Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 42

LUMBO 103 Badisa​—Dimpho Tse di Molemo

Lakidza ku Bokela “Zwipo Zwe Balume”

Lakidza ku Bokela “Zwipo Zwe Balume”

“Wakati etathila pezhugwi . . . , ka pa zwipo [zwe balume].”​—BAE. 4:8.

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO

Mo setlhogong seno, re tla bona gore batlhanka ba bodiredi, bagolwane le balebedi ba potologo ba re thusa jang, le gore rona re ka bontsha jang gore re lebogela se ba re direlang sone.

1. I zwipo zwipi zwingwe zwa ta ka piwa na Jesu?

 GA GO na ope yo o kileng a thusa batho jaaka Jesu. Fa a ne a le mo lefatsheng, o ile a dira dikgakgamatso go thusa batho. (Luke 9:12-17) Mpho e e di gaisang tsotlhe e a ileng a re naya yone ke go ntsha botshelo jwa gagwe gore a re swele. (Joh. 15:13) Mme ga a a ka a felela foo, o tswelela a re thusa. Fela jaaka a ne a solofeditse, o ile a kopa Jehofa gore a re neye moya wa gagwe o o boitshepo gore o re rute le gore o re gomotse. (Joh. 14:16, 17, ntlh.; 16:13) O dirisa dipokano go re naya se re se tlhokang gore re dire batho barutwa mo lefatsheng lotlhe.​—Math. 28:18-20.

2. Ndi boyani bangwe ba ku no legwa ne kwabo kuyi “zwipo zwe balume” mu na Baefeso 4:7, 8?

2 Go na le mpho e nngwe e Jesu a re neileng yone. Moaposetoloi Paulo o ile a re fa Jesu a sena go ya kwa legodimong “o ne a abela phuthego banna ba ba nang le bokgoni jwa go dira ditiro tse di farologaneng.” (Bala Baefeso 4:7, 8.) Paulo o ile a tlhalosa gore Jesu o ile a aba banna bano gore ba nonotshe phuthego ka ditsela tse di sa tshwaneng. (Baef. 1:22, 23; 4:11-13) Gompieno banna bano ba akaretsa batlhanka ba bodiredi, bagolwane le balebedi ba potologo. a Boammaaruri ke gore bakaulengwe bano ba na le boleo, ka jalo ba dira diphoso. (Jak. 3:2) Mme gone, Jesu o a ba dirisa gore ba re thuse.

3. Lakidza se kwa ti nga batsha mu nshingo we “zwipo zwe balume.”

3 Jesu o neile banna bano tiro ya botlhokwa ya go nonotsha phuthego. (Baef. 4:12) Mme gone, rotlhe re ka ba thusa gore ba dire tiro eno. Re ka tshwantsha seno le tiro e e dirwang fa go agiwa Holo ya Bogosi. Bangwe ba a aga. Mme ba bangwe ba thusa ka go dira dijo, ka dipalangwa le ka dilo tse dingwe. Ka tsela e e tshwanang, se re se buang le se re se dirang se ka thusa batlhanka ba bodiredi, bagolwane le balebedi ba potologo gore ba nonotshe phuthego. A re boneng gore tiro e banna bano ba e dirang e ka re tswela mosola jang le gore re ka bontsha jang Jesu le banna bano gore re a ba rata.

BALANDA BA NO SHINGILA BA NO THAMA “MISHINGO I NO SHETEKA”

4. I mishingo ipi ingwe “i no sheteka” ya ka be i thangwa ne balanda ba no shingila mu century ye kutanga?

4 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, bakaulengwe bangwe ba ne ba tlhomiwa gore e nne batlhanka ba bodiredi. (1 Tim. 3:8) Go lebega e le bone ba Paulo a neng a bua ka bone fa a ne a re ba “thusa ba bangwe.” (1 Bakor. 12:28) Batlhanka ba bodiredi ba ne ba dira ditiro tsa botlhokwa gore bagolwane ba kgone go tlhoma mogopolo mo tirong ya go ruta le go dira maeto a bodisa. Ka sekai, batlhanka ba bodiredi ba ka tswa ba ne ba thusa ka go dira dikhopi tsa Dikwalo kgotsa ka go reka dilo tse di neng di tlhokega go dira dikhopi tseo.

