Fetela kwa tshedimosetsong

Genesise e Setse e le Gone ka Puo ya Diatla ya Amerika

Genesise e Setse e le Gone ka Puo ya Diatla ya Amerika

BOSUSU ba ne ba tsholetsa diatla ka boitumelo fa go dirwa kitsiso eno: “Lo tla itumelela go itse gore go ranolwa ga dibuka tse di rileng tsa Baebele tsa Dikwalo Tsa Sehebera [Tesetamente e Kgologolo] go setse go simolotswe. Go rekotiwa ga [bidio ya] buka ya Genesise go weditswe!”

Kitsiso eo e ne ya dirwa mo puong ya bofelo kwa dikopanong tsa bosheng tsa Basupi ba ga Jehofa tse di neng di tshwerwe ka Puo ya Diatla ya Amerika (ASL).

Ka 2005, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba simolola go ranola Thanolo ya Lefatshe le le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo ka ASL, go simolola ka buka ya Mathaio. Ka 2010, dibuka tsotlhe tse 27 tse gantsi di bidiwang Tesetamente e Ntšha di ne di ranotswe ka ASL.

Mo godimo ga moo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ranola dikarolo dingwe tsa Baebele ka dipuo tse dingwe tse tlhano tsa diatla.

Ke ka ntlha yang fa go ne go dirwa tiro e kana kana? Basupi ba ga Jehofa ba lemogile gore puo e e kwalwang mo dikgatisong ke puo e e buiwang, e bosusu ba le bantsi ba sa e itseng. Thanolo e e boammaaruri, e e utlwalang sentle ya Baebele ya puo ya diatla e dira gore bosusu ba bantsi ba tlhaloganye se go buiwang ka sone mme ba nne le kamano e e gaufi le Modimo. Batho ba ne ba ikutlwa jang ka thanolo eno ya Baebele?

Lekawana lengwe le le sa utlweng mo ditsebeng le ne la re: “Fa go ne go gololwa buka ya Mathaio dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, seo se ne sa mpontsha gore Jehofa Modimo o a nthata mme fa go gololwa Genesise ke ne ka ikutlwa ke ratiwa thata. Jehofa o dira gore ke mo itse.”

Mosadi mongwe yo o sa utlweng mo ditsebeng o ne a tlhalosa maikutlo a gagwe jaana: “Puo ya diatla ya Baebele eno e a tlhaloganyesega e bile e a kgatlha! Ke rata Baebele eno. Ke lemogile gore Jehofa o batla gore ke bale Lefoko la gagwe, temana ka temana gore ke mo tlhaloganye ka botlalo. Puo eno e e utlwalang sentle e nkama pelo e bile e nthusa go itlhalosa fa ke rapela Modimo.”