NSHOLO WE ZWIDIYO 37
“Ndowozunguza Njudzi Dzose”
“Ndowozunguza njudzi dzose, ndizo fumwa ye njudzi dzose inowozha.”—HAG. 2:7.
LUMBO 24 Tlang mo Thabeng ya ga Jehofa
CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO *
1-2. Hwu zunguziwa kupi kwe chifaniso kwa ka lebegwa mbeli ku no shingikala mu chibaka chedu?
“MO METSOTSONG e se mekae, dishopo le dikago tsa bogologolo di ne tsa simolola go wa.” “Mongwe le mongwe o ne a tshogile . . . Batho ba le bantsi ba re go reketla goo ga thoromo ya lefatshe go tsere metsotso e le mebedi fela. Mme nna ke ne ke utlwile e kete go tsere lobaka lo loleele.” Tseo ke dikakgelo tsa batho bangwe ba ba neng ba falola thoromo ya lefatshe kwa Nepal ka 2015. Fa o ne o ka diragalelwa ke sengwe se se boifisang jalo, o ne o ka se se lebale.
2 Gone jaanong ga re tle go bua ka go reketla go go neng ga diragala mo toropong nngwe kgotsa mo nageng e e rileng. Mme re tla bua ka go reketla go go farologaneng. Jehofa o reketlisa ditšhaba mo lefatsheng lotlhe mme o na le dingwaga di le dintsi a dira jalo. Go reketla goo go ne ga bolelelwa pele ke moporofeti Hagai. O ne a re: “Jehofa wa masomosomo a re, ‘Mo nakong e e sa fediseng pelo, ke sa ntse ke tla reketlisa magodimo le lefatshe le lewatle le naga e e omeletseng.’”—Hag. 2:6.
3. Ku zunguzika ikoko kwe chifaniso ha ku to fanana chini ne ku zunguzika kwe shango dumbu?
3 Go reketla go Hagai a neng a bua ka gone ga go tshwane le thoromo ya lefatshe ya mmatota e e senyang sengwe le sengwe. Go na le moo, go nna le diphelelo tse di molemo. Jehofa ka boene a re: “Ke tla reketlisa ditšhaba tsotlhe, mme dilo tse di tlhwatlhwakgolo tse di tswang mo ditšhabeng tsotlhe di tla tsena mo ntlong eno; mme ke tla e tlatsa ka kgalalelo.” (Hag. 2:7) Boporofeti jono bo ne bo ama jang batho ba ba neng ba tshela mo motlheng wa ga Hagai? Mme rona bo re ama jang gompieno? Re tlile go tlotla ka dikarabo tsa dipotso tseo e bile re tlile go bona gore re ka nna le seabe jang mo tirong ya go reketlisiwa ga ditšhaba gompieno.
ZIBISO I NO KULUMBIDZA MU MISI YA HAGAYI
4. Ini Jehova a ka tuma mporofiti Hagayi ku bathu babe?
4 Jehofa o ne a naya moporofeti Hagai tiro e e botlhokwa. Akanya ka se se neng sa direga pele ga moo. Hagai e ka tswa e ne e le mongwe wa Bajuda ba ba neng ba boela kwa Jerusalema ka 537 B.C.E. * ba tswa kwa botshwarwa kwa Babelona. Nakwana fela fa baobamedi bao ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba sena go goroga kwa Jerusalema, ba ne ba thaya motheo wa ntlo ya ga Jehofa kgotsa tempele. (Esera 3:8, 10) Mme go ise go ye kae, go ne ga direga sengwe se se utlwisang botlhoko. Ba ne ba kgobega marapo ba bo ba tlogela go aga ka gonne batho ba ba nnang gaufi le bone ba ne ba ba ganetsa. (Esera 4:4; Hag. 1:1, 2) Ka jalo, ka 520 B.C.E., Jehofa o ne a laela Hagai gore a kgothatse Bajuda bao gore ba boe ba nne matlhagatlhaga gape mme ba feleletse go aga tempele. *—Esera 6:14, 15.
5. Ini zibiso ya Hagayi ya ka fanila ya ka gadzikanya moyo we bathu be Ndzimu?
5 Boikaelelo jwa molaetsa wa ga Hagai e ne e le go thusa Bajuda gore ba ikanye Jehofa. Moporofeti yoo o ne a bolelela Bajuda bao ba ba neng ba kgobegile marapo mafoko ano ka bopelokgale: “‘Lona lotlhe batho ba lefatshe leno lo nonofe, mme lo dire,’ go bua Jehofa. ‘Gonne ke na le lona,’ go bua Jehofa wa masomosomo.” (Hag. 2:4) Mafoko a a reng “Jehofa wa masomosomo” a tshwanetse a bo a ile a ba kgothatsa tota. Jehofa o na le lesomo le legolo la baengele, ka jalo Bajuda ba ne ba tshwanetse go mo ikanya gore ba atlege.
