Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 38

Batshwa—Buchilo Gwenyu Gwa ka Linga Ngayi?

Batshwa—Buchilo Gwenyu Gwa ka Linga Ngayi?

“Njalakang’wa dzowokulinda.”​—ZWIA. 2:11.

LUMBO 135 Jehofa o Bua Jaana: “Tlhalefa Morwaaka”

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO a

1. Joashi, Uziya, na Josiya ba ka lingisana ne mamo api a ka sima?

 O NE o tla ikutlwa jang fa o ne o ka tlhophiwa gore o nne kgosi o sa ntse o le ngwana? O ne o tla nna kgosi e e ntseng jang? Mo Baebeleng go buiwa ka basha ba le mmalwa ba e neng ya nna dikgosi tsa Juda. Ka sekai, Jehoashe o ne a na le dingwaga di le 7 fa a simolola go busa, Usia di le 16 mme Josia ene di le 8. Eo e ne e se kgetsi e potlana! Mme gone, Jehofa o ile a ba thusa gore ba dire dilo tse dintsi tse di siameng, e bile batho ba bangwe le bone ba ne ba ba thusa.

2. Ini ta ka fanila lingisisa zila Joashi, Uziya, na Josiya ya ba ka zwibata nayo?

2 Le fa gone re se dikgosi kgotsa dikgosigadi, re ka ithuta dilo dingwe tsa botlhokwa mo go Jehoashe, Usia le Josia. Ba ne ba dira ditshwetso tse di siameng, mme ka dinako dingwe ba ne ba dira ditshwetso tse di sa siamang. Se ba ileng ba se dira se tla re thusa go bona gore ke eng fa go le botlhokwa gore re tlhophe ditsala tse di siameng, re tswelele re ikokobeditse le gore re dire dilo tse di tla re thusang gore re nne re atamalane le Jehofa.

SHALULA BAKHWINYA NE BUCHENJEDU

Re ka etsa Jehoashe ka go reetsa fa ditsala di re gakolola (Bona serapa 3 le 7) c

3. She Joashi wa ka zwibata chini mu ndawulo dza a ka piwa ne Mperesiti Nkulu Jehoyada?

3 Dira ditshwetso tse di siameng jaaka Jehoashe. Fa Kgosi Jehoashe a sa le monnye, rraagwe o ne a tlhokafala, mme Moperesiti yo Mogolo Jehoiada o ne a mo godisa a bo a mo ruta ka Jehofa. Jehoashe o ne a dira ditshwetso tse di siameng ka gonne o ne a reetsa kgakololo ya ga Jehoiada. E re ka tlhako ya morago e gata mo tlhako ya pele e gatileng, Jehoashe o ne a direla Jehofa e bile o ile a thusa ba bangwe gore le bone ba mo direle, fela jaaka Jehoiada. Gape o ne a dira dithulaganyo tsa gore tempele ya ga Jehofa e baakanngwe.​—2 Ditir. 24:1, 2, 4, 13, 14.

4. To bona mbayilo upi mu ku hwa ndawulo dza Jehova? (Zwiani 2:1, 10-12)

4 Go itse Jehofa le go tshela ka melao ya gagwe ke letlotlo, ka jalo itumele fa e le gore batsadi ba gago kgotsa mongwe o go ruta ka Jehofa le melao ya gagwe. (Bala Diane 2:1, 10-12.) Batsadi ba gago ba ka go ruta ka ditsela tse di farologaneng. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Katya o tlhalosa gore rraagwe o ile a mo thusa jang go dira ditshwetso tse di siameng. Letsatsi le letsatsi rraagwe o ne a tlotla le ene ka temana ya letsatsi fa a mo isa sekolong. A re: “Seo se ne se nthusa gore ke dire se se siameng fa go tlhaga mathata.” Batsadi ba gago ba ka nna ba go beela melao e e theilweng mo Baebeleng, mme seo se ka nna sa dira gore o ikutlwe e kete ba a go gatelela. Ke eng se se ka go thusang gore o ba ikobele? Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Anastasia a re batsadi ba gagwe ba ne ba mo tlhalosetsa lebaka la go bo ba mmela melao mengwe e e rileng. A re: “Seo se ne sa nthusa go lemoga gore ba ne ba sa mpeele melao ka gonne ba batla go nthatafaletsa botshelo, go na le moo ba ne ba batla go ntshireletsa ka gonne ba nthata.”

