Fetela kwa tshedimosetsong

Kalogo ya Bo134 ya Gileade​—“Lo Etse Tumelo ya Bone”

Kalogo ya Bo134 ya Gileade​—“Lo Etse Tumelo ya Bone”

Baithuti ba setlhopha sa bo134 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade ba ne ba aloga ka Matlhatso, Mopitlwe 9, 2013, kwa lefelong la thuto la Basupi ba ga Jehofa kwa Patterson, New York. Sekolo seno se thapisa badiredi ba ba nang le maitemogelo ba Basupi ba ga Jehofa gore ba atlege mo bodireding. Batho botlhe ba ba neng ba le gone mo thulaganyong eno go akaretsa baalogi, ditsala, ba malapa, le baeng ba bangwe ba ne ba le 9 912.

Mark Sanderson, leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, e ne e le modulasetulo wa thulaganyo. O ne a gopotsa bareetsi ka go tlhomiwa ga Sekolo sa Gileade, dingwaga di le 70 tse di fetileng ka Tlhakole 1, 1943. Ka nako eo, mokaedi wa sekolo seno e bong, Nathan Knorr, o ne a tlhalosa boikaelelo jwa sekolo seno jaana: “Go na le makgolokgolo le diketekete tsa batho ba ba neng ba ka fitlhelelwa [ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo] fa go ne go na le badiri ba le bantsi mo tshimong. Mme ka bopelotlhomogi jwa Morena, ba tla nna bantsi.” A Mokaulengwe Knorr o ne a nepile?

Akanya ka kgang eno. Fela fa sekolo se sena go simologa, Mokaulengwe Knorr o ne a ya kwa Mexico go batla mafelo a barongwa ba ba thapisitsweng kwa Gileade ba ka romelwang kwa go one. Fa a ne a le koo, diphuthego tsotlhe tse di leng bokgakala jwa dikilometara di le 240 go tswa kwa Mexico City di ne tsa lalediwa go nna gone mo pokanong nngwe, mme go ne ga tla batho ba le 400. Gone jaanong, dingwaga di ka nna masome a supa baalogi ba ntlha ba Gileade ba sena go goroga kwa Mexico, go ne go ka lebelelwa gore batho ba feta 200 000 ba mo lefelong leo ba nne gone mo pokanong eo!

“Ke Eng Se se Mo Seatleng sa Gago?” Anthony Griffin, yo e leng leloko la Komiti ya Lekala la United States, o ne a bua ka setlhogo seno, se se theilweng mo go Ekesodo 4:2. Mo pegong eno, Modimo o ne a botsa Moshe jaana: “Ke eng seo se se mo seatleng sa gago?” Moshe o ne a re: “Ke thobane.” Jehofa o ne a dirisa thobane eo go tshwantshetsa maatla le taolo tse a di neileng Moshe. (Ekesodo 4:5) Moshe o ne a atlega fa a ne a dirisa taolo ya gagwe go galaletsa Modimo, mme Modimo ga a ka a itumela fa a ne a dirisa taolo eo go ikgalaletsa le go galefela bomorwarraagwe jaaka a ile a dira kwa “Meriba.”​—Dipalo 20:​9-​13.

Mokaulengwe Griffin o ne a tshwantsha thobane ya ga Moshe le thapiso ya semoya e baithuti ba Gileade ba e neilweng, mme a rotloetsa baithuti gore ba se dirise thuto eno go gatelela ba bangwe. Mme o ne a ba gakolola jaana: “Dirisang se lo se neilweng go baka le go tlotla Jehofa, mme lo solegele batho ba lo ba thusang molemo.”

“Gakologelwang Mana.” Stephen Lett wa Setlhopha se se Laolang o ne a gatelela dintlha di le nnè tse di latelang tse re ka ithutang tsone ka mana a Modimo a neng a a naya Baiseraele ka kgakgamatso kwa nageng.

  • Tswelelang lo dira ka natla. (Dipalo 11:8) Gore Baiseraele ba solegelwe molemo ke mana, ba ne ba tshwanetse go nna bonako go a sela le go a baakanyetsa gore a jewe.​—Ekesodo 16:21.

  • Lo se ka lwa ngongoregela dilo tse Jehofa a re nayang tsone. (Dipalo 11:​5, 6) Baiseraele ba ne ba ngongorega ka mana, mme Modimo o ne a leba seo e le go ngongoregela ene e seng Moshe. Fela jaaka mana, ga se ka metlha dijo tse re di newang tsa semoya di kgatlhang, mme ka metlha di a re nonotsha. Re tshwanetse go anaanela dilo tsotlhe tse Jehofa a re nayang tsone.

  • Ikanyeng Jehofa ka botlalo gore o tla lo tlamela. Modimo o ne a naya Baiseraele mana letsatsi le letsatsi, go akaretsa le selekanyo sa malatsi a mabedi, letsatsi pele ga Sabata. (Ekesodo 16:22-​26) Le rona re tshepa gore Modimo o tla re tlamela ka dilo tse re di tlhokang.​—Mathaio 6:​11.

