiwa ka lone, o ne a kgothatsa ditsala tseo tsa gagwe. Ka sekai, o ile a iponatsa kwa go Marea Magadalena fa a ne a lela kwa lebitleng la gagwe. (Joh. 20:11, 16) Gape o ile a iponatsa kwa barutweng ba le babedi ba re tlotlileng ka bone kwa tshimologong. Mo godimo ga moo, o ile a iponatsa kwa go moaposetoloi Petere. (Luke 24:34) Re ka ithuta eng mo go se Jesu a ileng a se dira? A re boneng gore go ile ga direga eng fa Jesu a iponatsa kwa go Marea Magadalena.
7. Se kwa kwa ka kwagwa mu na Johani 20:11-16, Jesu wa ka bona Mariya e thamani mu mangwanana e zhuba le Nisani 16, ngono ichecho cha ka nsundidzila ku thamani? (Bona itshwantsho.)
7 Bala Johane 20:11-16. Phakela ka Nisane 16, basadi bangwe ba ne ba ya kwa lebitleng le Jesu a neng a fitlhetswe kwa go lone. (Luke 24:1, 10) Mongwe wa basadi bao e ne e le Marea Magadalena. Fa Marea a goroga kwa lebitleng, mmele wa ga Jesu o ne o seyo. Ka jalo, Marea o ne a ya go bolelela Petere le Johane kgang eno. Banna bano ba babedi ba ne ba tabogela kwa lebitleng, mme Marea o ne a tla a ba setse morago. Fa ba sena go lemoga gore mmele wa ga Jesu ga o yo mo lebitleng, ba ile ba boela gae. Marea ene o ne a sala foo a lela. O ne a sa itse gore Jesu o ne a mo lebile. Jesu o ne a bona mosadi yono yo o ikanyegang fa a ntse a lela e bile o ne a batla go mo gomotsa. Ka jalo, o ne a iponatsa kwa go ene a bo a mmolelela gore a ye kwa barutweng ba gagwe mme a ba bolelele gore o tsositswe.—Joh. 20:17, 18.
8. Ti nga yedza Jesu chini?
8 Re ka etsa Jesu jang? Re ka mo etsa ka go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba tswelele ba direla Jehofa. Fela jaaka Jesu, re batla go itse dilo tse di ba tshwenyang le go tlhaloganya gore ba ikutlwa jang re bo re ba gomotsa. Seo ke se se neng sa diragalela kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Jocelyn. Monnawe o ne a tlhokafala mo kotsing. A re: “Ke ile ka fetsa dikgwedi di le dintsi ke hutsafetse.” Se se itumedisang ke gore banyalani bangwe ba ile ba mo laletsa kwa legaeng la bone, ba bo ba mo letla gore a tlhalose kafa a ikutlwang ka gone. Ba ile ba mo reetsa ka kelotlhoko ba bo ba mmolelela gore Jehofa o a mo rata. Jocelyn a re: “Ke ne ke ikutlwa e kete ke nwetse mo lewatleng le le galefileng, mme Jehofa o ile a ba dirisa gore ba nkinole. Ba ile ba nthusa gore ke tswelele ke direla Jehofa.” Le rona re ka kgothatsa ba bangwe fa re ba letla gore ba tlhalose kafa ba ikutlwang ka gone re bo re ba reetsa ka kelotlhoko. Fa re dira jalo, re ka kgona go ba gomotsa le go ba thusa gore ba tswelele ba direla Jehofa.—Bar. 12:15.
SHINGISA HWALO
9. Badiyiwa ba Jesu ba ka lingisana ne mathatha api, ngono Jesu wa ka ba batsha chini?
9 Barutwa ba ga Jesu ba ne ba dumela mo Lefokong la Modimo e bile ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go ikobela Jehofa. (Joh. 17:6) Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa tlhaloganye gore goreng Jesu a ile a bolawa jaaka senokwane. Jesu o ne a itse gore barutwa ba gagwe ba na le tumelo le gore ba rata Jehofa, mme o ne a lemoga gore ba ne ba sa tlhaloganye Dikwalo sentle. (Luke 9:44, 45; Joh. 20:9) Ka jalo, o ile a ba thusa go tlhaloganya se ba neng ba se bala mo Dikwalong. A re boneng gore o ile a dira seo jang fa a ne a iponatsa kwa barutweng ba le babedi ba ba neng ba ya kwa Emao.