5. Mishingo iyo i nga ama bazwadzi babo na Jehova chini? (Zwiani 22:6; 23:15, 24, 25)

5 Batsadi ba gago ba tlile go itumela fa o dirisa kgakololo e ba go nayang yone e e tswang mo Baebeleng. Mo godimo ga moo, Jehofa o tlile go itumela e bile wena o tla atamalana le ene thata. (Bala Diane 22:6; 23:15, 24, 25.) Ka jalo, dira sotlhe se o ka se kgonang gore o dire se Jehoashe a ileng a se dira fa a sa le monnye.

6. Joashi wa ka hwilila gumbuludzo la yani, ngono ku ka pelela neni? (2 Shingikalo 24:17, 18)

6 Ithute mo diphosong tsa ga Jehoashe. Fa Jehoiada a sena go tlhokafala, Jehoashe o ne a itsalanya le batho ba ba sa siamang. (Bala 2 Ditiragalo 24:17, 18.) O ne a simolola go reetsa dikgosana tsa Juda tse di neng di sa re sepe ka Jehofa. A ka bo a ile a tsamaela kgakala le batho bao ka gonne ba ne ba dira dilo tse di sa siamang. (Diane 1:10) Ga a ka a dira jalo, go na le moo o ne a reetsa kgakololo ya bone e e sa siamang. Tota e bile, fa ntsalae e bong Sekarea a ne a mo kgalemela, o ne a dira gore a bolawe. (2 Ditir. 24:20, 21; Math. 23:35) Ruri seo se utlwisa botlhoko! Fa Jehoashe a sa le monnye o ne a dira dilo sentle, mme fa nako e tsamaya o ne a tlhanogela Jehofa a bo a nna mmolai. Go ne ga felela ka eng? Batlhanka ba gagwe ba ne ba mmolaya. (2 Ditir. 24:22-25) Dilo di ka bo di ile tsa mo tsamaela sentle fa a ka bo a ile a reetsa Jehofa le batlhanka ba gagwe! O ithuta eng mo go se se diragaletseng Jehoashe?

7. U nga shalula bakhwinya chini? (Bona itshwantsho.)

7 Tshwetso e e sa siamang e Jehoashe a ileng a e dira, e re ruta gore re tshwanetse go tlhopha ditsala tse di ratang Jehofa e bile di batla go mo itumedisa. Ditsala tseo di tla re thusa go dira se se siameng. Ga o tlhoke go nna tsala fela le dithaka tsa gago. Nna o gopotse gore Jehoashe o ne a le monnye thata mo go Jehoiada, mme e ne e le ditsala. Ipotse go re, ‘A ditsala tsa me di nthusa go atamalana le Jehofa? A ba ikobela Jehofa e bile ba nthotloetsa gore le nna ke dire jalo? A ba rata go bua ka Jehofa le dilo tse ba di ithutileng mo Baebeleng? A ba a nkgalemela fa ke sa dire dilo sentle?’ (Diane 27:5, 6, 17) Nnete ke gore fa ditsala tsa gago di sa rate Jehofa, di ka se go thuse ka sepe. Mme fa e le gore ba rata Jehofa, dilo di tla go tsamaela sentle.​—Diane 13:20.

8. Ha ti shingisa social media, ta ka fanila kumbulilani?

8 Gompieno re kgona go ikgolaganya le ba malapa le ditsala re dirisa Internet. Mme gone, batho ba le bantsi ba e dirisetsa go kgatlha batho ba bangwe. Ba tsenya ditshwantsho tsa dilo tse dintle tse ba di rekileng, kgotsa dibidio tsa dilo tse di kgatlhang tse ba di dirileng. Fa e le gore o dirisa metswedi ya go ikgolaganya le batho ba bangwe, ipotse go re, ‘A ke e dirisetsa go kgatlha batho? A ke e dirisetsa go kgothatsa ba bangwe kgotsa go ikgantsha? A ke letla batho ba ba dirisang metswedi eno gore ba tlhotlheletse tsela e ke akanyang ka yone le e ke buang ka yone, e bile a ke ba letla gore ba ntlhotlheletse go dira dilo tse di sa siamang?’ Mokaulengwe Nathan Knorr, wa Setlhopha se se Laolang o ne a re: “O se ka wa leka go itumedisa batho. O tla feleletsa o sa itumedise ope. Itumedise Jehofa, mme o tla itumedisa botlhe ba ba ratang Jehofa.”

