Ke Eng se se Ileng sa Diragalela Basupi ba ga Jehofa ka Nako ya fa Banasi Ba ne Ba Gaila Batho?
Go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba ka nna 35 000 kwa Germany le kwa mafelong a mangwe a go neng go busa Banasi gone mme Basupi ba ga Jehofa ba ka nna 1 500 ba ile ba tlhokafala ka nako ya fa Banasi ba ne ba bolaya batho. Ga re itse gore ba bangwe ba ile ba bolawa ke eng. Go sa ntse go diriwa dipatlisiso, ka jalo gongwe dipalo le tshedimosetso e e leng gone e tla tlhabololwa.
Ba tlhokafetse jang?
Ba ba bolailweng: Basupi ba ga Jehofa ba ka nna 400 ba ile ba bolawa kwa Germany le kwa dinageng tse dingwe tse di neng di busiwa ke Banasi. Ba le bantsi ba bone ba ile ba isiwa kgotlatshekelong, ba atlholelwa loso e bile ba ne ba kgaolwa ditlhogo. Bangwe ba ile ba thuntshiwa kgotsa ba kalediwa le fa gone ba ne ba sa isiwa kgotlatshekelong.
Maemo a a sa jeseng diwelang a kwa dikampeng kgotsa kwa dikgolegelong: Basupi ba feta 1 000 ba ile ba tlhokafala kwa dikampeng tsa pogisetso kgotsa kwa dikgolegelong tsa Banasi. Ba ne ba tlhokafala ka gonne ba ne ba bolaisiwa tiro mme ba sa ikhutse, ba sotliwa, ba bolaisiwa tlala, ba nna mo serameng, ba lwala kgotsa ba sa newe kalafi e ba e tlhokang. E re ka ba ne ba tshwarwa setlhogo, bangwe ba ne ba tlhokafala fa ba sena go gololwa morago ga Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe.
Dilo tse dingwe tse di ileng tsa dira gore ba tlhokafale: Basupi bangwe ba ile ba tlhokafala ka gonne dingaka di ile tsa lekeletsa melemo e e kotsi mo go bone kgotsa ba ba tlhaba lemao le le nang le khemikale e e bolayang.
Goreng ba ne ba bogisiwa?
Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bogisiwa ka gonne ba ne ba ikobela se Baebele e se rutang. Fa puso ya Banasi e ne e pateletsa Basupi go dira sengwe se se sa dumalaneng le Baebele, Basupi ba ne ba gana go ikobela taelo eo. Ba ile ba tlhopha go “ikobela Modimo e le mmusi go na le go ikobela batho.” (Ditiro 5:29) Bona dintlha tse pedi tse di ba thusitseng go dira tshwetso eno.
Go sa tseye karolo mo dipolotiking. Fela jaaka Basupi ba ga Jehofa ba dira gompieno mo lefatsheng lotlhe, Basupi ba ba neng ba busiwa ke puso ya Banasi le bone ba ne ba sa tseye letlhakore mo dipolotiking. (Johane 18:36) Ka jalo, ba ne ba gana go:
Go tsenela bosole kgotsa go tshegetsa dintwa.—Isaia 2:4; Mathaio 26:52.
Go bouta kgotsa go tsenela mekgatlho ya Banasi.—Johane 17:16.
Go dumedisa fologa ya swastika kgotsa go re “Heil Hitler!”—Mathaio 23:10; 1 Bakorintha 10:14.
Ba bontsha gore ba na le tumelo. Le fa ba ne ba thibelwa go bontsha gore ba na le tumelo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba:
Kopana le go obamela Modimo mmogo.—Bahebera 10:24, 25.
Rera molaetsa o o tswang mo Baebeleng le go naya batho dikgatiso tse di theilweng mo go yone.—Mathaio 28:19, 20.
Bontsha gore ba rata batho ba bangwe, go akaretsa le Bajuda.—Mareko 12:31.
Gana go saena pampiri e e neng e bontsha gore ba tlogetse se ba neng ba se dumela.—Mareko 12:30.
Porofesa Robert Gerwarth o ile a konela ka go re, Basupi ba ga Jehofa “e ne e le bone fela ba ba neng ba bogisiwa ka nako ya puso ya ga Hitler, ka ntlha ya se ba neng ba se dumela.” a Batho ba bangwe ba ba neng ba le kwa kampeng ya pogisetso, ba ne ba anaanela tsela e Basupi ba ga Jehofa ba neng ba emela se ba se dumelang ka gone. Legolegwa lengwe la kwa Australia le ile la re: “Ga ba tseye karolo mo dintweng. Bogolo go ne go ka bolawa bone go na le gore ba bolaye mongwe.”
Ba tlhokafaletse kae?
Dikampa tsa pogisetso: Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba ile ba tlhokafalela kwa dikampeng tsa pogisetso. Ba ile ba tsenngwa mo dikampeng tsa Auschwitz, Buchenwald, Dachau, Flossenbürg, Mauthausen, Neuengamme, Niederhagen, Ravensbrück le Sachsenhausen. Kwa kampeng ya Sachsenhausen, go tlhokafetse Basupi ba ga Jehofa ba ka nna 200.
Dikgolegelo: Basupi bangwe ba ile ba bogisiwa kwa dikgolegelong go fitlha ba tlhokafala. Ba bangwe ba ne ba tlhokafala ka gonne ba ne ba gobetse thata, ka ntlha ya gore ba ne ba itewa fa ba ne ba botsolodiwa.
Mafelo a ba neng ba bolaelwa kwa go one: Gantsi Basupi ba ga Jehofa ba ile ba bolaelwa kwa kgolegelong ya Berlin-Plötzensee, Brandenburg le ya Halle/Saale. Gape go na le mafelo a mangwe a ka nna 70 a Basupi ba ileng ba bolaelwa kwa go one.
Bangwe ba ba bolailweng
Leina: Helene Gotthold
Lefelo le a bolaetsweng kwa go lone: Plötzensee (Berlin)
Helene o ne a nyetswe e bile a na le bana ba le babedi mme o ile a isiwa kgolegelong makgetlo a le mmalwa. Ka 1937 fa a ne botsolodiwa, o ile a sotliwa mo go setlhogo mo a ileng a tlhokafalelwa ke ngwana yo a neng a mo imile. Ka di8 tsa December 1944 o ile a kgaolwa tlhogo ka motšhine mongwe o o bidiwang guillotine kwa kgolegelong ya Plötzensee kwa Berlin.
Leina: Gerhard Liebold
Lefelo le a bolaetsweng kwa go lone: Brandenburg
Gerhard o ne a na le dingwaga di le 20 fa a ne a kgaolwa tlhogo ka di6 tsa May 1943, seno se ile sa diragala dingwaga di le pedi morago ga gore rraagwe a kgaolwe tlhogo kwa kgolegelong eo. O ile a kwalela ba lelapa la gagwe le lekgarebe le a neng a le solofeditse gore o tla le nyala lekwalo a re: “Fa e ne e se ka maatla a ke a neilweng ke Morena, ke ne ke se kitla ke kgona go tsamaya mo tseleng eno.”
Leina: Rudolf Auschner
Lefelo le a bolaetsweng kwa go lone: Halle/Saale
Rudolf o ne a kgaolwa tlhogo ka di22 tsa September 1944 mme o ne a na le dingwaga di le 17. O ne a kwalela mmaagwe jaana mo lekwalong la gagwe la bofelo: “Bakaulengwe ba le bantsi ba ile ba tsamaya mo tseleng eno, mme le nna ke tla dira se se tshwanang.”
a Hitler’s Hangman: The Life of Heydrich, tsebe 105.