  • Go sa utlwe go felela ka bohutsana. (Ekesodo 16:19, 20, 25-​28) Fa Baiseraele ba ne ba leka go sela mana ka Sabata, ga ba a ka ba fitlhela sepe mme ba ne ba galefisa Jehofa, gape ba ba neng ba boloka mana mo go lengwe la malatsi a matlhano gore ba a je mo letsatsing le le latelang ba ne ba a fitlhela a na le diboko e bile a nkga maswe.

Go tswa foo Mokaulengwe Lett o ne a rotloetsa baithuti gore ba gakologelwe dilo tse re ithutang tsone mo kgannyeng eno ya mana, ka gonne Jehofa o tla ‘ba bulela dikgoro tsa morwalela tsa magodimo a bo a ba tshololela lesego go fitlha ba sa tlhole ba tlhoka sepe.’—Malaki 3:10.

“Ipaakanyetseng go Tshela Kwa Lefatsheng le Lesha.” William Samuelson, molebedi wa Lephata la Dikolo Tsa Puso ya Modimo, o ne a tlhalosa gore le fa gone re batla go tsena mo lefatsheng le lesha, go botlhokwa thata gore re le ipaakanyetse tota. Seno se raya gore re tshwanetse go ‘itekanela mo mogopolong.’​—1 Petere 4:7.

Tsela e re lebang bosaitekanelang jwa rona ka yone e bontsha gore re itekanetse mo mogopolong. Ga re a tshwanela go pega Satane kgotsa lefatshe leno le a le laolang molato nako le nako fa re dira diphoso, gongwe re akanya gore re tla baakanya makoa a rona mo lefatsheng le lesha fa Modimo a sena go tlosa ditlhotlheletso tseo tse di bosula. Gone jaanong, re ka lwantsha ditlhotlheletso tse di bosula tse di jaaka bopelotshetlha ka go dira ka natla go ‘apara botho jo bosha.’​—Baefeso 4:​24.

“Lo se Ka Lwa Ikwalela Buka.” Mark Noumair, motlhatlheledi wa Gileade, o ne a dirisa sekai sa pene go bontsha gore motho a ka nna le “keletso ya go ikwalela buka ya gagwe.” Re supa gore ‘ga re ikwalele buka ya rona’ fa re letla Jehofa e nna ene a e kwalang.

Kgosi Saulo ke sekao se se re tlhagisang mo kgannyeng eno. Fa a ne a simolola go busa, e ne e se motho yo o mabela, mme o ne a ikokobeditse e bile a le boingotlo. (1 Samuele 10:22, 27; 11:13) Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae o ne a simolola go “ikwalela buka,” a dira se a neng a akanya gore se siame e bile a ikgalaletsa. Modimo o ne a se ka a tlhola a mo amogela ka gonne a sa mo ikobele.​—1 Samuele 14:24; 15:10, 11.

Gone le fa baithuti ba nnile ba ikanyega go fitlha mo nakong eno, Mokaulengwe Noumair o ne a ba gopotsa gore ba tshwanetse go tswelela ba dira tiro ya Modimo ka tsela ya Gagwe. O ne a ba rotloetsa jaana: “Elang tlhoko gore lo se ka lwa ithaya lwa re lebaka la go bo Modimo a lo dirisa le raya gore o a lo amogela.” Ka sekai, Moshe ga a ka a latela ditaelo tsa Modimo fa ka kgakgamatso a ne a ntsha metsi mo lefikeng. O ne a fitlhelela se a neng a se batla, mme gone Jehofa ga a ka a mo segofatsa.​—Dipalo 20:​7-​12.

“Go Etsa Lentswe le le Kwa Godimo la Moengele yo o Fofang mo Gare ga Legodimo.” Motlhatlheledi wa Gileade e bong Sam Roberson o ne a theile puo ya gagwe mo go Tshenolo 14:​6, 7. O ne a kopa baithuti gore ba dire dipontsho tsa dilo tse di diregileng fa ba ne ba rera ka Bogosi. Ka sekai, fa moithuti mongwe a sena go dira karo, o ne a rerela mooki yo o dirang mo bookelong. Mooki yono o ne a tswa kwa Peru, ka jalo Mosupi o ne a simolola motlotlo ka go mmontsha setshwantsho sa tiro ya go rera kwa Chachapoyas, Peru, mo Web site ya jw.org. Seno se ne sa felela ka gore mooki yono le monna wa gagwe ba ithute Baebele.

“O Ntsieditse . . . Ka bo Ka Tsietsega.” (Jeremia 20:7) Allen Shuster, leloko la Komiti ya Lekala la United States, o ne a botsolotsa banyalani bangwe mo tlelaseng eno. Baithuti bao ba ne ba akanya gore Jehofa o ba ‘tsieditse.’ Ka tsela efe? Kwa tshimologong, ba ne ba akanya gore khoso ya Gileade e ne e tla nna thata. Le fa go ntse jalo, fa sekolo se ntse se tsweletse, ba ne ba thusiwa gore ba atlege. Kgaitsadi Marianne Aronsson o ne a bua jaana fa a tlhalosa kafa a anaanelang thapiso ya Gileade ka gone: “Nka se tlhole ke nna le bothata jwa gore ke ithute eng, ka gonne temana nngwe le nngwe ya Baebele ke letlotlo.”