6. Ku zunguziwa kwa ka lebegwa mbeli na Hagayi kwa ka be kowo pelela neni?
6 Jehofa o ne a roma Hagai gore a ye go bolelela Bajuda gore o tlile go reketlisa ditšhaba tsotlhe. Bajuda bao ba ne ba tlogetse go aga tempele ka gonne ba kgobegile marapo, mme se Jehofa a neng a se bolelela Hagai, se ne sa ba tlhomamisetsa gore Jehofa o ne a tlile go reketlisa mmusomogolo wa Peresia o o neng o busa lefatshe ka nako eo. Go reketla goo go ne go tla felela ka eng? Sa ntlha, Bajuda ba ne ba tla fetsa go aga tempele. Mme batho ba e seng Bajuda le bone ba ne ba tla obamela Jehofa mo tempeleng eo e e agilweng sesha. Molaetsa oo o tshwanetse wa bo o ile wa kgothatsa batho ba Modimo fela thata!—Seka. 8:9.
NSHINGO U NO ZUNGUZA SHANGO NGWENU
7. U nshingo upi we ku zunguza wa ti no shanganyila mu uli ngwenu? Chenesa.
7 Boporofeti jwa ga Hagai bo re ama jang gompieno? Jehofa o reketlisa ditšhaba gape, mme mo lekgetlong leno re kgona go nna le seabe mo tirong eo. Akanya ka ntlha eno: Ka 1914, Jehofa o ne a tlhoma Jesu Keresete gore e nne Kgosi ya Bogosi Jwa Gagwe jo bo kwa legodimong. (Pes. 2:6) Baeteledipele ba lefatshe ba ne ba se kitla ba itumelela dikgang tseo. Seo se ne se raya gore “dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba” di ne di khutlile. Ka mafoko a mangwe, nako e batho ba ga Jehofa ba neng ba e fetsa ba se na kgosi e e ba busang e e emelang Jehofa, e ne e fedile. (Luke 21:24) Ka ntlha ya seo, fa e sa le ka 1919, batho ba ga Jehofa ba ntse ba bolelela batho gore Bogosi Jwa Modimo ke jone fela jo bo tla rarabololang mathata a batho. Go rerwa ga “dikgang tseno tse di molemo tsa Bogosi” go reketlisitse lefatshe lotlhe.—Math. 24:14.
8. Ku yenda na Pisalema 2:1-3, bunji gwe zwichaba go toleka chini ne kwe zibiso iyeyi?
8 Batho ba le bantsi ba itshwara jang fa ba utlwa molaetsa ono? Bontsi jwa bone ga ba o amogele. (Bala Pesalema 2:1-3.) Ditšhaba di galefile. Di gana go amogela Kgosi e Jehofa a e tlhomileng. Ga di dumele gore molaetsa o re o rerang wa Bogosi, ke ‘dikgang tse di molemo.’ Tota e bile, dipuso tse dingwe di thibetse tiro ya rona ya go rera! Le fa babusi ba le bantsi ba ditšhaba tseno ba re ba obamela Modimo, ga ba batle go busiwa ke Bogosi Jwa Modimo. Fela jaaka babusi ba motlha wa ga Jesu ba ne ba dira, babusi ba gompieno ba ganetsa Motlodiwa wa ga Jehofa ka go tlhasela balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang.—Dit. 4:25-28.
9. Jehova u no tola thambo ipi ne kwe ku zwibata ku sa ka lulwama kwe zwichaba?
9 Jehofa o leka jang go thusa ditšhaba tse di sa amogeleng molaetsa wa Bogosi? Pesalema 2:10-12 e a re: “Mme jaanong, lona dikgosi, bontshang gore lo na le temogo; amogelang kgalemelo, lona baatlhodi ba lefatshe. Boifang Jehofa fa lo ntse lo mo direla, mme lo itumele fa lo ntse lo mo tlotla. Tlotlang morwa, go seng jalo Modimo o tla galefa, mme lo tla nyelediwa lo tlosiwa mo tseleng, gonne bogale jwa Gagwe bo tuka ka bonako. Go itumela botlhe ba ba tshabelang mo go Ene.” Jehofa o pelonomi ka gonne o naya baganetsi bano tshono ya gore ba dire tshwetso e e siameng. Ba sa ntse ba ka fetola mogopolo mme ba amogela Bogosi Jwa ga Jehofa. Mme gone, ga go sa tlhole go na le nako e kalo. Re tshela mo “malatsing a bofelo” jwa lefatshe leno. (2 Tim. 3:1; Isa. 61:2) Go potlakile gore batho ba itse boammaaruri le gore ba tlhophe go direla Jehofa.
