Fetela kwa tshedimosetsong

Tshedimosetso ka Diofisi le Maeto

Re go laletsa ka lorato go etela diofisi tsa rona le mafelo a rona a go gatisa dibuka. Bona mafelo ano le dinako tsa go eta.

Go Etela Makala: Mo dinageng di le dintsi, batho ba simolotse go etela diofisi tsa rona tsa makala go tloga ka June 1, 2023. Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, ikgolaganye le lekala le o batlang go le etela. Mme fa e le gore o na le mogare wa COVID-19 kgotsa o na le matshwao a flu kgotsa o ile wa kopana le mongwe yo o nang le COVID-19, re kopa gore o se ka wa etela lekala.

Afrika Borwa

Tshedimosetso E e Ka ga Go Etela Lekala

A o tlhoka go tsenya kopo pele o etelela lekala? Ee. Ka gonne seno se tla dira gore go se ka ga tla batho ba le bantsi ka nako e le nngwe le gore botlhe ba itumelele go bona lekala go sa kgathalesege gore ba tlile ka bontsi jo bo kae. Tsenya kopo ya gago bobotlana beke pele ga moo. Fa o akanyetsa go eta ka malatsi a boikhutso, re go kgothaletsa gore o tsenye kopo nako e sa ntse e le teng.

A o ka bontshiwa lekala fa o sa tsenya kopo? Fa e le gore ga o a tsenya kopo go ka direga gore o se ka wa bontshiwa lekala. Ka gonne meago ya rona e se megolo thata re ka kgona go amogela palo e e rileng fela ka letsatsi.

Fa o dirile kopo o tshwanetse wa goroga nako mang? Ka kopo goroga ura pele ga nako e o e beetsweng gore go se ka ga tlala thata.

O tsenya kopo jang? Tobetsa fa go kwadilweng “Tsenya Kopo.”

A o ka kgona go fetola kopo ya gago kgotsa go fetola letlha la yone? Ee. Tobetsa fa go kwadilweng “Leba Kgotsa Fetola Kopo.”

O tla dira eng fa o sa kgone go tsenya kopo ka malatsi a o a batlang? O se ka wa itlhoboga, nna o ntse o tlhola website. O ka bona phatlha fa mongwe a fetola kopo ya gagwe kgotsa a e phimola.

Itseele Boroutšhara Jwa go Etela Ofisi ya Lekala

Mafelo a o tla a bonang

Lefelo la go Amogela Baeng: Dibidio di tla go bontsha gore go diragala eng kwa Bethele le kafa e tshegetsang kobamelo ya boammaaruri ka gone.

Printery 2 Kwa Baeng ba Amogelwang Teng: Dibidio tse di bontshang kafa go ranolwang le kafa go printiwang dikgatiso ka gone. Fa o latlhela bofofu o le kwa boalong jo bo kwa godimo o kgona go bona gore dikgatiso di gatisiwa jang. O tla bona dikgatiso tse di bontshang gore leina la Modimo le ne le dirisiwa jang mo dipuong dingwe.

Printery 3 Kwa Baeng ba Amogelwang teng: Fa o le kwa boalong jo bo kwa godimo, o kgona go bona kwa dikgatiso di tsewang teng mme disekirini tse di foo di bontsha mafelong a dikgatiso di isiwang kwa go one. Dibidio tse di foo di bontsha kafa Diholo tsa Bogosi di agiwang ka gone le kafa dikgatiso le dibidio di dirwang ka gone di bo di romelwa kwa mafelong a a farologaneng.

Tshedimosetso e e oketsegileng: Dipalangwa tse di foo di tla bo di dirisediwa go isa baeng kwa mafelong a ba amogelwang kwa go one. Baeng ba tla itumelela dijo tsa motshegare kwa mafelong a ba a rulaganyeditsweng.

Aterese le Dinomoro Tsa Mogala

1 Robert Broom Drive East

Rangeview

KRUGERSDORP

1739

SOUTH AFRICA

+27 11-761-1002