Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 37

Themba mu na Jehova, sa Samisoni

Themba mu na Jehova, sa Samisoni

“Imwi She Yahwe, mundikumbule, ndokumbila mundisimise.”​—BAA. 16:28.

LUMBO 30 Rre, Modimo Wa me Le Tsala ya Me

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO a

1-2. Ini mbiko ne kwa Samisoni i hwika?

 O AKANYA eng fa go buiwa ka Samesone? Gongwe o akanya ka monna yo o nonofileng e bile a na le maatla. Go ntse jalo, o ne a nonofile. Mme o ne a dira tshwetso nngwe e e sa siamang e e neng ya mmakela mathata. Le fa go ntse jalo, selo sa botlhokwa mo go Jehofa e ne e le dilo tse dintle tse a neng a mo direla tsone. E bile o ne a dira gore pego ya gagwe e kwalwe mo Baebeleng gore e re tswele mosola.

2 Jehofa o ne a dirisa Samesone go thusa Baiseraele. Dingwaga di le dintsintsi Samesone a sena go tlhokafala, Jehofa o ile a tlhotlheletsa moaposetoloi Paulo gore a mo umake fa a ne a bua ka batho bangwe ba ba neng ba na le tumelo e e nonofileng. (Baheb. 11:32-34) Pego ya ga Samesone e ka re kgothatsa. O ne a tshepa Jehofa, tota le fa go ne go le thata. Mo setlhogong seno, re tla bona gore re ka ithuta eng mo go Samesone le gore pego ya gagwe e ka re kgothatsa jang.

SAMISONI WA KA BE E THEMBA MU NA JEHOVA

3. Samisoni wa ka be a piwa nshingo upi?

3 Fa Samesone a ne a tsholwa, Bafilisitia ba ne ba busa Baiseraele e bile ba ba gatelela. (Baatlh. 13:1) Bafilisitia ba ne ba le setlhogo, ka jalo ba ne ba thatafaletsa Baiseraele botshelo. Jehofa o ne a tlhopha Samesone gore e nne “ene yo o tla gololang Baiseraele mo seatleng sa Bafilisitia.” (Baatlh. 13:5) Eo e ne e tla nna namane e tona ya tiro! Gore Samesone a kgone go dira tiro eo, o ne a tshwanetse go ikaega ka Jehofa.

Samesone o ne a tshepa Jehofa, e bile o ne a dira sotlhe se a ka se kgonang gore a dire thato ya gagwe (Bona serapa 4-5)

4. Jehova wa ka batsha Samisoni chini ku zwisungunula mu Bafilisitiya? (Baathuli 15:14-16

4 Mma re tlotle ka sekai sengwe se se bontshang gore Samesone o ne a tshepa Jehofa e bile a ikaega ka ene. Nako nngwe masole a Bafilisitia a ile a ya kwa Lehi, e e ka tswang e ne e le kwa Juda, gore ba ye go tshwara Samesone. Banna ba Juda ba ne ba tshogile tota, ka jalo ba ile ba bofa Samesone ka megala e mebedi e mesha, ba bo ba mo isa kwa Bafilisitieng. (Baatlh. 15:9-13) Le fa go ntse jalo, “moya wa ga Jehofa o ne wa mo naya maatla,” a bo a kgona go kgaola megala e a neng a bofilwe ka yone. O ne a bona “lerapo la lotlhaa lwa tonki e tonanyana e e suleng bosheng,” a lo tsaya a bo a bolaya banna ba Bafilisitia ba le 1 000 ka lone.​—Bala Baatlhodi 15:14-16.

5. Ku shingisa kwa Samisoni fupa le lishaya gwe donki ko lakidza chini kuti wa ka be a ka themba mu na Jehova?

5 Go ne go sa tlwaelega gore motho a dirise lerapo la lotlhaa lwa tonki go lwa le ba bangwe. Ka jalo, goreng Samesone a ile a le dirisa? O ne a itse gore selo sa botlhokwa ke gore a tshepe Jehofa, e seng gore o ne a na le sebetsa sefe. O ile a dira sotlhe se a ka se kgonang gore a dire se Jehofa a neng a se batla. Samesone o ile a kgona go fenya Bafilisitia ka gonne o ne a ikaega ka Jehofa.

6. Ha ti shinga nshingo we Ndzimu, ti nga zwidiyani mu na Samisoni?

6 Le rona Jehofa a ka re naya maatla a go dira kabelo nngwe le nngwe fela e a kopang gore re e dire, le fa e ka lebega e le boima. A ka dira jalo ka tsela e re neng re sa e lebelela. Fela jaaka Jehofa a ile a thusa Samesone, le wena o tla go thusa gore o dire thato ya gagwe, fa fela o ikaega ka ene.​—Diane 16:3.