10. Jesu wa ka sukamoyo badiyiwa babe chini kuti ba dume kuti ndiye Mesiya we malebeswa? (Luka 24:18-27)
10 Bala Luke 24:18-27. Fa Jesu a kopana le barutwa bao ba babedi, ga a a ka a ba bolelela gore ke ene mang. Go na le moo, o ile a ba botsa dipotso. A ka tswa a ne a dira jalo ka gonne a ne a batla gore ba mmolelele gore ba akanya eng. Ba ne ba mmolelela gore ba ne ba solofetse gore Jesu e nne Kgosi ya Iseraele le gore a ba buse go na le gore ba busiwe ke Baroma. Fa ba sena go mmulela mafatlha, Jesu o ile a dirisa Dikwalo go ba thusa go tlhaloganya gore boporofeti jo bontsi bo setse bo diragaditswe. b Mo maitseboeng a letsatsi leo, Jesu o ile a kopana le barutwa ba bangwe mme le bone o ile a ba tlhalosetsa gore boporofeti joo bo kaya eng. (Luke 24:33-48) Re ithuta eng mo pegong eno?
11-12. (a) Ti nga zwidiyani mu zila Jesu ya a ka be e diya malebeswa e Baibili nayo? (Bona zwitshwantsho.) (b) Nthu wa ka be e diya Nortey Baibili wa ka mbatsha chini?
11 Re ka etsa Jesu Jang? Fa o ithuta Baebele le batho, ba botse dipotso tse di tla go thusang go tlhaloganya gore ba ikutlwa jang. (Diane 20:5) Fa o setse o tlhaloganya gore ba ikutlwa jang, ba bontshe gore ba ka bona jang ditemana tse di ka ba thusang mo boemong jo ba leng mo go jone. O se ka wa ba bolelela gore ba dire eng. Go na le moo, ba botse dipotso ka ditemana tse ba di boneng. Ba kgothaletse go akanya ka se ba se badileng le gore ba ka se dirisa jang mo botshelong. Akanya ka se se diragaletseng mokaulengwe mongwe wa kwa Ghana yo o bidiwang Nortey.
12 Nortey o ne a simolola go ithuta Baebele a na le dingwaga di le 16. Mme go ise go ye kae, ba lelapa la gaabo ba ile ba mo ganetsa. Ke eng se se ileng sa mo thusa gore a tswelele a ithuta Baebele? Mokaulengwe yo a neng a mo ruta Baebele o ne a kile a dirisa Mathaio kgaolo 10 go mo tlhalosetsa gore Bakeresete ba boammaaruri ba tla bogisiwa. Nortey a re: “Fa ke bogisiwa ke ile ka tlhatswega pelo gore se ke se ithutang ke boammaaruri.” Gape mokaulengwe yoo o ile a mmontsha Mathaio 10:16 e e re kgothaletsang gore re nne botlhajana. Go tswa foo, o ile a tlotla le Nortey ka gore a ka dirisa jang temana eo go tlhalosetsa ba lelapa la gaabo ka tlotlo gore o dumela eng. Fa Nortey a sena go kolobediwa o ne a batla go nna mmulatsela, mme rraagwe ene o ne a batla gore a ye kwa yunibesithing. Mokaulengwe ga a a ka a mmolelela gore a dire eng. Go na le moo, o ile a mmotsa dipotso tse di neng di tla mo thusa go akanya ka se Baebele e se buang le gore a dire tshwetso e e siameng. Seo se ne sa felela jang? Nortey o ne a tsenela tirelo ya nako e e tletseng, mme rraagwe o ne a mo leleka. Nortey o ikutlwa jang ka se se diragetseng? A re: “Ke tlhatswegile pelo gore ke dirile tshwetso e e siameng.” Fa re kgothaletsa ba bangwe gore ba akanye ka se Lefoko la Modimo le se buang, re ba thusa gore ba nonotshe tumelo ya bone le gore ba tswelele ba direla Jehofa.—Baef. 3:16-19.
