Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 37

LUMBO 118 “Re Neye Tumelo e e Oketsegileng”

Likwalo gu Nga ti Batsha ku Dzikitadza ta ka Simisa ku no ti ku Bupelo

Likwalo gu Nga ti Batsha ku Dzikitadza ta ka Simisa ku no ti ku Bupelo

“Tibhata tisimisa kunoti kubupelo mu bugalimoyo gwedu gwatakabe nago kutanga.”​—BAH. 3:14.

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO

Lekwalo le le kwaletsweng Bahebera le na le kgakololo e e tla re thusang go itshoka go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe leno.

1-2. (a) Chimo cha ka be chi li chani ku Judea ha mpostolo Paulo e kwalila Bahebera likwalo? (b) Likwalo igogu gwa ka be gu li mu nako chini?

 FA Jesu a sena go swa ka ngwaga wa 33, Bakeresete ba kwa Jerusalema le ba kwa Judea ba ile ba nna le mathata a le mantsi. Ka nako eo, phuthego ya Bokeresete e ne e sa tswa go tlhomiwa, e bile Bakeresete bao ba ne ba bogisiwa setlhogo. (Dit. 8:1) Dingwaga di ka nna 20 moragonyana, go ne ga nna le leuba mme seo se ne sa dira gore ba humanege. (Dit. 11:27-30) Le fa go ntse jalo mo e ka nnang ka 61 C.E., Bakeresete ba ne ba sa bogisiwe thata, mme dikgolo di ne di tla. Mo nakong eo, Jehofa o ne a laela moaposetoloi Paulo gore a romelele Bakeresete bao lekwalo. Kgakololo e e mo lekwalong leo e ne e tla ba thusa go ipaakanyetsa se se neng se tla tloga se direga.

2 Lekwalo le Paulo a neng a le kwaletse Bahebera, le ne le tla ba thusa ka gonne go ise go ye kae, ba ne ba tla bogisiwa. Paulo o ne a ba naya kgakololo e e neng e tla ba thusa gore ba itshokele pitlagano. Jesu o ne a boleletse pele gore Jerusalema e ne e tla senngwa, mme seo se ne se tla direga mo nakong e e sa fediseng pelo. (Luke 21:20) Boammaaruri ke gore Paulo le Bakeresete ba kwa Judea, ba ne ba sa itse gore seo se ne se tla direga leng. Le fa go ntse jalo, Bakeresete bao ba ne ba ka dirisa nako e e setseng go ipaakanya. Ba ne ba ka nonotsha tumelo ya bone le go dira dilo tse di neng di tla ba thusa go itshoka.​—Baheb. 10:25; 12:1, 2.

3. Ini likwalo gwe Bahebera gu diwa ne Bakirisiti ngwenu?

3 Go ise go ye kae, go tlile go nna le pitlagano e kgolo go gaisa e e neng ya nna teng ka nako ya Bakeresete ba Bahebera. (Math. 24:21; Tshen. 16:14, 16) Ka jalo, a re tlotleng ka kgakololo e Jehofa a ileng a e naya Bakeresete bao le gore e ka re tswela mosola jang.

“DWILILA U KULA”

4. Bakirisiti be Bajuta ba ka be ba ka lingisana ne mathatha api? (Bona itshwantsho.)

4 Bajuda ba e neng ya nna Bakeresete ba ile ba tshwanelwa ke go dira diphetogo tse dikgolo, mme seo se ne se se motlhofo. Jehofa o ne a itlhophetse Bajuda gore e nne batho ba gagwe. Gape go ne go fetile dingwaga di le dintsi ba tsaya Jerusalema e le lefelo le le botlhokwa thata, e bile kgosi e e neng e emela Jehofa e ne e busa kwa Jerusalema. Mo godimo ga moo, batho ba ba neng ba batla go obamela Jehofa ba ne ba dira jalo kwa tempeleng e e kwa Jerusalema. Bajuda botlhe ba ba ikanyegang ba ne ba ikobela Molao wa ga Moshe le melao e mengwe e e neng e beilwe ke baeteledipele ba bodumedi. Melao eo e ne e akaretsa dijo tse ba tshwanetseng go di ja, tsela e ba lebang go rupa ka yone le tsela e ba tshwanetseng go dirisana le batho ba ditšhaba tse dingwe ka yone. Mme gone, fa Jesu a sena go swa, Jehofa o ne a sa tlhole a amogela ditlhabelo tse di neng di ntshiwa kwa tempeleng. Ka jalo, go ne go se motlhofo gore Bajuda ba e neng ya nna Bakeresete ba fetole tsela e ba neng ba obamela ka yone. (Baheb. 10:1, 4, 10) Tota le Bakeresete ba ba nang le tumelo e e nonofileng jaaka moaposetoloi Petere, ba ne ba thatafalelwa ke go dira jalo. (Dit. 10:9-14; Bagal. 2:11-14) Tsela e jaanong Bakeresete bao ba neng ba obamela Jehofa ka yone, e ne e dira gore baeteledipele ba bodumedi ba ba bogise.