5. I mishingo ipi ingwe i no sheteka i no thangwa ne balanda ba no shingila ngwenu?

5 Akanya ka ditiro tsa botlhokwa tse batlhanka ba bodiredi ba di dirang mo phuthegong ya lona. (1 Pet. 4:10) Ba ka tswa ba abetswe go thusa ka diakhaonto kgotsa ka tshimo ya phuthego, go otara dikgatiso le go di naya baboledi, go thusa ka dimaekerofounu le go tshameka dipina le dibidio kwa dipokanong, go nna batlhokomedi kgotsa go tlhokomela Holo ya Bogosi. Ditiro tseno tsotlhe di botlhokwa e bile di dira gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba itumelele dipokano le gore tiro ya go rera e tsamaye sentle. (1 Bakor. 14:40) Mo godimo ga moo, batlhanka bangwe ba bodiredi ba neela dipuo kwa dipokanong tsa mo gare ga beke le dipuo tsa phatlalatsa. Gape motlhanka wa bodiredi a ka kopiwa go thusa molebedi wa setlhopha. Ka dinako tse dingwe, mogolwane a ka mo kopa gore a tsamaye le ene fa a dira maeto a bodisa.

6. I mabaka api a no thama kuti ti shathile nshingo nkulu u no thangwa ne balanda ba no shingila?

6 Tiro e batlhanka ba bodiredi ba e dirang e tswela bakaulengwe le bokgaitsadi mosola. Kgaitsadi mongwe wa kwa Bolivia yo o bidiwang Beberly b a re: “Ke leboga tota go bo re na le batlhanka ba bodiredi mo phuthegong. Ba dira gore ke itumelele dipokano. Tiro e ba e dirang e nthusa gore ke kgone go opela, go arabela, go reetsa dipuo le go lebelela dibidio le ditshwantsho. Ba tlhomamisa gore re nna re sireletsegile fa re le kwa dipokanong e bile ba thusa ba ba sa kgoneng go tla kwa Holong ya Bogosi gore ba kgone go tsena dipokano ba le kwa gae. Morago ga dipokano, ba thusa ka go phepafatsa le ka diakhaonto. Gape ba tlhomamisa gore re nna le dikgatiso tse re di tlhokang. Ruri ke a ba leboga!” Kgaitsadi Leslie yo o nnang kwa Colombia yo monna wa gagwe e leng mogolwane a re: “Batlhanka ba bodiredi ba thusa monna wa me fela thata. Fa e ne e se ka bone, monna wa me o ne a tla nna le tiro e ntsi thata. Ke lebogela gore ba matlhagatlhaga le gore ba ikemiseditse go thusa.” Wena o ikutlwa jang ka tiro e batlhanka ba bodiredi ba e dirang?​—1 Tim. 3:13.

7. Ti nga lakidza chini kuti to shathila nshingo u no thangwa ne balanda ba no shingila? (Bona itshwantsho.)

7 Boammaaruri ke gore re lebogela tiro e batlhanka ba bodiredi ba e dirang, mme gone Baebele e re kgothaletsa gore re ba bolelele kafa re ikutlwang ka gone. (Bakol. 3:15) Mogolwane mongwe wa kwa Finland yo o bidiwang Krzysztof a re: “Fa ke romelela motlhanka wa bodiredi mpho kgotsa karata, ke kwala temana ke bo ke mmolelela sengwe se a se buileng kgotsa se a se dirileng se se ileng sa nkgothatsa le gore ke lebogela tiro e a e dirang.” Pascal le Jael ba ba nang kwa New Caledonia ba rapelela batlhanka ba bodiredi. Pascal a re: “Bosheng jaana re ntse re rapelela batlhanka ba bodiredi ba ba mo phuthegong ya rona, re leboga Jehofa go bo a re neile bone, e bile re mo kopa gore a ba thuse.” Jehofa o reetsa dithapelo tseo e bile seo se tswela botlhe mo phuthegong mosola.​—2 Bakor. 1:11.

