Fetela kwa tshedimosetsong

Ditsebe di Fokoditswe, Dipuo di Oketsegile

Ditsebe di Fokoditswe, Dipuo di Oketsegile

Go simologa ka Ferikgong 2013, dikgatiso tsa Tsogang! le Tora ya Tebelo ya batho botlhe di tla fokodiwa go tswa go ditsebe di le 32 go ya go di le 16.

E re ka tshedimosetso e e mo dimakasineng tseno e tla bo e fokoditswe, ditlhopha tsa baranodi di tla kgona go di ranolela mo dipuong tse di oketsegileng. Ka sekai, kgatiso ya Tsogang! ya Sedimonthole 2012 e ranotswe ka dipuo di le 84, mme Tora ya Tebelo ya Sedimonthole 2012 yone e ranotswe ka dipuo di le 195. Le fa go ntse jalo, go simologa ka Ferikgong 2013 Tsogang! e ranolelwa mo dipuong di le 98, Tora ya Tebelo yone mo go di le 204.

Makasine o o ithutiwang wa Tora ya Tebelo o tla tswelela o gatisiwa ka ditsebe di le 32.

Ditsebe di le Mmalwa—Tshedimosetso e e Oketsegileng mo Website

Diphetogo tsa dimakasine tseno di tla ama website ya rona ya www.pr418.com/tn ka ditsela tse pedi.

  1. Dingwe tsa ditlhogo tse di neng di le mo dimakasineng tseno, jaanong di tlhaga fela mo website. Ka sekai, “Tsa Basha,” “Se ke Se Ithutang mo Baebeleng” le pego ya kalogo ya Gileade tse di neng di tlhaga mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa batho botlhe mmogo le “Motlotlo wa Lelapa” le “Basha ba Botsa Jaana” tse di neng di le mo makasineng wa Tsogang! di tla tlhaga mo Internet fela.

  2. Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! tse di gatisitsweng di tla nna teng ka difaele tsa mefuta e mengwe ya ileketeroniki. Ka dingwaga di le dintsi dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! di ntse di tsenngwa mo atereseng ya Internet ya www.pr418.com ka PDF. Ga jaanong dimakasine tseno di tla nna gone ka difaele tsa mofuta wa HTML, tse di tla dirang gore go nne motlhofo gore o di bale mo khomputareng kgotsa mo sedirisiweng sengwe sa ileketeroniki. Gape go tla nna motlhofo gore o bone dikgatiso tse dingwe tsa rona tse di leng gone mo Internet ka dipuo di ka nna 400.