7. Ini chi no lakidza kuti ku tungamigwa na Jehova i chithu chikulu?

7 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba agang mafelo a kobamelo, ba ile ba bontsha gore ba tshepa Jehofa. Mo nakong e e fetileng, ba ne ba tlhama dipolane e bile ba aga Diholo Tsa Bogosi le mafelo a mangwe a kobamelo. Mme gone, e re ka batho ba le bantsi ba nna ba tla mo phuthegong ya ga Jehofa, go ne go tshwanetse ga dirwa diphetogo. Bakaulengwe ba ba eteletseng pele ba ile ba kopa kaelo ya ga Jehofa, ba bo ba leka mekgwa e mengwe e mesha. Ka sekai, ba ne ba simolola go reka dikago ba bo ba di baakanya. Mokaulengwe mongwe yo o dirang mo diporojekeng tsa go aga yo o bidiwang Robert a re: “Kwa tshimologong go ne go se motlhofo go dira dilo ka tsela eno e ntšha. E ne e farologane thata le e re neng re e tlwaetse. Mme gone, bakaulengwe ba ile ba simolola go dira dilo ka tsela eno e ntšha, mme go ne go bonala gore Jehofa o a re segofatsa.” Seno se bontsha gore Jehofa o kaela batho ba gagwe gore ba dire thato ya gagwe. Re tshwanetse go nna re ipotsa go re, ‘A ke kopa Jehofa gore a nkaele, e bile a ke iketleeleditse go dira diphetogo gore ke kgone go mo direla ka tsela e e mo itumedisang?’

SAMISONI WA KA AMUCHILA BATSHO YA JEHOVA

8. Samisoni wa ka zwibata chini mu chibaka cha a ka be a ka bakhwa ne nyota kwazo?

8 O ka tswa o gopola dilo tse dingwe tse di gakgamatsang tse Samesone a ileng a di dira. Ka sekai, o ile a bolaya tau, mme moragonyana a bolaya Bafilisitia ba le 30 kwa motseng wa Ashekelona. (Baatlh. 14:5, 6, 19) Samesone o ne a itse gore o ne a ka se kgone go dira dilo tseo fa Jehofa a ne a sa mo thuse. Seno se ile sa bonala sentle nako nngwe fa a sena go bolaya Bafilisitia ba le 1 000. O ne a tshwarwa ke lenyora, mme go na le gore a leke go ipatlela metsi, o ne a kopa Jehofa gore a mo thuse.​—Baatlh. 15:18.

9. Jehova wa ka dabila Samisoni chini mu chibaka cha a ka be e kumbila batsho? (Baathuli 15:19 bona footnote)

9 Jehofa o ile a araba thapelo ya ga Samesone ka go dira gore go nne le khuti e e elelang metsi. Fa Samesone a sena go nwa metsi ao, “nonofo ya gagwe e ne ya boa mme a nna le maatla.” (Bala Baatlhodi 15:19.) Go lebega khuti eno e ne e sa ntse e le teng dingwaga di le dintsi moragonyana, fa moporofeti Samuele a ne a kwala buka ya Baatlhodi. Metsi a khuti eo a ka tswa a ne a gopotsa Baiseraele gore fa ba ikaega ka Jehofa, o tla ba thusa.

Samesone o ne a nna le maatla fa a sena go nwa metsi a a neng a tswa kwa go Jehofa. Ka tsela e e tshwanang, le rona re tshwanetse go letla Jehofa gore a re thuse gore re tswelele re ikanyega mo go ene (Bona serapa 10)

10. Ini chi no sheteka ha ti kumbila batsho mu na Jehova? (Bona itshwantsho.)

10 Le rona re tshwanetse go ikaega ka Jehofa gore a re thuse le fa re ka tswa re na le bokgoni jo bo rileng, kgotsa go na le dilo dingwe tse re kgonneng go di dira mo tirong ya ga Jehofa. Re tshwanetse go nna boikokobetso le go lemoga gore re ka kgona go atlega fa fela re ikaega ka Jehofa. Samesone o ile a nna le maatla fa a sena go nwa metsi a a neng a tswa kwa go Jehofa. Le rona re tshwanetse go letla Jehofa gore a re thuse gore re tswelele re ikanyega mo go ene.​—Math. 11:28.

