Fetela kwa tshedimosetsong

Kalogo ya Setlhopha sa Bo136 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade

Kalogo ya Setlhopha sa Bo136 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade

Morago ga go fetsa khoso e e tseneletseng ya dikgwedi di le tlhano ya thuto ya Baebele, setlhopha sa bo136 sa Gileade se ne sa aloga ka Matlhatso, Mopitlwe 8, 2014. Mo sekolong seno, badiredi ba ba nang le maitemogelo ba Basupi ba ga Jehofa ba ithuta kafa ba ka atlegang thata ka gone mo bodireding le go nonotsha tumelo ya Basupi ka bone. Batho ba le 11 548 ba ne ba le gone mo thulaganyong eno, bangwe ba le kwa lefelong la thuto la Basupi ba ga Jehofa kwa Patterson, New York mme ba bangwe ba gokagantswe ka bidio kwa Canada, Jamaica, Puerto Rico le United States.

“Bolokang Boikutlo Jono Jwa Mogopolo mo go Lona.” David Splane, leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa e bile e le modulasetulo wa thulaganyo, o ne a simolola thulaganyo ka puo e e theilweng mo go Bafilipi 2:5-7: “Bolokang boikutlo jono jwa mogopolo mo go lona jo gape bo neng bo le mo go Keresete Jesu.” Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a sa akanye thata ka maemo mme o ne a dira tiro ya Modimo ka natla a ikokobeditse.

Ka sekai, Jesu o ne gana nngwe le nngwe ya dithaelo tsa ga Diabolo a re “Go kwadilwe ga twe,” a bo a nopola mafoko a puo e Moshe a neng a e neela setšhaba sa Iseraele. (Mathaio 4:4, 7, 10; Duteronome 6:13, 16; 8:3) Le fa Jesu a ne a ka dirisa taolo ya gagwe jaaka Morwa Modimo yo o tloditsweng, ka boikokobetso o ne a bontsha gore o anaanela tiro ya ga Moshe. Ka tsela e e tshwanang, le rona re tshwanetse go lemoga bokgoni jwa ba bangwe mme re ba akgole ka bopelotshweu.

Gape Mokaulengwe Splane o ne a bua kafa Jesu a neng a bontsha mogopolo o o siameng ka gone kwa bowelong jwa thapiso ya gagwe mo lefatsheng. Jesu o ne a rapela jaana: “Ke go galaleditse mo lefatsheng, ka ke weditse tiro e o e nneileng go e dira. Jalo jaanong wena Rara, nkgalaletse gaufi le wena ka kgalalelo e ke neng ke na le yone gaufi le wena pele lefatshe le nna gone.” (Johane 17:4, 5) Jesu o ne a sa batle ditshiamelo tse di oketsegileng. Se a neng a se ikopela fela e ne e le gore fa a boela kwa legodimong a busediwe mo maemong a gagwe kgotsa ‘a busediwe mo tirong ya gagwe ya pele.’ Ka tsela e e tshwanang, baalogi ba Gileade ba tshwanetse go etsa Jesu ka go tlhoma mogopolo mo tirong, e seng mo maemong mme ba kgotsofale le fa ba sa newe ditshiamelo tse di oketsegileng fa ba boela kwa dikabelong tsa bone.

“Intshe Setlhabelo Kwantle ga go Ikwatlhaya.” William Malenfant, mothusi wa Komiti e e Rutang ya Setlhopha se se Laolang, o ne a kgothaletsa baithuti gore ba latele sekao sa ga moaposetoloi Paulo sa go intsha setlhabelo. Go na le gore a akanye ka dilo tse a di tlogetseng kwa morago ka ntlha ya tirelo ya Modimo, Paulo o ne a re: “Ke tlogela dilo tsa kwa morago mme ke phutholotse diatla go ya kwa go sengwe le sengwe se se kwa pele go gagamalela mokgele.”—Bafilipi 3:13, 14, Phillips.

