Fetela kwa tshedimosetsong

Letsholo la Lefatshe Lotlhe la go Itsise Batho ka JW.ORG

Letsholo la Lefatshe Lotlhe la go Itsise Batho ka JW.ORG

Ka August 2014, Basupi ba ga Jehofa go ralala lefatshe lotlhe, ba ne ba naya batho pampitshana e e ba itsiseng ka website ya jw.org. Seo se dirile gore palo ya batho ba ba etelang website eno e oketsege ka diperesente di feta 20 ka kgwedi eo, palo e e batlileng e tshwara dimilione di le 65. Batho ba ka nna 10 000 ba ne ba dirisa website eo go kopa go rutiwa Baebele kwa malapeng a bone—diperesente di le 67 go feta kgwedi e e fetileng! Letsholo leno le ne la thusa batho ba le bantsi thata.

Go thusa batho ba ba batlang dikarabo tsa dipotso tsa botlhokwa mo botshelong

Mosupi mongwe kwa Canada o ne a dumedisa Madeline mo lefiting mme a bo a mo naya pampitshana ya Re ka Bona Kae Dikarabo Tsa Dipotso Tse di Botlhokwa ka Botshelo? Madeline a re o ne a ntse bosigo jotlhe mo balekhoneng a kopa Modimo gore a mo thuse go bona dikarabo tsa dipotso tseo. O ne a kile a founela dikereke di le mmalwa a kopa go rutiwa Baebele, mme ga go ope yo o ileng a tla kwa go ene. Go ise go ye kae, o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa.

Go thusa ba ba sa itseng sepe ka Baebele

Kwa Ditlhaketlhakeng tsa Philippine, Rowena o ne a bua le monna mongwe wa kwa China yo o neng a eme fa pele ga resetšhurente. O ne a mo naya pampitshana eo mme a mmolelela gore Basupi ba ga Jehofa ba batla go ithuta Baebele mahala le batho.

Monna yoo o ne a mmolelela gore ga a ise a tsamaye a bone Baebele. Ba ne ba tlotla monate jaana mo monna yoo a neng a tla kopanong ya Basupi ba ga Jehofa. Morago ga moo, monna yoo o ne a re o batla go itse mo go oketsegileng ka Baebele le gore o tla itseela yone mo websiteng.

Go thusa ba ba dirisang puo ya diatla

Mosupi mongwe wa kwa Spain yo o sa utlweng mo ditsebeng e bong Guillermo, o ne a kopana le Jorge yo a neng a tsena sekolo le ene. Jorge o ne a mmolelela gore mmaagwe o sa tswa go tlhokafala le gore o na le dipelaelo le dipotso di le dintsi. Guillermo o ne a mo naya pampitshana mme a mo tlhalosetsa gore website ya jw.org e tla mo thusa go bona dikarabo tse a di tlhokang ka puo ya diatla. Gape Guillermo o ne a laletsa Jorge go tla dipokanong kwa Holong ya Bogosi. Fa e sa le go tloga ka nako eo, Jorge ga a ise a fetwe ke dipokano le fa gone a nna dikilometara di le 60 go tswa kwa Holong ya Bogosi.

Go thusa ba ba nnang kwa mafelong a a kwa thokothoko

Banyalani bangwe ba Basupi ba kwa Greenland ba ne ba dirisa madi a mantsi go tsaya loeto lwa diura di le thataro ka mokoro go ya kwa motsaneng mongwe o o nang le baagi ba le 280. Fa ba le koo, ba ne ba rera, ba naya batho dipampitshana le go ba bontsha bidio mo jw.org ka Se-Greenland. Gape ba ne ba simolola thuto ya Baebele le banyalani bangwe ba koo. Gone jaanong ba e tshwara gabedi mo bekeng ba dirisa founo.

Basupi ba kwa Nicaragua le bone ba ne ba rulaganya go isa pampitshana eno kwa bathong ba ba buang Se-Mayangna kwa dikgweng tsa kwa Caribbean. Fa ba sena go kgweetsa diura di le 20 ka bese ya sekorokoro mo tseleng e e dikhutikhuti, ba ne ba emisa mme ba tsamaya diura di le 11, ka dinako tse dingwe ba feta mo diretseng tse di seng kana ka sepe gore ba fitlhe kwa bathong ba leng teng. Ba ne ba ba naya dipampitshana tseno le go ba bontsha dibidio ka puo ya Se-Mayangna mme batho ba koo ba ne ba gakgametse e bile ba itumetse.

Estela o ne a e naya monna mongwe yo o neng a feta mo gare ga torotswana ya kwa sekgweng sa pula sa Amazon kwa Brazil. Monna yoo o ne a tsenya pampitshana eo mo potleng ya borokgwe a bonala e kete ga a na kgatlhego le e seng. Fa a le mo tseleng a ya gae, enjene ya mokoro e ne ya thubega mme a gaelelwa mo nokeng. Fa a ntse a letetse go thusiwa, o ne a bala pampitshana eo. O ne a dirisa founo ya gagwe go tsena mo jw.org mme a bala dikgatiso di le mmalwa le go itseela dibidio di le mmalwa. Morago ga malatsi a se kae, monna yoo o ne a kopana le monna wa ga Estela mme a mo kopa gore a mo lebogele mosadi wa gagwe ka pampitshana eo. O ne a re: “Dikgatiso tse ke neng ke di bala, di ile tsa nthusa gore ke nne ke wetse makgwafo fa ke ne ke gaeletswe ka mokoro. Banake ba rata dibidio tsa ga Kabo. Ke tla tswelela ke ntse ke dirisa website eno.”