BAKUGWANA BE GUBUNGANO “BA NO SHINGA KWAZO”

8. Ini Paulo a ka leba kuti bakugwana be century ye kutanga ba ka be be “shinga kwazo”? (1 Bathesalonika 5:12, 13)

8 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, bagolwane ba ne ba dira ka natla mo phuthegong. (Bala 1 Bathesalonika 5:12, 13; 1 Tim. 5:17) Ba ne ba ‘okamela’ phuthego, ba tshwara dipokano e bile ba dira ditshwetso tse di amang phuthego. Ba ne ba “tlhagisa” bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba tswelele ba na le tumelo e e nonofileng. (1 Bathes. 2:11, 12; 2 Tim. 4:2) Gape bagolwane ba ne ba dira ka natla gore ba tlamele ba malapa a bone, e bile ba ne ba dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba nne le tumelo e e nonofileng le gore ba tswelele ba atamalane le Jehofa.​—1 Tim. 3:2, 4; Tito 1:6-9.

9. I mishingo ipi ingwe i no thangwa ne bakugwana ngwenu?

9 Bagolwane ba na le tiro e ntsi. Ba rera dikgang tse di molemo. (2 Tim. 4:5) Ba tlhoma sekao se se molemo mo bodireding, ba rulaganya gore tshimo ya lefelo la bone e dirwe jang e bile ba re bontsha gore re ka dira jang gore re atlege fa re rera le fa re ruta batho ba bangwe. Gape ke baatlhodi ba ba kutlwelobotlhoko. Fa mongwe mo phuthegong a dirile boleo jo bo masisi, bagolwane ba mo thusa gore a nne tsala ya ga Jehofa gape. Mme gone, ba leka ka natla gore phuthego e nne e le phepa. (1 Bakor. 5:12, 13; Bagal. 6:1) Sa botlhokwa le go feta ke gore bagolwane ke badisa. (1 Pet. 5:1-3) Ba neela dipuo, ba leka ka natla go itse mongwe le mongwe mo phuthegong e bile ba dira maeto a bodisa. Bagolwane ba bangwe bone ba dira dikabelo tse dingwe gape. Ba thusa go aga Diholo Tsa Bogosi le go di baakanya, ba rulaganya dikopano e bile ba thusa mo Dikomiting Tsa Puisano le Dikokelo le mo Ditlhopheng Tse di Etelang Balwetse. Ruri bagolwane ba dira ka natla!

10. I mabaka api mangwe a no thama kuti ti bokele nshingo nkulu u no thangwa ne bakugwana?

10 Jehofa o ile a bolelela pele gore badisa ba ne ba tla re tlhokomela e bile re ne re se ‘kitla re tlhola re boifa, kgotsa re tshoga.’ (Jer. 23:4) Kgaitsadi mongwe wa kwa Finland yo o bidiwang Johanna a re o ile a ikutlwa fela jalo fa mmaagwe a lwala. A re: “Ga go motlhofo go bolelela batho ba bangwe kafa ke ikutlwang ka gone, mme mogolwane mongwe yo ke neng ke sa mo tlhwaela o ile a ntheetsa fa ke ne ke mmolelela gore ke ikutlwa jang. O ile a rapela le nna a bo a ntlhomamisetsa gore Jehofa o a nthata. Ga ke gopole sentle gore o ile a nthaya a reng, mme se ke se gopolang ke gore ke ne ke sa tlhole ke tlhobaela. Ke dumela gore Jehofa ke ene a mo rometseng gore a tle go bua le nna.” Bagolwane ba ba mo phuthegong ya lona ba go thusitse jang?

11. Ti nga bokela chi no thangwa ne bakugwana chini? (Bona itshwantsho.)

11 Jehofa o batla gore re bontshe bagolwane gore re a ba leboga “ka ntlha ya tiro ya bone.” (1 Bathes. 5:12, 13) Kgaitsadi mongwe yo o nnang kwa Finland yo o bidiwang Henrietta a re: “Bagolwane ba ikemiseditse go thusa ba bangwe ka go rata, mme seno ga se reye gore ba na le nako kgotsa maatla a a fetang a batho ba bangwe le gore ga ba na mathata. Ka dinako dingwe ke tle ke ye kwa go bone ke bo ke ba raya ke re: ‘Ke batla go go bolelela gore o motho wa botlhokwa.’” Kgaitsadi mongwe yo o nnang kwa Türkiye c yo o bidiwang Sera a re: “Bagolwane ba tlhoka go kgothadiwa gore ba kgone go tswelela ba dira tiro ya bone. Ka jalo, re ka ba kwalela melaetsa, ra ba laletsa gore ba tle go ja le rona kgotsa ra dira mmogo le bone mo tshimong.” A go na le mogolwane mongwe yo o lebogelang tiro e a e dirang? Fa go ntse jalo, dira sengwe go bontsha gore o lebogela tiro e a e dirang.​—1 Bakor. 16:18.

