Fetela kwa tshedimosetsong

Dibaebele Tse di Dirwang Kwa Japane

Dibaebele Tse di Dirwang Kwa Japane

Basupi ba ga Jehofa ba tsentse motšhine o mosha kwa bogatisetsong jwa bone kwa Ebina, Japane, e le gore ba dire Dibaebele tsa khabara e e thata le tsa deluxe tse di neng di tlhokega thata.

Kwa tshimologong go ne go na le dilo dingwe tse di neng di tlhobaetsa ka gonne ka Mopitlwe 11, 2011, go ne ga nna le thoromo ya lefatshe le tsunami kwa Japane tse di neng tsa kgaola motlakase.

Mme gone, porojeke e ne ya simologa ka Lwetse 2011. Mo e batlang e le dikgwedi di le tharo moragonyana, go ne ga gatisiwa Dibaebele tsa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka Se-China mo motšhineng ono o mosha.

Motšhine ono o boleele jwa dimetara di le 400. Fa Dibaebele di tsamaya mo motšhineng ono, di a kopanngwa, di tsenngwa dikhabara, di a gatelelwa, di a pakiwa le go tsenngwa mo mabokosong a bo a bewa sentle mo bobolokelong a tlhatlagantswe.

Kgetsi ya Tsie e Kgonwa ka go Tshwaraganelwa

Gore tiro eno e atlege e ne e tshwanetse go rulaganngwa le go kaelwa sentle. Ka sekai, motšhine ono o ne o tshwanetse go phuthiwa sentle, o tsenngwe mo dikereiteng, o pegwe mo dikhonteineng di le 34 kwa Yuropa o bo o romelwe kwa Japane.

Maloko a le lesome a kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa United States a ne a ya kwa Japane go ya go thusa ka porojeke eno. Bangwe ba ne ba nna dikgwedi di le thataro kwa Japane ba ruta badiri ba koo go dirisa motšhine le go o tlhokomela.

Motšhine ono o mosha o kgatlhile madirelo a mangwe a kwa Japane a go kopanya dibuka, go gatisa le go phasalatsa. Ka Mopitlwe 19, 2012 batho ba feta lekgolo go tswa kwa madirelong ao ba ne ba etela lefelo la rona la bogatisetso. Ba le ratile thata.

Pele ba tsamaya, mongwe le mongwe wa bone o ne a newa khopi ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e e gatisitsweng mo motšhineng ono.

Lekala la Japane le dira mmogo le lekala la kwa United States le Brazil go gatisetsa Basupi ba ga Jehofa Dibaebele tsa khabara e e thata.

‘Tiro e ke Tla e Dirang Morago ga Eno e Tla Nna Thata’

Basupi ba ga Jehofa le batho ba dikhampani tse dingwe ba ba neng ba tlile go thusa mo porojekeng eno ba ne ba itumelela go dira mmogo. Modiri mongwe yo e seng Mosupi o ne a re: “Ke lo tsaya jaaka lelapa la me.”

Ka letsatsi la bofelo la porojeke eno modiri mongwe yo e seng Mosupi o ne a re: “Tiro e ke tla tshwanelwang ke go e dira morago ga eno e tla nna thata ka gonne e ka se tshwane le go dira mo Watchtower!”