Bakeresete ba ne ba tshwanetse go dumela se Lefoko la Modimo le se rutang, mme ba gane se baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba neng ba se ruta (Bona serapa 4-5)


5. Bakirisiti ba ka be ba ka fanila ku zwilisa muni?

5 Bakeresete ba kwa Judea ba ne ba ganediwa ke ditlhopha di le pedi tsa batho. Setlhopha sa ntlha, e ne e le baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ba neng ba tsaya gore Bakeresete bao ke batlhanogi. Sa bobedi, e ne e le bangwe mo phuthegong ba ba neng ba re Bakeresete bao ba tshwanetse go tswelela ba ikobela Molao wa ga Moshe. Gongwe ba ne ba rialo ka gonne ba sa batle go bogisiwa. (Bagal. 6:12) Ke eng se se neng se tla thusa Bakeresete bao gore ba tswelele ba ikanyega mo go Jehofa?

6. Paulo wa ka kulumbidza bazwalani babe kuti ba thameni? (Bahebera 5:14–6:1)

6 Mo lekwalong le Paulo a ileng a le kwalela Bahebera, o ne a kgothaletsa bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba bale Lefoko la Modimo le gore ba akanyetse kwa teng ka lone. (Bala Bahebera 5:14–6:1.) Paulo o ne a nopola Dikwalo Tsa Sehebera go tlhalosa gore tsela e Bakeresete ba neng ba obamela Jehofa ka yone, e gaisa e Bajuda ba neng ba mo obamela ka yone. a O ile a kgothaletsa Bakeresete bao gore ba itse se Dikwalo di se rutang le go se tlhaloganya gore ba kgone go lemoga dithuto tsa maaka, mme ba se ka ba di amogela.

7. To lingisana ne mathatha api ngwenu?

7 Fela jaaka Bakeresete ba Bahebera, le rona re tshela le batho ba ba anamisang tshedimosetso e e sa dumalaneng le Baebele. Batho bangwe ba re Basupi ba ga Jehofa ga ba dire dilo sentle ka gonne ba ikobela melao ya ga Jehofa e e buang ka tlhakanelodikobo. Tsela e batho ba akanyang ka yone e farologane thata le e Jehofa a akanyang ka yone. (Diane 17:15) Ka jalo, go botlhokwa thata gore re lemoge dikakanyo tse di sa siamang mme re se ka ra di amogela. Ga re a tshwanela go letla batho ba ba re ganetsang gore ba re kgobe marapo le go dira gore re tlogele go direla Jehofa.​—Baheb. 13:9.

8. Ti nga kula ne zila ye bundzimu chini?

8 Paulo o ne a kgothaletsa Bahebera gore ba tswelele ba gola, le rona re tshwanetse go dira jalo. Seno se raya gore re tshwanetse go ithuta Baebele ka kelotlhoko gore re kgone go itse Jehofa botoka le tsela e a akanyang ka yone. Re tshwanetse go tswelela re dira jalo tota le fa re sena go kolobediwa. Rotlhe fela re tshwanetse go bala Lefoko la Modimo le go le ithuta, le fa re ka tswa re na le dingwaga di le dintsi re itse boammaaruri. (Pes. 1:2) Go ithuta Baebele ka metlha go tla re thusa gore re nne le tumelo e e nonofileng, Paulo o ile a bolelela Bakeresete ba Bahebera gore ba tshwanetse go nna le tumelo e e ntseng jalo.​—Baheb. 11:1, 6.