BATSHA BALUME KUTI BA FANILE KU BE “ZWIPO ZWE BALUME”
13. Jesu wa ka thamani kuti nshingo wa Tate babe u dwilile u thokomegwa? (Baefeso 4:8)
13 Fa Jesu a le mo lefatsheng, o ne a dira tiro e Rraagwe a neng a mo kopile gore a e dire. (Joh. 17:4) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a sa akanye gore ke ene fela a ka kgonang go dira se Jehofa a batlang gore se dirwe. Mo dingwageng di le tharo le halofo tse a di feditseng a rera, o ne a katisa barutwa ba gagwe. O ne a ba tshepa ka gonne o ile a ba naya maikarabelo a go rera, go ruta dikgang tse di molemo le go tlhokomela batho ba ga Jehofa. Bangwe ba barutwa bao ba ba neng ba etelela tiro eno pele, ba ka tswa ba ne ba ise ba tshware dingwaga di le 30. (Bala Baefeso 4:8.) Banna bano ba ne ba dira ka natla fa ba ne ba na le Jesu e bile ba ne ba ikanyega mo go ene. Pele Jesu a boela kwa legodimong, o ile a ba katisa mo go oketsegileng gore e nne “banna ba ba nang le bokgoni jwa go dira ditiro tse di farologaneng.” O ile a dira seo jang?
14. Jesu wa ka batsha chini badiyiwa babe kuti ba kule mu zwithu zwe bundzimu mu mazhuba awe a li 40 e bupelo a li mu shango? (Bona itshwantsho.)
14 Ka dinako tse dingwe Jesu o ne a kgalemela barutwa ba gagwe, mme o ne a dira jalo ka lorato. Ka sekai, fa a ne a lemoga gore bangwe ba bone ba ne ba sa dumele gore o ile a swa le gore o ile a tsosiwa, o ne a ba thusa go itse boammaaruri. (Luke 24:25-27; Joh. 20:27) Gape o ile a ba bolelela gore ba tlhome mogopolo mo tirong ya go tlhokomela batho ba ga Jehofa go na le go dira madi. (Joh. 21:15) O ile a ba gopotsa gore ga ba a tshwanela go bapisa se ba se dirang mo tirong ya ga Jehofa le se ba bangwe ba se dirang. (Joh. 21:20-22) Mo godimo ga moo, o ile a baakanya dikgopolo tse di phoso tse ba neng ba na le tsone ka Bogosi a bo a ba thusa gore ba tlhome mogopolo mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo. (Dit. 1:6-8) Bagolwane ba ka ithuta eng mo go se Jesu a ileng a se dira?
15-16. (a) Bakugwana ba nga yedza Jesu chini? Chenesa. (b) Patrick wa ka batshiwa ne ku chemegwa chini?
15 Bagolwane ba ka etsa Jesu jang? Ba tshwanetse go katisa le go thusa bakaulengwe ba bangwe, go akaretsa le ba basha, gore ba kgone go dira maikarabelo a a oketsegileng mo phuthegong. c Bagolwane ba a tlhaloganya gore bakaulengwe bano ba ka dira diphoso. Ka jalo, ba tshwanetse go katisa bakaulengwe ba basha ka lorato gore ba lemoge gore ba tlhoka go nna boikokobetso, go ikanyega le go ikemisetsa go thusa batho ba bangwe.—1 Tim. 3:1; 2 Tim. 2:2; 1 Pet. 5:5.
16 Kgakololo e mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Patrick a ileng a e newa, e ile ya mo tswela mosola. Fa a sa le mosha o ne a itlwaeditse go phatloga fela fa a bua e bile o ne a dira dilo tse di bontshang gore ga a akanyetse ba bangwe, tota le bokgaitsadi. Mogolwane mongwe o ile a lemoga seo a bo a kgalemela Patrick ka lorato. Patrick a re: “Ke itumelela gore o ile a mpontsha gore ke tshwanetse go tokafatsa. Ke ne ke tle ke kgobege marapo fa ke bona bakaulengwe bangwe ba newa ditshiamelo dingwe mo phuthegong tse ke neng ke batla go nna le tsone. Ka jalo, kgakololo e mokaulengwe yoo a ileng a nnaya yone, e ile ya nthusa gore ke ikokobetse le gore ke rate bakaulengwe le bokgaitsadi go na le go batla maemo kgotsa ditshiamelo dingwe mo phuthegong.” Fa Patrick a na le dingwaga di le 23 o ne a tlhomiwa go nna mogolwane.—Diane 27:9.