11. Ti nga amuchila batsho ya Jehova ne zila ya ka pelela chini? Lakidzila.

11 Mokaulengwe mongwe wa kwa Russia yo o bidiwang Aleksey o tswelela a ntse a itshokile le fa a bogisiwa setlhogo. O thusiwa ke eng? Ene le mosadi wa gagwe ba bala Baebele ka metlha, e bile ba dira dilo tse di ba thusang gore ba nne ba atamalane le Jehofa. A re: “Ke ipha nako ya go bala Baebele le go ithuta ke le nosi. Moso mongwe le mongwe, nna le mosadi wa me re bala temana ya letsatsi re bo re rapela.” Re ka ithuta eng mo go bone? Re tshwanetse go ikaega ka Jehofa. Re ka dira seo jang? Ka go dira dilo tse di nonotshang tumelo ya rona tse di jaaka go bala Baebele, go rapela, go ya dipokanong le go ya tshimong. Fa re dira jalo, Jehofa o tla re thusa gore re tswelele re mo direla. O ile a nonotsha Samesone, mme le rona o tla re nonotsha.

SAMISONI HA A ZO ZWITOBOKA

12. Samisoni wa ka tola thambo ipi ya ka bipa, ngono ichecho cho leyana chini ne zila ya a ka tongo zwibata nayo?

12 Samesone o ne a na le boleo fela jaaka rona, ka jalo ka dinako tse dingwe o ne a dira ditshwetso tse di sa siamang. Nako nngwe o ile a dira tshwetso e e neng ya mo tsenya mo mathateng. Fa go sena go feta nakonyana e le moatlhodi, o ne “a rata mosadi mongwe kwa Mokgatšheng wa Soreke, yo leina la gagwe e neng e le Delila.” (Baatlh. 16:4) Pelenyana ga foo, Samesone o ne a batla go nyala mosadi mongwe wa Mofilisitia. Jehofa ke ene a neng a mo laetse gore a dire jalo ka gonne “o ne a batla tshono ya go tlhasela Bafilisitia.” Moragonyana Samesone o ile a ya kwa ntlong ya mosadi mongwe yo e neng e le mogwebakammele kwa motseng wa Bafilisitia o o bidiwang Gasa. Ka nako eo, Modimo o ne a mo naya maatla a gore a kumole dikgoro tsa motse oo, mme seo se ne se tla dira gore o tlhaselwe motlhofo. (Baatlh. 14:1-4; 16:1-3) Go ratana le Delila go ne go ka se dire gore a nne le tshono ya go tlhasela Bafilisitia ka gonne Delila e ka tswa e ne e le Moiseraele.

13. Delila wa ka kwebela Samisoni chini mu zwithu zwi sa ka lulwama?

13 Bafilisitia ba ile ba naya Delila madi a le mantsi gore a ba bolelele gore ke eng se se dirang gore Samesone a nne le maatla. Gongwe tsela e Samesone a neng a rata Delila ka yone e ile ya dira gore a se ka a lemoga gore o batla go mo tsietsa. Delila o ne a nna a emeletse Samesone gore a mmolelele gore ke eng se se dirang gore a nne le maatla, mme o ne a feleletsa a mmoleletse. Ka maswabi, seo se ile sa dira gore Samesone a se ka a tlhola a nna le maatla, e bile Jehofa o ne a mo tlogela ka nakwana.​—Baatlh. 16:16-20.

14. Samisoni wa ka lingisana ne belelo lipi la ka bipa ne ntata ye ku themba Delila?

14 Samesone o ile a tsena mo mathateng ka gonne o ne a tshepa Delila go na le gore a tshepe Jehofa. Bafilisitia ba ile ba tshwara Samesone ba bo ba mo gonya matlho. Ba ne ba mo isa kwa kgolegelong kwa motseng wa Gasa, o a ileng a kumola dikgoro tsa one pelenyana ga foo. Batho ba motse oo ba ile ba mo dira lekgoba le le silang dijo tsa ditlhaka. Letsatsi lengwe Bafilisitia ba ile ba dira moletlo. Kwa moletlong oo, ba ne ba ntshetsa modingwana wa bone yo o bidiwang Dagone ditlhabelo, ka gonne ba ne ba dumela gore ke ene a ba thusitseng gore ba tshware Samesone. Ba ne ba ntsha Samesone kwa kgolegelong “gore a tle go ba tlosa bodutu” le gore ba mo tlhabise ditlhong.​—Baatlh. 16:21-25.

Jehofa o ne a naya Samesone maatla a gore a tlhasele Bafilisitia (Bona serapa 15)

15. Samisoni wa ka lakidza kuti u no themba Jehova kakale chini? (Baathuli 16:28-30) (Bona itshwantsho chi mu khavara.)

15 Le fa gone Samesone a ile a dira tshwetso e e neng ya mmakela mathata, ga a ka a ineela, o ne a tswelela a direla Jehofa. O ne a batla tshono e nngwe ya go bolaya Bafilisitia, e leng se Jehofa a neng a batla gore a se dire. (Bala Baatlhodi 16:28-30.) O ne a kopa Jehofa a re: “Mma ke ipusolosetse mo Bafilisitieng.” Jehofa o ne a mo araba a bo a mo thusa gore a nne le maatla. Ka jalo, Samesone o ile a bolaya Bafilisitia ba le bantsi thata go feta ba a ileng a ba bolaya mo nakong e e fetileng.