SE KWA KU ZWIYESA PASI KU SHETEKA

9. Jehova wa ka batsha Uziya kuti a thameni? (2 Shingikalo 26:1-5)

9 Dira ditshwetso tse di siameng jaaka Usia. Kgosi Usia o ne a le boikokobetso fa a sa le mosha. O ne a tshela dingwaga di le 68. Fa a ne a “boifa Modimo wa boammaaruri,” Jehofa o ne a mo segofatsa. (Bala 2 Ditiragalo 26:1-5.) Usia o ne a fenya ditšhaba tse dintsi tse di neng di sa rate Baiseraele, mme o ne a tlhomamisa gore Jerusalema e nna e sireletsegile. (2 Ditir. 26:6-15) O ne a lebogela tsela e Modimo a neng a mo thusa ka yone.​—Mor. 3:12, 13.

10. Zwithu zwa ka yendila Uziya chini?

10 Ithute mo diphosong tsa ga Usia. Kgosi Usia o ne a tlwaetse go bolelela batho ba bangwe gore ba dire eng. A seo se ne sa dira gore a nne magetla mme a akanye gore ga a tlhoke go ikobela melao ya ga Jehofa? Letsatsi lengwe Usia o ne a tsena mo tempeleng ya ga Jehofa a bo a leka go fisa maswalo mo sebesong, e leng tiro e dikgosi di neng di sa letlelelwa go e dira. (2 Ditir. 26:16-18) Moperesiti yo Mogolo e bong Asaria o ne a mo kgalemela, mme Usia o ne a galefa thata. Ka maswabi, Usia ga a ka a tswelela a ikanyega mo go Jehofa, ka jalo Jehofa o ile a mo otlhaya ka go dira gore a tshwarwe ke lepero. (2 Ditir. 26:19-21) Dilo di ka bo di ile tsa mo tsamaela sentle fa a ka bo a ile a tswelela a le boikokobetso!

Ga re a tshwanela go ikgantsha, go na le moo re tshwanetse go leboga Jehofa ka se re kgonang go se dira (Bona serapa 11) d

11. Mishingo yedu i nga lakidza chini kuti to zwiyesa pasi? (Bona itshwantsho.)

11 Fa Usia a sena go nonofa, o ne a lebala gore Jehofa ke ene a neng a dira gore a nonofe le gore a atlege. Seno se re ruta eng? Re tshwanetse go gopola gore Jehofa ke ene a dirang gore re nne le ditshiamelo mo phuthegong le gore re itumelele dilo tse dintle. Ga re a tshwanela go ikgantsha ka dilo tse re kgonneng go di dira, go na le moo re tshwanetse go leboga Jehofa go bo a re neile bokgoni jwa go di dira. b (1 Bakor. 4:7) Re tshwanetse go gopola gore re dira diphoso mme ka dinako dingwe re tlhoka go kgalemelwa. Mokaulengwe mongwe yo o nang le dingwaga di ka nna 60 a re: “Ke leka ka natla gore ke se ka ka kgopisega kgotsa ka kgobega marapo fa batho ba bangwe ba lemoga diphoso tse ke di dirang. Fa ke kgalemelwa, ke leka go dira diphetogo ke bo ke leka go tswelela ke direla Jehofa ka bojotlhe.” Fa re ikobela Jehofa e bile re tswelela re le boikokobetso, re tla itumelela botshelo.​—Diane 22:4.