“Lo Etse Tumelo ya Bone.” David Splane wa Setlhopha se se Laolang o ne a neela puo ya setlhogo ya thulaganyo eno e e theilweng mo go Bahebera 13:7, e e reng: “Gakologelwang ba ba etelelang pele mo gare ga lona, ba ba buileng lefoko la Modimo le lona, mme e re lo akanya kafa boitshwaro jwa bone bo felelang ka gone lo etse tumelo ya bone.” Ba ba neng ‘ba etelela pele’ mo tirong ya Basupi ba ga Jehofa mo dingwageng di le 70 tse di fetileng ba bontshitse tumelo jang?

Ka Lwetse 24, 1942, Nathan Knorr o ne a tshwara pokano le bakaedi ba mekgatlho e mebedi ya Basupi ba ga Jehofa a bo a akantsha gore go tlhomiwe sekolo se sesha se se bidiwang Gileade, se se tla thapisang barongwa gore ba etelele pele tiro ya go rera mo ditshimong tse disha. Le fa go ntse jalo, maemo ka nako eo a ne a sa letle gore go nne le sekolo seo. Ntwa ya Lefatshe II e ne e fagile, e dira gore go nne thata kgotsa go se ka ga kgonega go romela barongwa kwa dinageng tse dintsi. Mo godimo ga moo, ka dingwaga tsa bo1930, maemo a ikonomi a ne a phutlhame mme mokgatlho o ne o na le madi a a neng a ka dira gore sekolo se tshwarwe ka dingwaga di le tlhano fela. Mme gone, bakaulengwe bao ba ne ba bontsha tumelo ka go dumalana le kakantsho eo.

Baalogi ba ditlelase tsa ntlha tsa Gileade le bone ba ne ba bontsha tumelo e re ka e etsang. Ba ne ba ithuta go kgotsofalela se ba nang le sone le go tila go rata madi. (Bahebera 13:5, 6) Bontsi jwa barongwa bano bo ne bo akanya gore bo ka se tlhole bo bona ba malapa a bone gape ka gonne ba malapa a bone ba ne ba ka se kgone go ba naya madi a gore ba ba etele. Tota e bile, barongwa ba le bantsi ga ba a ka ba bona ba malapa a bone mo dingwageng di le 10 kgotsa di le 15 fa ba sena go ya kwa dikabelong tsa bone. Mme gone, ba ne ba tlhomamisegile gore Jesu o ne a tla tlhokomela bone le ba malapa a bone fela jaaka a ne a ntse a dira.—Bahebera 13:8.

Setlhopha sa ntlha sa Gileade, 1943

Fa Mokaulengwe Splane a sena go anela maitemogelo mangwe a batho ba ba neng ba lebana le dikgwetlho kwa dikabelong tsa bone le e leng pele ba ya Gileade, o ne a bolelela baithuti jaana: “Ruri lona banna le basadi ba ba molemo, re itumelela go bo lo le karolo ya banna le basadi ba re leng motlotlo ka bone ba ba neng ba thapisiwa mo Sekolong sa Gileade mo dingwageng di le 70 tse di fetileng. . . . Itumeleleng go direla Jehofa gongwe le gongwe.”

Mokaulengwe Splane o ne a konela puo ya gagwe ka go bontsha bareetsi bidio ya ditshwantsho tsa baalogi ba Gileade ba le 77 ba gone jaanong ba direlang kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa United States, go akaretsa le baalogi ba babedi ba tlelase ya ntlha ya 1943. Ditshwantsho tseo di ne di na le mmino o o neng o dirisiwa ke Basupi ba ga Jehofa mo kobamelong ya bone mo dingwageng di le 70 tse di fetileng.

Fa baithuti ba sena go amogela didipoloma tsa bone, mongwe wa baalogi o ne a bala lekwalo le le bontshang kafa ba lebogang ka gone. Go tswa foo, Mokaulengwe Sanderson o ne a konela thulaganyo eno ka go gatelela gore le fa go setse go fetile dingwaga di le 70, se Mokaulengwe Knorr a neng a se bolelela tlelase ya ntlha ya Gileade se sa ntse se le botlhokwa: “Le fa o ka romelwa kae, gakologelwa gore o . . . mmoledi wa Bogosi; mme ke tshiamelo e e seng kana ka sepe e e neilweng sebopiwa sepe fela mo lefatsheng go nna mmoledi yo o bolelang dipako gone jaanong, pele ga Haramagedona. . . . Fa fela o sa ntse o na le tshiamelo ya go rera, tswelela o rera.”