KU ZWIBATA KWA KA LULWAMA HA KU ZUNGUZIWA
10. Hwu ku zwibata kwa ka lulwama kupi ku no chenesiwa mu na Hagayi 2:7-9 ha ku thamiwa nshingo we ku zunguza?
10 Batho bangwe ba amogela molaetsa wa go reketlisiwa o Hagai a o boleletseng pele. Mo go one o re bolelela gore ka ntlha ya go reketlisiwa, “dilo tse di tlhwatlhwakgolo [e leng batho ba dipelo tse di siameng] tse di tswang mo ditšhabeng tsotlhe di tla tsena” di tla go obamela Jehofa. * (Bala Hagai 2:7-9.) Isaia le Mika le bone ba ne ba bolelela pele gore seno se ne se tla direga “mo metlheng ya bofelo.”—Isa. 2:2-4; Mika 4:1, 2.
11. Nzwalani nngwe wa ka zwibata chini ha e hwa zibiso ne kwe Bushe gwe kutanga?
11 A re bone gore mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Ken yo o direlang kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe, o ne a dira eng fa a utlwa molaetsa oo o o kgatlhang. Ken o sa ntse a gakologelwa gore o ne a ikutlwa jang fa a ne a utlwa molaetsa wa Bogosi dingwaga di ka nna 40 tse di fetileng. A re: “Lekgetlo la ntlha fa ke ne ke utlwa boammaaruri jwa Lefoko la Modimo, ke ne ke itumeletse go itse gore re tshela mo malatsing a bofelo jwa lefatshe leno. Ke ile ka lemoga gore, ke ne ke tshwanetse go tila go nna karolo ya lefatshe leno le le sa tlhomamang mme ke eme ke nitame mo letlhakoreng la ga Jehofa gore a nkamogele le gore ke bone botshelo jo bo sa khutleng. Ke ne ka rapela mme ka kgaogana le lefatshe, ke bo ke itetla go sirelediwa ke Bogosi Jwa Modimo jo bo ka se kang jwa reketlisiwa.”
12. Tempele ya Jehova ye chimeya ya ka zhadziwa chini ne gudzo mu mazhuba iyawa e bupelo?
12 Go bonala sentle gore Jehofa o ntse a segofatsa batho ba gagwe. Mo metlheng eno ya bofelo, batho ba le bantsi ba ne ba simolola go mo obamela. Ka 1914, baobamedi ba ga Jehofa ba ne ba le dikete di le mmalwa fela. Gone jaanong re feta dimilione di le robedi e bile ngwaga le ngwaga batho ba bangwe ba le dimilione ba nna teng fa re gopola Loso Lwa ga Jesu. Ka jalo, malwapa a a mo lefatsheng a tempele ya ga Jehofa, e leng thulaganyo ya gagwe ya kobamelo e e itshekileng, a tletse “dilo tse di tlhwatlhwakgolo tse di tswang mo ditšhabeng tsotlhe.” Leina la ga Jehofa le a galalediwa fa batho ba apara botho jo bosha mme ba dira diphetogo mo matshelong a bone.—Baef. 4:22-24.
13. Buporofiti gungwe gupi gwa ka shingikadziwa ne zwithu izwezwi zwi no khata? (Bona itshwantsho chi mu khavara.)
13 Koketsego eno e diragatsa boporofeti jo bongwe jwa Baebele, jaaka jo bo mo go Isaia kgaolo 60. Temana 22 ya kgaolo eo e a re: “Yo monnye o tla nna sekete, le yo mmotlana o tla nna setšhaba se se maatla. Nna Jehofa, ke tla go akofisa mo motlheng wa gone.” Go direga sengwe se se kgatlhang fa batho ba simolola go obamela Jehofa. “Dilo tse di tlhwatlhwakgolo” tseno kgotsa batho bano, ba tla ba na le bokgoni jo bo farologaneng e bile ba ikemiseditse go rera ‘dikgang tse di molemo tsa Bogosi.’ Seo se dira gore batho ba ga Jehofa ba dirise bokgoni joo jwa bone jo Isaia a bo tlhalosang a re ke “mashi a ditšhaba.” (Isa. 60:5, 16) Banna le basadi bano ba thusa gore go rerwe dikgang tse di molemo mo dinageng di le 240, le gore go dirwe dikgatiso ka dipuo di feta 1 000.