“IBE NE KU GALAMOYO KU BAKILILA BUCHILO GUGO”

9. Ini ku galamoyo kwa ka sima kwa ka be ku sheteka mu Bakirisiti be Bahebera?

9 Bakeresete ba Bahebera ba ne ba tlhoka go nna le tumelo e e nonofileng, ka gonne e ne e tla ba thusa gore ba falole pitlagano e e neng e tla nna gone kwa Judea. (Baheb. 10:37-39) Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe gore ba tshabele kwa dithabeng fa ba bona masole a dikaganyetsa motse wa Jerusalema. Bakeresete botlhe ba ne ba tshwanetse go dira jalo, ba ka tswa ba ne ba nna mo motseng wa Jerusalema kgotsa kwa ntle ga one. (Luke 21:20-24) Mo motlheng oo, go ne go tlwaelegile gore fa masole a tlhasela, batho ba ba nnang kwa ntle ga motse ba tshabele mo motseng gore ba sirelediwe ke dipota tsa one. Ka jalo, Bakeresete bao ba ne ba tshwanetse go nna le tumelo e e nonofileng gore ba ikobele taelo ya ga Jesu ka gonne go ne go ka lebega go le botoka go nna mo motseng go na le go tshabela kwa dithabeng.

10. Ku galamoyo kwa ka sima kwa ka be kowo sundidzila Bakirisiti kuti ba thameni? (Bahebera 13:17)

10 Gape Bakeresete ba Bahebera ba ne ba tshwanetse go tshepa bakaulengwe ba Jesu a neng a ba tlhomile gore ba kaele phuthego. Bakaulengwe bao ba ka tswa ba ile ba ba naya ditaelo tsa gore ba tshabe leng le gore ba dire seo jang. (Bala Bahebera 13:17.) Moaposetoloi Paulo o ile a bolelela bakaulengwe le bokgaitsadi bao gore ba ‘utlwe ba ba eteletseng pele.’ Mme gone, o ne a sa reye gore ba tshwanetse go ikobela bagolwane fela ka gonne ba tshwanetse go dira jalo. Go na le moo, ba ne ba tshwanetse go ba ikobela ka gonne ba ba tshepa. Ka jalo, Bakeresete bao ba ne ba tshwanetse go itlwaetsa go tshepa bagolwane le go ikobela kaelo e ba ba nayang yone pele pitlagano e tla. Fa e le gore ba ne ba tla ikobela bagolwane fa maemo a ritibetse, go ne go tla nna motlhofo gore ba dire jalo ka dinako tsa mathata.

11. Ini ku galamoyo kwa ka sima ku sheteka mu Bakirisiti ngwenu?

11 Fela jaaka Bakeresete ba Bahebera, le rona re tshwanetse go nna le tumelo. Batho ba le bantsi ba re tshelang le bone ba dumela gore lefatshe leno ga le kitla le fedisiwa, e bile ba a re sotla ka gonne re dumela gore le tla fedisiwa. (2 Pet. 3:3, 4) Gape Baebele e re bolelela se se tla diregang ka nako ya pitlagano e kgolo, mme go na le dilo di le dintsi tse re sa di itseng. Ka jalo, re tshwanetse go nna le tumelo e e nonofileng ya gore Jehofa o setse a dirile tshwetso ya gore bokhutlo bo tla tla. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go tlhatswega pelo gore o tla re tlhokomela ka nako eo.​—Hab. 2:3.

12. Towo batshiwa neni kuti ti chidziwe mu chibaka che ku dziyidzika ku kulu?

12 Gape re tshwanetse go nonotsha tumelo ya rona gore re tshepe gore Jehofa o dirisa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” go re kaela gompieno. (Math. 24:45) Fa pitlagano e kgolo e simologa, re ka nna ra newa ditaelo fela jaaka Bakeresete ba Bahebera ba ka tswa ba ile ba di newa fa masole a Roma a ne a dikaganyetsa Jerusalema. Go botlhokwa thata gore re tshepe ba Jehofa a ba tlhomileng gore ba etelele pele mo phuthegong. Fa re sa ba tshepe e bile re sa ikobele ditaelo tse ba re nayang tsone gone jaanong, go tla nna thata gore re dire jalo ka nako ya pitlagano e kgolo.