DWILILA U SHAKA JEHOVA

12. Josiya wa ka shaka Jehova chini a chi nchechana? (2 Shingikalo 34:1-3)

12 Dira ditshwetso tse di siameng jaaka Josia. Josia o simolotse go atamalana le Jehofa a sa le mosha. O ne a batla go ithuta ka Jehofa le go dira thato ya gagwe. Le fa go ntse jalo, botshelo jwa lekawana leno bo ne bo se motlhofo. Ka nako eo, batho ba le bantsi ba ne ba obamela medimo ya maaka. Ka jalo, Josia o ne a tshwanetse go nna pelokgale gore a fedise kobamelo eo ya maaka. Ruri o ne a nna pelokgale ka gonne o ne a simolola go fedisa kobamelo ya maaka pele a tshwara dingwaga di le 20.​—Bala 2 Ditiragalo 34:1-3.

13. Ku zwipa Jehova ko dwani mu kuli?

13 Fa e le gore o mosha, o ka etsa Josia ka go atamalana le Jehofa le ka go ithuta ka botho jwa gagwe. Seo se tla go thusa gore o ineele mo go ene. Go ineela mo go Jehofa go tla go rotloetsa gore o dire eng? Luke, yo o kolobeditsweng a na le dingwaga di le 14 a re: “Go tloga jaanong, selo sa botlhokwa mo go nna ke go direla Jehofa le go dira dilo tse di tla dirang gore a itumele.” (Mar. 12:30) Fa e le gore le wena o batla go dira jalo, Jehofa o tla go segofatsa.

14. Lakidza se kwa batshwa bangwe be yedza She Josiya.

14 Go ineela mo go Jehofa go tla go rotloetsa gore o dire eng? Johan yo o kolobeditsweng a na le dingwaga di le 12, a re bana ba a neng a tsena tlelase le bone, ba ne ba leka go mo pateletsa gore a goge. Selo se se mo thusitseng gore a se ka a ineela ke go nna a gopotse gore go goga go tla dira gore a lwale e bile go tla senya botsala jwa gagwe le Jehofa. Rachel yo o kolobeditsweng a na le dingwaga di le 14, o tlhalosa se se mo thusang go itshokela dikgwetlho tse a lebanang le tsone kwa sekolong. A re: “Fa go direga sengwe, ke leka go ikgopotsa sengwe se ke se ithutileng mo Baebeleng kgotsa se ke se ithutileng ka Jehofa. Ka sekai, fa re ithuta ka hisitori ke gopola pego nngwe ya Baebele kgotsa boporofeti bongwe. Kgotsa fa ke tlotla le mongwe kwa sekolong ke leka go akanya ka temana nngwe e nka mmalelang yone.” O ka tswa o lebana le dikgwetlho tse di sa tshwaneng le tsa ga Kgosi Josia, mme o ka kgona go nna botlhale le go ikanyega fela jaaka ene. Fa o itshokela dikgwetlho tse o lebanang le tsone gone jaanong, o tla kgona go itshokela tse o tla lebanang le tsone mo nakong e e tlang.

15. Ini cha ka batsha Josiya kuti a shingile Jehova ne ku thembeka? (2 Shingikalo 34:14, 18-​21)

15 Fa Kgosi Josia a na le dingwaga di le 26, o ne a simolola go baakanya tempele. Fa tempele e ntse e baakanngwa, go ne ga bonwa “buka ya Molao wa ga Jehofa o o neng o neilwe Moshe.” Kgosi Josia o ne a kopa gore e balwe, mme ka yone nako eo, o ne a simolola go dira se se neng se kwadilwe mo go yone. (Bala 2 Ditiragalo 34:14, 18-21.) A o ipeetse mokgele wa go bala Baebele letsatsi le letsatsi? Fa e le gore go ntse jalo, go ntse go tsamaya jang? A o tla o kwala ditemana tse di tla go thusang? Luke yo re tlotlileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng a re fa a ntse a bala, o rata go kwala dintlha tse di kgatlhang tse a di ithutileng. Fa le wena o ka dira jalo, o tla kgona go gopola ditemana le dintlha tse o di ratileng fa o ntse o bala. Fa o ntse o ithuta Baebele e bile o rata se o se ithutang, seo se tla go rotloetsa gore o batle go direla Jehofa. Lefoko la Modimo le ne la thusa Kgosi Josia gore a dire se se siameng, le wena le tla go thusa.