CHIBAKA CHE KU TOLA THAMBO
14. I thambo ipi ya ka fanigwa ku togwa ne bathu ngwenu wale?
14 Mo motlheng ono wa bofelo, go reketlisiwa ga ditšhaba go pateletsa batho gore ba dire tshwetso ya gore a ba tla ema Bogosi Jwa Modimo nôkeng kgotsa ba tla ikanya dipuso tsa lefatshe leno. Eno ke tshwetso e mongwe le mongwe a tla tshwanelwang ke go e dira. Le fa batho ba ga Jehofa ba ikobela melao ya dipuso tsa dinaga tse ba nnang mo go tsone, ga ba tseye letlhakore mo dipolotiking tsa lefatshe leno. (Bar. 13:1-7) Ba a itse gore Bogosi Jwa Modimo ke jone fela jo bo tla rarabololang mathata a batho. Mme Bogosi joo ga se karolo ya lefatshe leno.—Joh. 18:36, 37.
15. Hwu likwa kupi ku kulu kwe ku thembeka ku no chenesiwa mu buka ye Zumbunulo?
15 Buka ya Tshenolo e re bolelela gore mo malatsing a bofelo boikanyegi jwa batho ba Modimo bo tla lekiwa. Teko eo e tla dira gore re ganediwe thata. Mekgatlho ya dipolotiki tsa lefatshe leno e tla batla gore re e obamele, mme e tla bogisa ba ba ganang go e ema nôkeng. (Tshen. 13:12, 15) E tla “pateletsa batho botlhe, ba bannye le ba bagolo, bahumi le bahumanegi, batlhanka le ba e seng batlhanka, gore ba tshwaiwe mo seatleng sa moja kgotsa mo phatleng.” (Tshen. 13:16) Makgoba a mo nakong e e fetileng a ne a tshwaiwa go bontsha gore mong wa one ke mang. Ka tsela e e tshwanang, le gompieno go tla lebelelwa gore batho ba bontshe gore ke mang yo ba mo emang nôkeng. Mekgatlho eo ya dipolotiki e tla batla gore tsela e batho ba akanyang ka yone le e ba dirang dilo ka yone e bontshe gore ba e ema nôkeng.
16. Ini ku shakika kwazo kuti ti simise ku themba kwedu Jehova ngwenu wale?
16 A re tla amogela letshwao leo re bo re ema dipuso tsa dipolotiki nôkeng? Batho ba ba ganang go amogela letshwao ba tla ganediwa e bile matshelo a bone a tla nna mo kotsing. Buka ya Tshenolo e tlhalosa jaana: “Motho ope a [ka] se ka a kgona go reka kgotsa go rekisa fa a se na letshwao leo.” (Tshen. 13:17) Le fa go ntse jalo, batho ba Modimo ba a itse gore Modimo o tlile go dira eng ka batho ba ba nang le letshwao le go buiwang ka lone mo go Tshenolo 14:9, 10. Go na le gore ba amogele letshwao leo, go tla nna jaaka e kete mo diatleng tsa bone go kwadilwe mafoko a a reng, “Wa ga Jehofa.” (Isa. 44:5) Eno ke nako ya go nonotsha tsela e re ikanyang Jehofa ka yone. Fa re dira jalo, Jehofa o tla itumelela go re bitsa batho ba gagwe.
KU ZUNGUZA KWE BUPELO
17. Ta ka fanila ku kumbulani ne kwe bumoyonlefu gwa Jehova?
17 Mo malatsing ano a bofelo, Jehofa o bontshitse gore o pelotelele. Ga a batle gore ope a senngwe. (2 Pet. 3:9) O neile mongwe le mongwe tshono ya gore a ikwatlhaye le gore a tlhophe go mo direla. Mme gone, a ka se nnele pelotelele ruri. Batho ba ba ganang go ema Bogosi Jwa Modimo nôkeng ba tla diragalelwa ke se se neng sa diragalela Faro mo motlheng wa ga Moshe. Jehofa o ne a raya Faro a re: “Nkabo ke setse ke ntshitse seatla sa me gore ke iteye wena le batho ba gago ka petso e kgolo mme o ka bo o nyeleditswe mo lefatsheng. Mme ke go tlogetse gore o tswelele o tshela ka lebaka leno: gore ke go bontshe maatla a me le gore leina la me le bolelwe mo lefatsheng lotlhe.” (Ekes. 9:15, 16) Ditšhaba tsotlhe di tla tshwanelwa ke go itse gore Jehofa ke ene fela Modimo wa boammaaruri. (Esek. 38:23) Seo se tla direga jang?