17. Jesu wa ka lakidza chini kuti u no themba badiyiwa babe?
17 Jesu o ile a naya barutwa ba gagwe maikarabelo a go bolelela batho ba bangwe dikgang tse di molemo le go ba ruta. (Math. 28:20) Barutwa bao ba ka tswa ba ne ba akanya gore ba ka se kgone go dira se Jesu a neng a ba kopa gore ba se dire. Mme gone, Jesu o ne a itse gore ba ne ba ka kgona go dira tiro eo. Ka jalo, o ile a ba kopa gore ba e dire. O ne a ba tshepa thata jaana mo a neng a re: “Fela jaaka Rara a nthomile, le nna ke a lo roma.”—Joh. 20:21.
18. Bakugwana ba nga yedza Jesu chini?
18 Bagolwane ba ka etsa Jesu jang? Bagolwane ba ka katisa ba bangwe ka go ba naya maikarabelo mangwe. (Bafil. 2:19-22) Ka sekai, ba ka kopa basha gore ba thuse ka go phepafatsa Holo ya Bogosi le go e tlhokomela. Fa bagolwane ba naya bakaulengwe tiro nngwe, ba tshwanetse go ba katisa gore ba ka e dira jang mme ba ba tshepe gore ba tla e dira sentle. Mogolwane mongwe yo o bidiwang Matthew a re o itumelela gore bagolwane bangwe ba ne ba mo katisa go dira ditiro dingwe mo phuthegong e bile ba ne ba mo tshepa. A re: “Fa ke ne ke dira diphoso, ba ne ba nthusa go lemoga gore nka ithuta mo diphosong tseo.” d
19. Ta ka fanila ku zwimisila ku thamani?
19 Malatsi a le 40 pele Jesu a boela kwa legodimong o ile a kgothatsa ba bangwe, a ba ruta a bo a ba katisa. E kete le rona re ka ikemisetsa go mo etsa. (1 Pet. 2:21) O tla re thusa go dira jalo ka gonne o ne a re: “Ke na le lona malatsi otlhe go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe leno.”—Math. 28:20.
LUMBO 15 Bakang Leitibolo la ga Jehofa!
a Dibuka tse nnê tse di buang ka botshelo jwa ga Jesu le dibuka tse dingwe mo Baebeleng, di tlhalosa gore Jesu o ile a iponatsa kwa barutweng ba gagwe ka makgetlo a le mantsi pele a boela kwa legodimong. O ile a iponatsa kwa go Marea Magadalena (Joh. 20:11-18); kwa basading ba bangwe (Math. 28:8-10; Luke 24:8-11); kwa barutweng ba le 2 (Luke 24:13-15); kwa go Petere (Luke 24:34); kwa baaposetoloing, Thomase a seyo (Joh. 20:19-24); kwa baaposetoloing, Thomase a le teng (Joh. 20:26); kwa barutweng ba le 7 (Joh. 21:1, 2); kwa barutweng ba feta 500 (Math. 28:16; 1 Bakor. 15:6); kwa go monnawe e bong Jakobe (1 Bakor. 15:7); kwa baaposetoloing botlhe (Dit. 1:4); le kwa baaposetoloing ba le gaufi le Bethani. (Luke 24:50-52) Bakwadi ba Baebele ba ka tswa ba sa umaka makgetlo otlhe a Jesu a ileng a iponatsa kwa barutweng ba gagwe ka one.—Joh. 21:25.
b Fa o batla go bona boporofeti jo bo buang ka Mesia, bala setlhogo se se reng, “A Jesu ke Ene a Diragaditseng Boporofeti jo bo Buang ka Mesia?” mo jw.org.
c Bagolwane bangwe ba basha ba ka tlhomiwa gore e nne balebedi ba potologo, tota le fa ba na le dingwaga di le 25 go ya go 30. Mme gone, ba tshwanetse go nna le maitemogelo pele.
d Fa o batla go bona dikakantsho tse di ka go thusang gore o thuse bakaulengwe ba basha gore ba nne le maikarabelo mangwe, bala makasine wa Tora ya Tebelo wa August 2018 ts. 11-12, ser. 15-17 le wa April 15, 2015, ser. 3-8, 9-13.
e TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mokaulengwe o thusa motho yo a mo rutang Baebele gore a akanye ka se Baebele e se buang. Go tswa foo, motho yoo o latlha dilo tse a kgabisang ka tsone ka Keresemose.