Ka go ntsha ditlhabelo ba sa ikwatlhaye, baithuti ba tla bo ba etsa batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba bogologolo le ba motlha ono. Mokaulengwe Malenfant o ne a nopola mafoko a ga Clara Gerber Moyer, yo o simolotseng go direla Jehofa a le monnye. Clara o ne a kwala jaana: “A bo e le tshiamelo jang ne go bo ke diretse Modimo ka natla ka dingwaga di feta 80—ke sa ikwatlhaele sepe! Fa ke ne nka simolola botshelo sesha, ke ne ke tla boa ke tshela ka yone tsela eno.”

“Go Rera Bogosi le Baengele e Bile re le Baengele.” Gerrit Lösch, leloko la Setlhopha se se Laolang, o ne a thusa baithuti gore ba tlhaloganye ditshiamelo tse pedi tse di kgethegileng tse ba ba rerang ba di itumelelang. Ya ntlha, ba direla e le baengele ba Modimo fa ba isa molaetsa wa dikgang tse di molemo tsa Bogosi, ka gonne mafoko a Sehebera le Segerika a a dirisitsweng mo Baebeleng a a kayang “moengele” a ka ranolwa e le “morongwa.” Ya bobedi, baithuti ba rera dikgang tse di molemo ba kaelwa ke dibopiwa tsa semoya tsa baengele fela jaaka morutwa Filipo.—Ditiro 8:26-35.

Mokaulengwe Lösch o ne a anela maitemogelo a le mmalwa a Basupi ba ga Jehofa ba nnileng le one fa ba ntse ba rera ka Bogosi. Ka sekai, Mosupi mongwe wa kwa Mexico yo o bidiwang Gabino, yo o tlwaetseng go kokota gangwe kgotsa gabedi fela mo lebating, o ile a kokota mo lebating le le rileng makgetlo a le manè. Monna yo o neng a bula lebati o ile a bolelela Gabino gore o ne a tloga a ipolaya. Monna yoo o ile a re: “Fa o kokota lekgetlo la bonè, ke ne ke tsentse kgole mo thamong. Mme ke ile ka e ntsha go tla go bula lebati. Ke lebogela gore ga wa ka wa emisa go kokota. Fa o ka bo o emisitse, nka bo ke ikaleditse.”

Le fa ka dinako tse dingwe dilo tse di ntseng jaana di itiragalela fela, re a itse gore ga go a nna jalo ka metlha. Go na le moo, ke bosupi jwa gore baengele ba Modimo ba kaela tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe.—Tshenolo 14:6.

“Yo o Tlotlegang o Tla Segofadiwa.” Michael Burnett, motlhatlheledi wa Gileade, o ile a bua ka setlhogo seno a dirisa sekai sa ga Jabese, setlogolwana sa Juda, yo o neng a “tlotlega thata go gaisa bomorwarraagwe.” Jabese o ile a rapela Modimo jaana: “Ruri fa o ka ntshegofatsa o bo o oketsa karolo ya me ya naga le seatla sa gago sa itshupa se na le nna, mme ruri o mpoloka mo masetlapelong!”—1 Ditiragalo 4:9, 10.

Baithuti ba ka etsa sekao se se tlotlegang sa ga Jabese ka go tlhamalala mo dithapelong tsa bone, segolobogolo fa ba kopa Modimo gore a ba thuse go diragatsa boikaelelo jwa thapiso ya bone ya Gileade. Gape ba ka kopa Modimo gore a ba boloke mo masetlapelong, e seng gore ba se ka ba utlwa ditlamorago tsa one, mme gore a ba thuse gore ba se ka ba fekeediwa ke khutsafalo kgotsa ke diphelelo tsa bosula. Modimo o ile a araba thapelo ya ga Jabese, mme o tla araba dithapelo tsa baithuti ba Gileade ka tsela e e tshwanang.