13. Ini matama a mu na Bahebera 13:5 e fanila?

13 Fa Bakeresete ba Bahebera ba ne ba emetse go bona sesupo sa gore ba tshabe, ba ne ba sa tshwanela “go rata madi.” Go na le moo, ba ne ba tshwanetse go dira sotlhe se ba ka se kgonang go direla Jehofa. (Bala Bahebera 13:5.) Bangwe ba bone ba ne ba tshela ka nako ya leuba. (Baheb. 10:32-34) Le fa gone ba ne ba ikemiseditse go itshoka gore ba kgone go rera dikgang tse di molemo, bangwe ba ka tswa ba ile ba simolola go batla go nna le madi gore a ba sireletse le gore ba tswe mo lehumeng. Mme gone, madi a ne a ka se ka a kgona go boloka matshelo a bone fa Jerusalema e ne e senngwa. (Jak. 5:3) Tota e bile, go ne go tla nna thata gore batho ba ba ratang dithoto ba tshabe, mme ba tlogele magae a bone le dilo tse ba nang le tsone.

14. Ku galamoyo kwa ka sima ku nga ama chini zila ya ti no linga zwithu zwa ti nazo?

14 Fa re dumela gore go ise go ye kae Jehofa o tla fedisa lefatshe leno le le bosula, ga re kitla re akanya gore go nna le dilo dingwe kgotsa madi a le mantsi go botlhokwa thata mo botshelong. Ka nako ya pitlagano e kgolo, madi ga a kitla a re thusa ka sepe. Baebele e a re batho “ba tla latlhela selefera ya bone mo mebileng” ka gonne ba tla lemoga gore “selefera ya bone kgotsa gauta ya bone ga di kitla di kgona go ba boloka mo letsatsing la tšhakgalo ya ga Jehofa.” (Esek. 7:19) Go na le go ikokoanyetsa madi, re tla dira ditshwetso tse di tla re thusang go itlhokomela le go tlhokomela ba malapa a rona le gore re kgone go direla Jehofa. Seo se akaretsa go sa itsenye mo dikolotong kgotsa go sa fetse nako e ntsi re tlhokomela dilo tse re nang le tsone. Gape re tshwanetse go nna kelotlhoko gore dilo tse re nang le tsone e se ka ya nna tsone dilo tsa botlhokwa mo botshelong. (Math. 6:19, 24) Fa bokhutlo bo ntse bo atamela, re tla tshwanelwa ke go dira tshwetso ya gore a re tla tshepa Jehofa kgotsa dilo tse re nang le tsone.

“KO SHETEKA KU DZIKITADZA”

15. Ini kwa ka be ku sheteka kuti Bakirisiti be Bahebera ba dzikitadze?

15 Bakeresete ba Bahebera ba ne ba tshwanetse go itshoka gore ba tswelele ba direla Jehofa ka gonne go ise go ye kae go ne go tlile go nna thata. (Baheb. 10:36) Le fa bangwe ba Bakeresete bao ba ile ba bogisiwa setlhogo mo nakong e e fetileng, bontsi jwa bone ba ne ba ise ba bogisiwe. Ka jalo, Paulo o ile a ba gopotsa gore ba tshwanetse go ipaakanyetsa go bogisiwa le gore ba ikemisetse go tswelela ba ikanyega go fitlha ba bolawa fela jaaka Jesu. (Baheb. 12:4) Fa Bajuda ba le bantsi ba nna Bakeresete, Bajuda ba ba neng ba ba ganetsa ba ne ba galefa thata e bile ba ne ba ba bogisa. Dingwaga di le mmalwa pele ga foo, segongwana sengwe se ile sa tlhasela Paulo ka gonne a ne a rera kwa Jerusalema. Bajuda ba feta 40 ba ne ba ‘dirile maikano a a masisi a gore ga ba kitla ba ja sepe gotlhelele go fitlha ba bolaya Paulo.’ (Dit. 22:22; 23:12-14) Tota le fa Bakeresete bao ba ne ba tlhoilwe e bile ba bogisiwa, ba ne ba tshwanetse go tswelela ba obamela Jehofa, ba rera dikgang tse di molemo e bile ba nonotsha tumelo ya bone.

16. Likwalo gwe Bahebera gu nga ti batsha chini ku linga ku dziyidziwa ne zila ya ka fanila? (Bahebera 12:7)

16 Ke eng se se neng se ka thusa Bakeresete ba Bahebera gore ba itshoke fa ba bogisiwa? Paulo o ne a batla go thusa Bakeresete bao gore ba lemoge gore go itshokela diteko go ne go tla ba tswela mosola. O ne a ba tlhalosetsa gore fa Bakeresete ba lebana le diteko, Jehofa a ka di dirisa go ba katisa. (Bala Bahebera 12:7.) Ba ka nna le dinonofo tse Jehofa a batlang gore re nne le tsone kgotsa ba ka di tokafatsa. Fa Bakeresete bao ba Bahebera ba ne ba ka akanya ka dilo tse dintle tse di neng di tla direga fa ba itshokela diteko, seo se ne se tla ba thusa gore ba itshoke.​—Baheb. 12:11.

