Fetela kwa tshedimosetsong

Go Gopola Kopano ya “Lefatshe Lotlhe”

Go Gopola Kopano ya “Lefatshe Lotlhe”

Dingwaga di le masome a matlhano tse di fetileng, Basupi ba ga Jehofa ba le 583 ba ne ba tsaya loeto lwa dibeke di le lesome mo lefatsheng lotlhe. Mme e ne e se loeto fela lwa bojanala. Boikaelelo jwa bone jo bogolo e ne e le go kgothadiwa ka dilo tsa semoya mo motseletseleng wa dikopano tse di neng di tshwerwe ka 1963 tsa setlhogo se se reng, “Dikgang Tse di Molemo Tse di sa Khutleng.” E re ka batho bano ba ne ba kopana le Basupi mo dinageng di feta 20, motseletsele ono wa dikopano o ne wa bidiwa Kopano ya “Lefatshe Lotlhe.”

Kopano nngwe le nngwe e ne e na le puo ya konokono ya setlhogo se se reng, “Nako ya fa Modimo e le Kgosi mo Lefatsheng Lotlhe.” Mo dikopanong tse dintsi puo eno e ne ya neelwa ke Nathan Knorr, go tswa kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa. O ne a tlhalosa maemo a lefatshe a a etegelang pele a bo a tlhalosa tsholofetso ya Baebele ya go tsosolosiwa ga Paradaise mo lefatsheng. Palo ya batho ba ba neng ba tlile go reetsa puo eno mo lefatsheng lotlhe, e ne e le 580 509.

“Lefatshe Lotlhe” mo Dikgweding di le Lesome

Dikopano di ne tsa simolola kwa Milwaukee, Wisconsin, U.S.A. Bayakopanong ba ne ba tswa mono ba leba kwa botlhaba. Morago ga kopano ya kwa New York, ba ne ba ema kwa Engelane, Sweden, Jeremane le kwa Italy. Gongwe le gongwe kwa ba neng ba ema gone, ba ne ba nna le ditshono tsa go rera dikgang tse di molemo tse go buiwang ka tsone mo Baebeleng.

Batho ba bantsi mo mafelong ao ba ne ba anaanela go bo Basupi ba dirisitse nako ya bone gore ba ba etele. Lekgarebe lengwe la kwa Stockholm, Sweden, le ne la re: “Ke tla nna ke gopola ketelo ya lona botshelo jotlhe jwa me. . . . A tota lo tsamaile sekgala se se kalo, fela gore lo tle go mpolelela ka Modimo? Ruri lo a kgatlha.”

Bayakopanong ba ne ba batla ba kgobega marapo fa ba goroga kwa Athens, Greece. E re ka puso e ne e tlhotlhelediwa ke baeteledipele ba bodumedi ba lefelo leo, e ne ya phimola tetla ya gore ba tshwarele kopano kwa Panathinaikos Stadium. Le fa go ntse jalo, Basupi ba ba tlhagafetseng ga ba a ka ba kgobega marapo. Go ela kwa bofelong jwa Phatwe, mo e batlang e le batho ba le 10 000 ba ne ba ya kwa kopanong e e neng e tshwaretswe mo matlong le mo diphuthegong tsa mo lefelong leno.

Fa bayakopanong ba tswa kwa Athens, ba ne ba ya kwa Lebanon, Jordan, Israel le kwa Cyprus. Badumedi ka bone ba ne ba ba amogela ka lorato, mme ka dinako tse dingwe e le ka tsela e e kgatlhang. Kwa Nicosia, Cyprus, mongwe wa bayakopanong o ne a anela maitemogelo a a tshegisang ka ditlhako tsa gagwe: “Nako le nako fa ke boela kwa ntlong [ya motho yo o neng a nkamogetse] ke bo ke rola ditlhako . . . , di ne di nyelela . . . , di bo di bonala gape mo metsotsong e le metlhano di tshasitswe poletšhe e bile di phatshima!”

Karolo ya bofelo ya loeto lwa bayakopanong e ne e le go ralala Asia le ditlhaketlhake tsa Pacific. Dinaga tsa India, Burma (e jaanong e leng Myanmar), Thailand, Hong Kong, Singapore, ditlhaketlhake tsa Philippines, Indonesia, Australia, Taiwan, Japane, New Zealand, Fiji le Korea di ne tsa amogela batlakopanong le Basupi ba mafelo ao ba le diketekete. Batho ba le bantsi ba ne ba fetola dithulaganyo tsa bone gore ba nne teng mo kopanong, bangwe ba bone ke basha ba ba neng ba tloga ba nyalana ba kwa Yokosuka, Japane. Fa monna a kopa mothapi wa gagwe malatsi a go ya kopanong kwa Kyoto, o ne a mo raya a re motho o newa malatsi fela fa a tlhagetswe ke loso kgotsa a nyala. E re ka basha bano ba ne ba setse ba dirile dithulaganyo tsa lenyalo, ba ne ba rulaganya go nyalana pele ga letlha le ba neng ba le beile. Ba ne ba dirisa nako ya bone ya maikhutso a morago ga lenyalo gore ba ye kwa kopanong!

Loeto lo ne lwa wela mo masimologong a kgwedi ya Lwetse kwa dikopanong tsa kwa Hawaii le California, U.S.A. Kwa Pasadena, California, kwa lefelong la bofelo le go neng go emiwa kwa go lone, palo ya batlakopanong e ne ya feta thata e e neng e lebeletswe. Seo se ne sa dira gore go nne le pharakano e ntsi tota morago ga thulaganyo ya bofelo. Le fa go ntse jalo, lekwalodikgang la mo motseng ono le ne la nopola se molaodi wa mapodise a neng a se bua fa a re, “e ne e le la ntlha ke bona kopano e kgolo thata jaana ya batho ba ba itshwereng sentle.”

Melemo e e Nnelang Ruri

Le gompieno dilo tse di molemo tse di diregileng kwa dikopanong tseo di sa ntse di bonala. Kwa dikopanong tseo go ne ga gololwa buka e e tlhalosang Baebele ya “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola,” mme kgatiso eno e sa ntse e dirisiwa kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa gompieno.

Harold King fa a sena go gololwa kwa kgolegelong ya kwa China

Kwa kopanong e e neng e tshwaretswe kwa New York, go ne ga itsisiwe pina e ntšha. E ne e kwadilwe ke Harold King, Mosupi yo o neng a gololwa kwa kgolegelong ya kwa China ka 1963. Setlhogo sa pina eo se ne se re, “Ka Ntlo le Ntlo.” Harold King o ne a tlhama pina eno fa a ne a le kwa kgolegelong mme Basupi ba ga Jehofa ba sa ntse ba e opela.

Gompieno dikopano tsa Basupi ba ga Jehofa di tshwarwa ka tsela e e sa tshwaneng le e di neng di tshwarwa ka yone ka nako eo. Go tshwarwa dikopano tse dinnye mo mafelong a a lekanang palo eo. Fa di tshwarelwa mo mafelong a mantsi a a farologaneng seo se dira gore batho ba se ka ba tsaya mesepele e meleele. Go tlhofofatsa dilo jalo le ka ditsela tse dingwe, go dira gore batho ba bantsi ba tlhome mogopolo thata mo thulaganyong. Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang dimilione di le supa le baeng ba bone ba nna gone kwa dikopanong tsa rona tsa ngwaga le ngwaga. A o ka rata go nna gone mo dikopanong tsa monongwaga? Bona lefelo la kopano le le gaufi le wena.