16. Ini Josiya a ka thama phoso wulu, ngono ti nga zwidiyani mu na ichecho?

16 Ithute mo phosong ya ga Josia. Fa Josia a na le dingwaga di ka nna 39, o ne a dira phoso e e neng ya dira gore a bolawe. O ne a dira se a neng a akanya gore se siame go na le go kopa kaelo ya ga Jehofa. (2 Ditir. 35:20-25) Re ithuta eng? Re tshwanetse go batla kaelo ya ga Jehofa le fa re ka tswa re godile kgotsa re na le lobaka lo loleele re ithuta Baebele. Re ka dira jalo ka go rapela ka metlha, go ithuta Baebele le go kopa kgakololo mo Bakereseteng ba bangwe. Fa re dira jalo, ga re kitla re dira diphoso tse di ka re tsenyang mo mathateng e bile re tla itumela.​—Jak. 1:25.

BATSHWA​—MU NGA CHILA BUCHILO GU NO SHATHISA

17. Ti nga zwidiyani mu mbiko ye buchilo gwa boshe batatu be Juda?

17 Go na le dilo tse dintsi tse di itumedisang tse o ka di dirang fa o sa le mosha. Se se diragaletseng Jehoashe, Usia le Josia, se re bontsha gore basha ba ka kgona go dira ditshwetso tse di siameng le go dira dilo tse di itumedisang Jehofa. Gone ke boammaaruri gore, ba ile ba dira diphoso tse di neng tsa ba tsenya mo mathateng. Le fa go ntse jalo, fa o dira ditshwetso tse di siameng jaaka bone, mme o ithuta mo diphosong tse ba di dirileng, o tla itumelela botshelo.

Dafide o ile a atamalana le Jehofa a sa le monnye, mme seo se ile sa dira gore a itumelele botshelo (Bona serapa 18)

18. I mbiko ipi ye Hwalo i no lakidza kuti zwithu zwi nga ku yendila zwibuyanana? (Bona itshwantsho.)

18 Baebele e bua ka basha ba bangwe ba ba neng ba atamalane le Jehofa mme ba itumelela botshelo. Mongwe wa bone e ne e le Dafide. O ne a nna tsala ya ga Jehofa a sa le monnye mme moragonyana o ne a nna kgosi e e ikanyegang. Nnete ke gore o ne a dira diphoso mme Jehofa o ne a mo tsaya a ikanyega. (1 Dikg. 3:6; 9:4, 5; 14:8) Go ithuta pego ya ga Dafide go tla go rotloetsa gore o direle Jehofa ka boikanyegi. Gape o ka ithuta ka Mareko kgotsa Timotheo. Fa o ntse o ithuta, o tla lemoga gore ba simolotse go direla Jehofa ba sa le bannye le gore ba ile ba tswelela ba mo direla ka boikanyegi. Seo se ile sa itumedisa Jehofa, mme le bone ba ne ba itumela.

19. Zwithu zwi nga ku yendila chini mu buchilo?

19 Ditshwetso tse o di dirang gone jaanong di ka dira gore o itumelele botshelo mo nakong e e tlang. Fa o ikanya Jehofa mme o sa dire se o akanyang gore se siame, o tla go thusa gore o dire ditshwetso tse di siameng. (Diane 20:24) Nna o gopotse gore Jehofa o itumelela se o mo direlang sone. Fa o direla Jehofa, o tla itumelela botshelo.

LUMBO 144 Leba Kwa Mokgeleng!

a Basha, Jehofa o a itse gore ka dinako dingwe go thata gore lo dire se se siameng le gore lo tswelele lo le ditsala tsa gagwe. Lo ka thusiwa ke eng go dira ditshwetso tse di siameng tse di ka dirang gore a itumele? Re tlile go tlotla ka basimanyana ba bararo ba e neng ya nna dikgosi tsa Juda. Leka go bona gore o ka ithuta eng mo go bone.

b Bona lebokoso le le reng “Beware of the ‘Humble Brag’” mo setlhogong se se reng “How Important Is Online Popularity?” mo jw.org ka Seesemane.

c TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Kgaitsadi yo o godileng o gakolola kgaitsadi yo mosha.

d TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Kgaitsadi yo o botsolodiwang kwa kopanong o ikaega ka Jehofa e bile o dira gore go tlotlomadiwe Jehofa.