Fetela kwa tshedimosetsong

Boroutšhara Jwa Ditshwantsho ka Dipuo Tse Dintsi

Boroutšhara Jwa Ditshwantsho ka Dipuo Tse Dintsi

Odval o nna kwa Mongolia. Ga a itse gore o na le dingwaga tse kae, mme o akanya gore a ka tswa a tshotswe ka 1921. Fa a ne a sa le monnye, o ne a tlhokomela leruo la batsadi ba gagwe mme a tsena sekolo ngwaga fela. Ga a kgone go bala. Le fa go ntse jalo, bosheng jaana o ne a thusiwa ke boroutšhara jo bo nang le ditshwantsho tse dintle gore a itse Modimo le gore a ithute ka isagwe e e itumedisang e e tla bonwang ke ba ba mo reetsang. Go itse seno go ne ga mo ama pelo.

Boroutšhara jono jo bo gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa ka 2011, bo teng ka dikgatiso tse pedi. Tsotlhe di na le ditshwantsho tse dintle, mme di farologana ka gore e nngwe ga e na mokwalo o montsi jaaka e nngwe.

Go ise go ye kae, kgatiso e e nang le mokwalo o montsi ya Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri, e tla nna teng ka dipuo di le 583 mme e nngwe ya Reetsa Modimo ka di le 483. Bapisa seno le setlankana sa Maitlamo a Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng a Ditshwanelo Tsa Batho mo Lefatsheng Lotlhe, se ka Diphalane 2013 se neng se ranotswe ka dipuo di le 413. Mo godimo ga moo, dikgatiso tse pedi tsa boroutšhara jono di setse di anamisitswe ka dikhopi di ka nna dimilione di le 80.

Kwa Brazil, mosadi mongwe yo o godileng o ne a itumela fa a amogela boroutšhara jwa Reetsa Modimo a bo a re: “Ke itumelela go itse gore go na le batho ba ba amegang ka batho ba ba tshwanang le nna. Ke ne ke sa tseye dimakasine tsa lona ka gonne ga ke kgone go bala. Mme boroutšhara jono jone, ke a bo batla.”

Brigitte, mosadi mongwe yo o sa kgoneng go bala le go kwala yo o nnang kwa Fora o ne a re: “Ke leba ditshwantsho tse di mo boroutšhareng jono letsatsi le letsatsi.”

Mosupi mongwe wa kwa Afrika Borwa o kwala jaana: “Ga go na boroutšhara jo bo tshwanang le jono jo ke kgonneng go bo dirisa fa ke simolola dithuto tsa Baebele le batho ba mo tshimong ya Se-China. Ke ile ka tlotla le bangwe ba ba tswang kwa Yunibesithing, ba ba botlhale thata le batho ba ba sa kgoneng go bala—ba ba rutegileng le ba ba sa rutegang. Boroutšhara jwa Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri bo nthusa go ruta batho dithuto tsa motheo tsa Baebele ka bofefo. Mo metsotsong e le 30 ke a bo ke setse ke ba rutile go le gontsi.”

Basupi ba kwa Jeremane ba ithuta le banyalani bangwe ba ba rutegileng. Monna o ne a kgatlhilwe ke boroutšhara jono thata mo a neng a re: “Ke eng lo ntse lo sa nneye boroutšhara jono? Bo nthusa go tlhaloganya se Baebele e se buang le ditiragalo tsa yone motlhofo.”

Mosadi mongwe yo o sa utlweng mo ditsebeng wa kwa Australia o ne a re: “Ke nnile le baitlami dingwaga di le dintsi kwa lefelong la baitlami. Ke ne ke atamalane thata le baeteledipele ba kereke go gaisa ope fela. Mme ga go ope wa bone yo o kileng a nthuta gore Bogosi jwa Modimo ke eng. Ditshwantsho tse di mo boroutšhareng jono di nthusitse go tlhaloganya se se kaiwang ke Mathaio 6:10.”

Ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Canada e kwadile jaana: “Fa bontsi jwa batho ba ba tswang kwa Sierra Leone ba sena go bona boroutšhara jwa Reetsa Modimo ka Se-Krio, ba ne ba re ruri Basupi ba ga Jehofa ba dira ka natla go abela batho ba bangwe molaetsa wa Baebele. Bangwe ba ne ba re, ‘Lona lo amega ka batho, mme bontsi jone ga bo dire jalo.’”