O ka kgothatsa bakaulengwe ba ba tlhomilweng gore ba kgone go tswelela ba dira tiro ya bone (Bona serapa 7, 11, 15)


BAPOTELEKI BA NO TI SIMISA

12. I ndongoloso ipi ya ka simisa makubungano mu century ye kutanga? (1 Bathesalonika 2:7, 8)

12 Jesu Keresete o ile a tlhoma banna ba bangwe gore ba thuse phuthego ka tsela e nngwe. O ile a dirisa bagolwane ba ba kwa Jerusalema gore ba romele Paulo, Barenabase le ba bangwe gore e nne balebedi ba ba etang. (Dit. 11:22) Goreng? Ka gonne fela jaaka batlhanka ba bodiredi le bagolwane, le bone ba ne ba tla nonotsha phuthego. (Dit. 15:40, 41) Banna bano ba ile ba itima dilo di le dintsi gore ba kgone go dira tiro eno, e bile ka dinako dingwe ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing gore ba rute le go kgothatsa ba bangwe.​—1 Bathesalonika 2:7, 8.

13. Mishingo mingwe ye bapoteleki ndi ipi?

13 Balebedi ba potologo ba nna fela ba le mo tseleng. Bangwe ba bone ba tsamaya sekgala se seleele go ya kwa diphuthegong tse dingwe. Beke le beke molebedi wa potologo o neela dipuo di le mmalwa, o dira maeto a bodisa, o tshwara pokano ya babulatsela le ya bagolwane e bile o tshwara dipokano tsa tshimo. O baakanyetsa dipuo e bile o rulaganya dikopano tsa potologo le tsa kgaolo. O ruta mo dikolong tsa babulatsela e bile o tshwara pokano e e kgethegileng le babulatsela ba ba mo potologong ya gagwe. Mo godimo ga moo, o dira dikabelo tse dingwe tsa botlhokwa tse a di newang ke ofisi ya lekala, ka dinako tse dingwe dikabelo tseo di potlakile.

14. I mabaka mangwe api a no thama kuti ti bokele nshingo nkulu we bapoteleki?

14 Balebedi ba potologo ba thusa diphuthego jang? Mokaulengwe mongwe yo o nnang kwa Türkiye o itumelela go bo balebedi ba potologo ba etela diphuthego. A re: “Nako le nako fa molebedi wa potologo a tla mo phuthegong ya rona, ketelo ya gagwe e ntlhotlheletsa gore ke nne ke thusa bakaulengwe le bokgaitsadi. Ke itse balebedi ba potologo ba le bantsi tota, mme ga go na ope wa bone yo o neng a dira gore ke ikutlwe e kete ga a batle go bua le nna kgotsa gore ke a mo tshwenya ka gonne a tshwaregile ka tiro ya gagwe.” Johanna yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng, o ile a tsamaya le molebedi wa potologo mo tshimong mme mo letsatsing leo ga ba a ka ba fitlhela batho mo matlong. A re: “Le fa gone re sa fitlhela ope, ga nkitla ke lebala letsatsi leo. Bonkgonne ba le babedi ba ne ba sa tswa go fuduga e bile ke ne ke ba gopotse fela thata. Mme molebedi wa potologo o ne a nkgothatsa a bo a nthusa go lemoga gore le fa nna le ba lelapa la gaetsho le ditsala tsa me re sa kgone go nna mmogo gone jaanong, go ise go ye kae re tlile go fetsa nako e ntsi re le mmogo kwa lefatsheng le lesha.” Ga go pelaelo gore balebedi ba potologo ba ile ba thusa bontsi jwa rona ka ditsela tse di farologaneng.​—Dit. 20:37–21:1.

15. (a) Ku yendidzana na 3 Johani 5-8, ti nga bokela nshingo we bapoteleki chini? (Bona itshwantsho.) (b) Ini ta ka fanila kumbulila bakadzi be balume ba no shingisiwa mu gubungano, ngono ti nga thama ichecho chini? (Bona box li noti “ Nna o Akantse ka Basadi ba Banna ba ba Tlhomilweng.”)