18. (a) Hwu ku zunguza kupi ku no chenesiwa mu na Hagayi 2:6, 20-22? (b) To ziba chini kuti matama a Hagayi a no shingikadziwa kakale mu mazhuba a no zha?
18 Dingwaga di le dintsi morago ga loso lwa ga Hagai, moaposetoloi Paulo o ne a re mafoko a a mo go Hagai 2:6, 20-22, a ne a tla diragala mo nakong e e tlang. (Bala.) Paulo o ne a re: “Jaanong o solofeditse jaana: ‘Ke sa ntse ke tla reketlisa lefatshe, mme gape ke tla reketlisa le legodimo.’ Jaanong mafoko a a reng ‘ke sa ntse ke tla,’ a bontsha gore dilo tse di reketlisiwang tse di dirilweng di tla senngwa, gore dilo tse di sa reketlisiwang di sale.” (Baheb. 12:26, 27) Go reketla gono go farologane le mo go buiwang ka gone mo go Hagai 2:7, gono go kaya gore ba ba sa batleng go amogela Bogosi Jwa ga Jehofa fela jaaka Faro, ba tla fedisiwa ka bosakhutleng.
19. Ini chi sowo zunguziwa, ngono to ziba chini?
19 Ke eng se se ka se kang sa reketlisiwa kgotsa sa tlosiwa? Paulo o ne a tswelela ka gore: “E re ka re tla amogela Bogosi jo bo ka se kang jwa reketlisiwa, a re tsweleleng re amogela bopelonomi jo bogolo, jo bo tla re thusang go direla Modimo tirelo e e boitshepo ka tsela e a e amogelang re mmoifa e bile re mo tlotla.” (Baheb. 12:28) Fa go reketlisiwa gono go fela, Bogosi Jwa Modimo ke jone fela jo bo tla salang. Bo tla ema bo nitame!—Pes. 110:5, 6; Dan. 2:44.
20. Hwu shalula kupi kwa ka fanila ku thamiwa ne bathu, ngono ti nga ba batsha chini?
20 Nako e setse e ile! Batho ba tshwanetse go tlhopha: A ba tla tswelela ba tshela ka tsela e e bontshang gore ba ema lefatshe leno nôkeng, e leng se se tla felelang ka gore ba senngwe kgotsa a ba tla dira gore botshelo jwa bone bo dumalane le thato ya Modimo, e leng se se tla felelang ka gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng? (Baheb. 12:25) Fa re rera dikgang tse di molemo, re tla thusa batho gore ba dire tshwetso eno e e botlhokwa. E kete re ka thusa batho ba bantsi kafa re ka kgonang ka gone gore ba dire tshwetso ya go ema Bogosi Jwa Modimo nôkeng. Mme a ka metlha re gakologelwe mafoko ano a Morena wa rona e bong Jesu: “Dikgang tseno tse di molemo tsa Bogosi di tla rerelwa batho ba ba mo lefatsheng lotlhe gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe, mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—Math. 24:14.
LUMBO 40 Mong wa Rona ke Mang?
^ ndi. 5 Setlhogo seno se tla tlhalosa tsela e ntšha e re tlhaloganyang Hagai 2:7 ka yone. Re tlile go bona kafa re ka nnang le seabe ka gone mo tirong eno e e kgatlhang e e reketlisang ditšhaba tsotlhe. Gape re tlile go bona gore tiro eno e dira jang gore batho ba bangwe ba itumele mme ba bangwe ba se ka ba itumela.
^ ndi. 4 B.C.E. e kaya pele ga motlha wa ga Keresete.
^ ndi. 4 Re a itse gore Hagai o ne a atlega mo tirong e Jehofa a neng a mo neile yone ka gonne tempele e ne ya wediwa ka 515 B.C.E.
^ ndi. 10 Eno ke tsela e ntšha e re tlhaloganyang temana eno ka yone. Mo nakong e e fetileng, re ne re re go reketlisiwa ga ditšhaba ga go dire gore batho ba dipelo tse di siameng ba simolole go direla Jehofa. Bona setlhogo sa “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa May 15, 2006.
^ ndi. 64 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Hagai o ne a kgothatsa batho ba Modimo gore ba nne matlhagatlhaga gape mme ba age tempele sesha. Batho ba Modimo ba mo motlheng wa rona le bone ba ile ba bolela molaetsa wa Modimo ka matlhagatlhaga. Banyalani bangwe ba bolela molaetsa wa go reketlisiwa ga lefatshe ga bofelo.