Fetela kwa tshedimosetsong

Watchtower Farms​—Dingwaga di le Masome a Matlhano Tsa Thobo

Watchtower Farms​—Dingwaga di le Masome a Matlhano Tsa Thobo

Dikilometara di ka nna 145 kwa bokone jwa New York City, gaufi le motsana wa Wallkill, kwa New York, go na le dipolasi di le mmalwa tse di nnileng le seabe se segolo mo tirong ya Basupi ba ga Jehofa ya go ruta Baebele mo lefatsheng lotlhe. Polasi ya ntlha ya Watchtower Farms, e ne ya rekwa dingwaga di le 50 tse di fetileng, ka Ferikgong 2, 1963.

David Walker, Mosupi wa ga Jehofa yo o ntseng a direla kwa Wallkill go tloga fela kwa tshimologong, o tlhalosa lebaka la go bo polasi eno e ne ya rekwa: “Badiri ba kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, New York, ba ne ba oketsega mme re ne re tlhoka go ba fepa ka tsela e e sa tlhokeng madi a mantsi. Re ne re tsaya diura di le thataro go ya go di le robedi go tswa kwa Brooklyn go ya kwa polasing nngwe e Basupi ba ga Jehofa ba neng ba ntse ba e dirisa e e kwa bokonebophirima jwa New York. Mme go ya kwa Wallkill ke diura di le pedinyana fela, se se neng sa dira gore lefelo leno le nne botoka thata.” Kgabagare, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dirisa polasi eno go jala maungo le merogo le go bona nama ya koko, ya kolobe le ya kgomo, mmogo le mashi. Fa nako e ntse e tsamaya, go ne ga rekwa dipolasi tse dingwe.

Mo dingwageng di le lesome, koketsego ya Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe e ne ya dira gore go direge sengwe sa botlhokwa kwa Wallkill. Mo godimo ga go lema le go roba mo masimong a mmatota, go ne ga simololwa tiro ya go gatisa dibuka tse di neng di tla thusa mo thobong ya tshwantshetso e Jesu a neng a bua ka yone. (Mathaio 9:37; Luke 10:2; Johane 4:35, 36) Bona dingwe tsa ditiro tse di ntseng di dirwa kwa Wallkill.

Go gatisa: Mo magareng a lekgolo la bo20 la dingwaga, dibuka di le dintsi tse di theilweng mo Baebeleng di ne di gatisiwa kwa bogatisetsong jo bo kwa Brooklyn, New York. E re ka batho ba le bantsi ba ne ba batla dibuka, bogatisetso joo bo ne bo sa kgone go gatisa dibuka tse di tlhokegang. Ka jalo, ka 1973 Basupi ba ga Jehofa ba ne ba wetsa kago ya bogatisetso jo bongwe kwa Wallkill. Fa e sa le ka nako eo, dikago tse go gatisediwang mo go tsone di ne tsa okediwa ka makgetlo a le mmalwa, mme bosheng jaana di okeditswe ka 2004.

Thekenoloji ya Dikhomputara: Ka 1979, setlhopha sengwe sa Basupi ba ga Jehofa kwa Wallkill se ne sa simolola go dira thulaganyo nngwe ya khomputara, e jaanong e bidiwang Multilanguage Electronic Publishing System (MEPS). Thulaganyo eno e thusa gore go gatisiwe dibuka tsa Baebele ka dipuo di feta 600.

Thuto: Ka 1988, Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade se ne sa fudugela mo Wallkill go tswa Brooklyn, mme ditlelase di ne tsa simolola ka Diphalane 17. Sekolo seo se ne sa tshwarelwa koo go fitlha se isiwa kwa Lefelong la Thuto la Watchtower, kwa Patterson, New York, ka Moranang 1995.

Fela jaaka go ntse ka dipolasi tse dingwe, mo dingwageng di le 50 tse di fetileng, mekgwa e e dirisiwang le ditiro tse di dirwang kwa Watchtower Farms di fetogile. Le fa go ntse jalo, go dirwa maiteko a magolo a gore Basupi ba ga Jehofa ba ba direlang kwa magaeng a Bethele kwa New York, United States, ba newe dijo tse di siameng.

Gone jaanong Basupi ba ga Jehofa ba aga diofisi tse disha, lefelo la bonno le la ditirelo tse dingwe mo Wallkill. Gape ba tlhabolola dikago tse di leng teng. Tiro eno yotlhe e e dirwang e tla thusa gore Watchtower Farms e tswelele e aba dijo tsa semoya tse di tlhokwang ke batho ba le bantsi ba e nnang Basupi ba ga Jehofa mo karolong eno ya lefatshe.

David Walker yo o umakilweng pelenyana a re: “Mo dingwageng di le 50 tse di fetileng, ke itumeletse go bona dikago tsa kwa Wallkill di okediwa le go nna le seabe mo tirong e e dirwang mo lefatsheng lotlhe ya go ruta batho molaetsa wa Baebele!”