15 Moaposetoloi Johane o ile a kgothaletsa Gaio gore a amogele bakaulengwe ba ba tlang go nonotsha phuthego le go mo kopa gore fa ba tsamaya, a dire ka “bojotlhe go ba thusa ka tsela e e tla itumedisang Modimo.” (Bala 3 Johane 5-8.) Le rona re ka bontsha gore re a ba amogela ka go ba laletsa gore ba tle go ja le rona le go nna teng kwa dipokanong tsa tirelo ya tshimo tse ba di tshwarang. Go na le ditsela tse dingwe tse Leslie yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng a bontshang ka tsone gore o lebogela balebedi ba potologo. A re: “Ke nna ke kopa Jehofa gore a ba neye dilo tse ba di tlhokang. Nna le monna wa me re ba kwalela makwalo e bile re ba lebogela go bo ba ne ba tlile go re etela le go bo ba re thusitse.” Gopola gore balebedi ba potologo ba lebana le mathata e bile le bone ba a lapa fela jaaka mongwe le mongwe wa rona. Ka dinako dingwe ba ka lwala, ba tlhobaela kgotsa ba kgobega marapo. Gongwe se o se buang kgotsa mpho e o ka e nayang molebedi wa potologo, e ka tswa e le tsela e Jehofa a go dirisang ka yone go araba thapelo ya gagwe.​—Diane 12:25.

TO SHETA “ZWIPO ZWE BALUME”

16. Ku yendidzana ne Zwiani 3:27, bazwalani ba nga zwibuzwa buzo dzipi?

16 Mo lefatsheng lotlhe, go tlhokega banna ba ba ka direlang mo phuthegong. Fa e le gore o mokaulengwe yo o kolobeditsweng, a o ka kgona go thusa? (Bala Diane 3:27.) A o ipeetse mokgele wa go nna motlhanka wa bodiredi? Mme fa e le gore o setse o le motlhanka wa bodiredi, a o ipeetse mokgele wa gore o nne mogolwane? d A o tlhoka go dira diphetogo dingwe mo botshelong jwa gago gore o kgone go tsenya kopo ya go ya kwa Sekolong sa Baboledi ba Bogosi? Sekolo seno se tla go katisa e bile se tla go thusa gore Jesu a kgone go go dirisa ka botlalo. Fa e le gore o akanya gore ga o tshwanelege, kopa Jehofa gore a go thuse ka moya wa gagwe o o boitshepo gore o kgone go dira kabelo epe fela e o e newang.​—Luke 11:13; Dit. 20:28.

17. “Zwipo zwe balume” zo lakidzani ne kwe She yedu, Kirisiti Jesu?

17 Banna ba ba tlhomilweng ba ba re etelelang pele mo diphuthegong ke sesupo sa gore Jesu ke ene a re etelelang pele mo metlheng eno ya bofelo. (Math. 28:20) Re lebogela go bo re na le Kgosi e e lorato e bile e le pelotshweu. O a itse gore re tlhoka eng e bile o re neile bakaulengwe bano gore ba re thuse. Ka jalo, dira dilo tse di tla bontshang gore o lebogela banna bano e bile o se ka wa lebala go leboga Jehofa ka gonne ke ene a re neileng “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng.”​—Jak. 1:17.

LUMBO 99 Boidiidi Jwa Bakaulengwe

a Bagolwane ba e leng maloko a Setlhopha se se Laolang, bathusi ba Setlhopha se se Laolang, maloko a Komiti ya Lekala le ba ba dirang dikabelo tse dingwe, le bone ke banna ba ba tlhomilweng.

b Maina mangwe a fetotswe.

c E ne e bidiwa Turkey.

d Fa o batla go itse gore ke eng se o ka se dirang gore o tshwanelege go nna motlhanka wa bodiredi kgotsa mogolwane, bona setlhogo se se reng, “Bakaulengwe​—A lo Dira ka Natla Gore lo Tshwanelege go Nna Batlhanka ba Bodiredi?” le se se reng, “Bakaulengwe​—A lo Dira ka Natla Gore lo Tshwanelege go Nna Bagolwane?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa November 2024.