“Dira Gore Molelo wa Gago o Nne o Tuka.” Mark Noumair, motlhatlheledi wa Gileade gape e le mothusi wa Komiti e e Rutang, o ne a theile puo ya gagwe mo go 1 Bathesalonika 5:16-19. Fela jaaka molelo wa mmatota o tlhoka lookwane, okosejene le mogote gore o nne o tuka, baithuti ba ka dirisa dilo tse tharo tse di ka ba thusang gore ba nne ba tlhagafetse mo bodireding.

Sa ntlha, “ipeleng ka metlha.” (1 Bathesalonika 5:16) Baithuti ba ka ipela fa ba tlhatlhanya ka tshegofatso ya go amogelwa ke Jehofa—se se tla kgotletsang tlhagafalo ya bone. Sa bobedi, “rapelang lo sa kgaotse.” (1 Bathesalonika 5:17) Thapelo e tshwana le okosejene e e tlhotlhetsang molelo. Re tshwanetse go lelefatsa dithapelo tsa rona, re bulele Modimo mafatlha. Sa boraro, “lebogang ka ga dilo tsotlhe.” (1 Bathesalonika 5:18) Pelo e e tletseng tebogo e dira gore re nne le kamano e e molemo le Jehofa le bakaulengwe ba rona. Mokaulengwe Noumair o ile a re: “Nnang le moya wa go anaanela, e seng wa go tshwayatshwaya diphoso.”

“Go Baka Jehofa Mmogo le Loapi.” Sam Roberson, motlhatlheledi wa dikolo tsa puso ya Modimo, o ne a theile mafoko a gagwe a a simololang mo dipolelwaneng tsa Baebele tse di bontshang gore letsatsi, ngwedi le dinaledi di baka Jehofa. (Pesalema 19:1; 89:37; 148:3) O ne a re baithuti le bone ba nnile le tshiamelo ya go baka Jehofa mme o ne a ba kopa gore ba dire dipontsho tsa dilo tse di diregileng bosheng fa ba ne ba le mo bodireding jwa tshimo. Ka sekai, moithuti o ile a leboga monna yo o mo setulong sa maotwana morago ga gore monna yono a bontshe tebogo fa moithuti a sena go emisa koloi e a neng a e kgweetsa go mo letla gore a kgabaganye mmila. Go ile ga nna le motlotlo mme monna yoo o ile a amogela thuto ya mahala ya Baebele. Fa moithuti wa Gileade a ntse a tshwara thuto mo dibekeng tse di latelang, o ile a kgona go rerela batho ba le mmalwa ba ba neng ba etela monna yoo. La bofelo, go ne ga simololwa dithuto tsa Baebele tse di oketsegileng di le supa ka ntlha ya motlotlo ole wa ntlha.

“Thatafadiwa ke Thuto ya Bomodimo.” Donald Gordon, mothusi wa Komiti ya Kgatiso, o ile a botsolotsa banyalani ba le banè go tswa mo setlhopheng. Mongwe wa bakaulengwe ba ba ileng ba botsolodiwa o gakologelwa gore Baefeso 3:16-20 e ne e tlhagelela gantsi mo sekolong. Seno se thusitse baithuti gore ‘ba thatafadiwe’ ka go nna boikokobetso, ba atamelesege le go lemoga gore go na le tiro e ntsi e Jehofa a lebeletseng gore Mosupi mongwe le mongwe a e dire. Kgaitsadi mongwe a re o anaanetse kafa motlhatlheledi mongwe wa Gileade a kgothaleditseng baithuti ka gone gore ba nne jaaka tlhapi e nnye mo lewatleng le legolo, e seng jaaka tlhapi e kgolo mo mogotšwaneng wa metsi mo e sa kgoneng go gola gone. O ile a re: “Ke ithutile gore fa ke itshwara jaaka yo mmotlanyana mo phuthegong ya ga Jehofa, o tla nthusa go gola semoyeng.”

