Fetela kwa tshedimosetsong

Tiro ya Basupi ba ga Jehofa e Tshegediwa Jang?

Tiro ya Basupi ba ga Jehofa e Tshegediwa Jang?

 Tsela e kgolo e tiro ya rona e tshegediwang ka yone ke ka meneelo e Basupi ba ga Jehofa ba e ntshang ka go rata. a Go na le mabokoso a meneelo mo mafelong a re tshwarelang dipokano mo go one gape go na le ditsela tse di farologaneng tsa go ntsha moneelo tse di tlhagelelang mo websaeteng ya rona mo karolong ya Meneelo. Motho a ka tlhopha go ntshetsa tiro ya lefatshe lotlhe moneelo, ditshenyegelo tsa phuthego kgotsa tsoopedi.

 Basupi ba ga Jehofa ga ba patelediwe go ntsha ditsabosome kgotsa go neela ka madi a a rileng kgotsa go neela ka karolo nngwe ya madi a ba a amogelang kwa tirong. (2 Bakorintha 9:7) Ga re tseye koleke e bile go tsenwa mahala kwa dipokanong tsa rona, gape ga re kope madi ape go kolobetsa, go dira tirelo ya phitlho, go nyadisa kgotsa go dira ditiro dipe tse dingwe. Ga re tsamaye re rekisa sepe, ga re rekise di-raffle, ga re dire dikokoano ka maikaelelo a go dira madi e bile ga re tsamaye re kopa meneelo. Batho ba ba ntshang meneelo ga ba umakiwe ka maina e bile tshedimosetso ya bone ga e senolwe. (Mathaio 6:2-4)Websaete ya rona le dikgatiso tsa rona ga di na dipapatso tse di re direlang madi.

 Kgwedi nngwe le nngwe phuthego nngwe le nngwe e ntsha pego ya tsa madi gore maloko otlhe le batho ba bangwe ba itse kafa madi a dirisitsweng ka gone. Dipego tsa diakhaonto tsa phuthego nngwe le nngwe di sekasekiwa gangwe le gape go netefatsa gore meneelo e dirisiwa sentle.​—2 Bakorintha 8:20, 21.

O ka Ntsha Moneelo Jang?

  •   Mabokoso a moneelo: O ka tsenya madi kgotsa tšheke mo mabokosong a moneelo a a mo Diholong Tsa Bogosi, Diholo Tsa Dikopano kgotsa mo mafelong a mangwe a re kopanelang kwa go one.

  •   Go ntsha moneelo ka websaete: Mo dinageng di le dintsi, o ka tsena mo websaeteng ya rona mo karolong ya “Go Ntshetsa Basupi ba ga Jehofa Meneelo” go ntsha moneelo o dirisa dikarata tsa banka, go romela madi ka internet kgotsa go dirisa mekgwa e mengwe ya ileketeroniki. b Basupi bangwe ba “beela sengwe kwa thoko” ka go rulaganya gore go gogiwe moneelo mo diakhaontong tsa bone kgwedi le kgwedi go dirisiwa mengwe ya mekgwa eno.​—1 Bakorintha 16:2.

  •   Go rulaganya go neela: Meneelo e mengwe e tlhoka gore motho a e rulaganye go sa le gale kgotsa gore a batle kgakololo kwa go ba molao. Seo se ka go thusa go bona melemo mengwe mo go tsa lekgetho mo nageng ya lona. Go itse tshedimosetso eno go thusitse batho ba le bantsi go bona gore ba ka neela jang gone jaanong le gore fa ba setse ba tlhokafetse go ka dirisiwa dithulaganyo dife tsa go neela. Ikgolaganye le ofisi ya Lekala ya Basupi ba ga Jehofa fa o batla go itse mo go oketsegileng ka go ntsha moneelo o dirisa:

    •   diakhaonto tsa banka

    •   insurance kgotsa madi a o a bonang fa o tlogela tiro

    •   matlo

    •   di-stock le di-bond

    •   di-will le di-trust

 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka ditsela tse di farologaneng tsa go ntsha meneelo tse di leng gone mo lefelong la gago, tsena mo websaeteng ya rona mo karolong ya “Go Ntshetsa Basupi ba ga Jehofa Meneelo .”

a Batho ba e seng Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go tshegetsa tiro ya rona ka go ntsha meneelo.

b Go ithuta mo go oketsegileng bona bidio e e reng Go Ntsha Moneelo o Dirisa Internet.