16. Ti nga zwidiyani mu phoso ya Samisoni?

16 Le fa gone Samesone a ne a le fa gare ga dinaka tsa kukama ka ntlha ya tshwetso e a neng a e dirile, o ile a tswelela a leka go dira thato ya ga Jehofa. Fa re dira phoso nngwe re bo re kgalemelwa kgotsa re tseelwa ditshiamelo, ga re a tshwanela go ngala, go na le moo re tshwanetse go tswelela re direla Jehofa. Nna o gopotse gore Jehofa o iketleeleditse go re itshwarela. (Pes. 103:8-10) Le fa re dira diphoso, a ka re thusa gore re nne le maatla a go dira thato ya gagwe fela jaaka a ile a thusa Samesone.

Samesone a ka tswa a ne a utlwile botlhoko fa a sena go dira phoso, mme gone ga a ka a ineela, le rona ga re a tshwanela go ineela (Bona serapa 17-18)

17-18. Ini chi no ku simisa mu zila Michael ya a ka zwibata nayo? (Bona itshwantsho.)

17 Akanya ka se se ileng sa diragalela mokaulengwe mongwe yo mosha yo o bidiwang Michael. O ne a tlhagafetse mo tirong ya ga Jehofa e le motlhanka wa bodiredi e bile e le mmulatsela. Ka maswabi o ile a dira phoso a bo a latlhegelwa ke ditshiamelo tseo. A re: “Pele ke dira phoso, ke ne ke tlhagafetse tota mo tirong ya ga Jehofa. Mme jaanong ke ne ke ikutlwa e kete ga ke kgone go direla Jehofa sepe. Ke ne ke itse gore Jehofa a ka se ntatlhe, mme ke ne ke ipotsa gore a ke tla boa ke atamalana le ene gape le go mo direla ka tsela e ke neng ke mo direla ka yone pele.”

18 Se se itumedisang ke gore Michael ga a ka a ineela. A re: “Ke ile ka dira ka natla gore ke boe ke atamalane le Jehofa. Ke ne ke rapela ka metlha, ke ithuta e bile ke akanyetsa kwa teng ka se ke se ithutileng.” Moragonyana o ile a boa a newa ditshiamelo tse a neng a na le tsone. Gone jaanong ke mogolwane e bile ke mmulatsela wa ka metlha. A re: “Bagolwane le ba bangwe mo phuthegong ba ne ba nkema nôkeng e bile ba nkgothatsa. Seo se ile sa nthusa gore ke lemoge gore Jehofa o sa ntse a nthata. Gone jaanong ke direla Jehofa ka segakolodi se se phepa. Se se ntiragaletseng se nthusitse go bona gore Jehofa o a re itshwarela fa re ikwatlhaya.” Fa re dirile diphoso, re bo re dira sotlhe se re ka se kgonang gore re se ka ra di boeletsa e bile re ikaega ka Jehofa, re ka tlhatswega pelo gore o tla re dirisa e bile o tla re segofatsa.​—Pes. 86:5; Diane 28:13.

19. Zila Samisoni ya a ka zwibata nayo i no ku simisa chini?

19 Mo setlhogong seno, re tlotlile ka dilo di le mmalwa tse di kgatlhang tse Samesone a ileng a di dira. O ne a tswelela a leka go direla Jehofa tota le fa a sena go dira phoso. Jehofa o ile a tswelela a mo dirisa. O ne a sa ntse a mo tsaya a na le tumelo e e nonofileng, ke gone ka moo leina la gagwe le umakiwang mo go Bahebera 11 fa go buiwa ka batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang. Re itumelela go itse gore re direla Modimo yo o lorato le yo o re nonotshang, segolobogolo fa re na le mathata e bile re tlhoka thuso. Fela jaaka Samesone, le rona a re kopeng Jehofa re re: “Tsweetswee o nkgakologelwe o bo o nnonotshe.”​—Baatlh. 16:28.

LUMBO 3 Tshepo, Tsholofelo le Maatla a Rona

a Batho ba le bantsi ba itse Samesone, tota le ba ba sa itseng go le kalo ka Baebele. Go ile ga dirwa diterama ga bo ga tlhamiwa dipina ka pego ya gagwe. Mme gone, pego ya ga Samesone ga se tlhamane fela. Re ka ithuta go le gontsi mo monneng yono yo o neng a na le tumelo e e nonofileng.