17. Paulo wa ka zwidiyani mu ku mililana ne ku dziyidziwa?

17 Paulo o ile a kgothaletsa Bakeresete ba Bahebera gore ba nne pelokgale le gore ba se ka ba ineela fa ba lebana le diteko. Go ne go tshwanela tota gore a ba neye kgakololo eo ka gonne pele a nna Mokeresete, o ne a bogisa Bakeresete e bile o ile a bona tsela e e setlhogo e ba neng ba tshwerwe ka yone. Gape o ne a itse gore go itshokela diteko go ntse jang. Mo godimo ga moo, o ile a itshokela diteko di le dintsi fa a sena go nna Mokeresete. (2 Bakor. 11:23-25) Paulo o ne a itse gore motho o tshwanetse go dira eng gore a itshoke. Ka jalo, o ile a gopotsa Bakeresete bao gore fa ba lebana le diteko ga ba a tshwanela go itshepa, go na le moo ba tshwanetse go tshepa Jehofa gore ba kgone go itshoka. Seo ke sone se se ileng sa thusa Paulo gore a nne bopelokgale mo a neng a re: “Jehofa ke mothusi wa me; ga nkitla ke boifa.”​—Baheb. 13:6.

18. Ti nga zibani ne zwi no zha kuti ti khone mililana ne ku dziyidziwa?

18 Re bua jaana, bangwe ba bakaulengwe ba rona ba a bogisiwa. Re ka bontsha gore re a ba rata ka go ba rapelela le go ba naya dilo tse ba di tlhokang. (Baheb. 10:33) Le fa go ntse jalo, Baebele e a re: “Botlhe ba ba eletsang go obamela Modimo e le balatedi ba ga Keresete Jesu le bone ba tla bogisiwa.” (2 Tim. 3:12) Ka jalo rotlhe fela, re tshwanetse go ipaakanyetsa maemo a a thata a a tlang. Re tshwanetse go tshepa Jehofa gone jaanong le go itlhatswa pelo gore o tla re thusa go itshokela teko epe fela e re ka lebanang le yone. Ka nako e e tshwanetseng, Jehofa o tla re ntsha mo ditekong tseo fa re tswelela re ikanyega.​—2 Bathes. 1:7, 8.

19. I thambo dzipi dzi nga ti batsha ku zwibaakanyila ku dziyidziwa ku kulu? (Bona itshwantsho.)

19 Ga go pelaelo gore lekwalo le Paulo a ileng a le kwalela Bahebera le ne la thusa Bakeresete bao ba bogologolo gore ba ipaakanyetse pitlagano e e neng e tla tla. Paulo o ne a ba kgothaletsa gore ba ithute Lefoko la Modimo ka tlhoafalo le gore ba le tlhaloganye. Go dira jalo go ne go tla ba thusa gore ba lemoge dikgopolo tse di sa siamang le gore ba se ka ba di amogela ka gonne di ne di tla koafatsa tumelo ya bone. O ne a ba kgothaletsa gore ba nne bonako go ikobela ditaelo tse Jesu le ba ba eteletseng pele mo phuthegong ba ba nayang tsone. O ile a thusa Bakeresete bao go lemoga gore ba ka kgona go itshokela diteko fa ba di tsaya e le sengwe se Jehofa a se dirisang go ba katisa. Le rona re tshwanetse go dirisa kgakololo eo e e tswang mo Baebeleng, fa re dira jalo re tla kgona go itshoka go fitlha kwa bokhutlong.​—Baheb. 3:14.

Jehofa o ile a segofatsa Bakeresete ba ba neng ba ikanyega ka gonne ba ne ba itshoka. Fa ba sena go tswa kwa Judea, ba ile ba tswelela ba kopana mmogo. Seno se re ruta eng? (Bona serapa 19)

LUMBO 126 Nnang lo Tsogile, Nitamang, Nnang Maatla

a Mo kgaolong e le nngwe fela, Paulo o nopola Dikwalo Tsa Sehebera ka makgetlo a le supa go bontsha gore tsela e Bakeresete ba obamelang Jehofa ka yone e gaisa e Bajuda ba neng ba mo obamela ka yone.​—Baheb. 1:5-13.