“E Kete Jehofa A ka Lo Gakologelwa ka Tsela e e Molemo.” Mark Sanderson, leloko la Setlhopha se se Laolang, o ile a neela puo ya konokono ya thulaganyo ya kalogo, ya setlhogo se se theilweng mo thapelong eno ya ga Nehemia: “A ko o nkgakologelwe, tlhe Modimo wa me, ka tsela e e molemo.” (Nehemia 5:19; 13:31) Nehemia o ne a sa tshwenngwa ke gore Jehofa o tla mo lebala le tiro e a e dirileng mo tirelong ya Gagwe. Go na le moo, o ne a kopa Modimo gore a mo gakologelwe ka lorato a bo a mo segofatse.

Ka tsela e e tshwanang, baithuti ba ka tshepa gore Jehofa o tla ba gakologelwa ka tsela e e molemo fa ba dirisa dithuto tsa botlhokwa tse ba di ithutileng kwa Gileade. Ka sekai, ba tshwanetse go letla gore tsela e ba ratang Jehofa ka pelo yotlhe ka yone, e nne yone e ba tlhotlheletsang mo kobamelong. (Mareko 12:30) Aborahame o ne a rata Jehofa ka pelo ya gagwe yotlhe mme Modimo o ne a mo gakologelwa ka lorato. Tota le fa Aborahame a ne a na le dingwaga di le sekete a sule, Modimo o ne a mmitsa “tsala ya me.”—Isaia 41:8.

Go tswa foo, Mokaulengwe Sanderson o ne a gakolola baithuti gore ba rate baagelani ba bone, segolobogolo bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba Bakeresete. (Mareko 12:31) Fela jaaka Mosamarea yo o molemo, yo o neng a ‘itira moagelani wa monna yo o neng a wela mo gare ga dinokwane,’ ba tshwanetse go tsaya kgato pele go thusa ba ba tlhokang thuso. (Luke 10:36) Go gatelela ntlha eno, o ne a dirisa sekai sa ga Nicholas Kovalak, moalogi wa Gileade yo o neng a direla e le molebedi wa kgaolo. Mokaulengwe Kovalak o ne a itsege ka lorato le go nna botsalano. Nako nngwe o ne a rotloetsa molebedi yo o etang le mosadi wa gagwe gore ba tlhoafalele bodiredi, a re “Simolola phakela, simolola le beke, simolola le kgwedi, simolola le ngwaga.” Le fa go ntse jalo, morago ga go ela kgaitsadi yono tlhoko ka malatsi a le mmalwa, o ne a mo raya a re: “O se ka wa isa se ke se go boleletseng kwa tlhogong. O setse o dira ka natla. Iketle go se kae, gore o kgone go nna o direla Jehofa.” Kgakololo ya gagwe e e lorato e ne ya thusa kgaitsadi yoo gore a tswelele ka tirelo ya nako e e tletseng ka masomesome a dingwaga.

La bofelo, Mokaulengwe Sanderson o ne a kgothaletsa baithuti gore ba diragatse boikaelelo jwa thuto ya bone ka go ruta le go thapisa ba bangwe. (2 Timotheo 2:2) Fa ba ntse ba dira dikabelo tsa bone, ba ka nonotsha le go nitamisa bakaulengwe ka bone, ba tlhomamisegile gore Jehofa o tla ba gakologelwa ka tsela e e molemo.—Pesalema 20:1-5.

Konelo. Fa baithuti ba sena go amogela didipoloma tsa bone, mongwe wa baalogi o ne a bala lekwalo la tebogo le le tswang mo setlhopheng. Go tswa foo, maloko a le 15 a setlhopha seno a ne a konela thulaganyo ka go opela pina 123 go tswa mo Opelelang Jehofa, ya setlhogo se se reng “Badisa—Dimpho Tse e Leng Banna,” ba e opela ka mantswe a bone go se na seletswa.