Fetela kwa tshedimosetsong

Ditshwantsho di Thusa Babadi ba Dikgatiso Tsa Rona

Ditshwantsho di Thusa Babadi ba Dikgatiso Tsa Rona

Dikgatiso tse dintsi tsa Basupi ba ga Jehofa di na le ditshwantsho tse dintle tse di tsamaisanang le se go buiwang ka sone, mme go ne go sa nna jalo mo nakong e e fetileng. Kgatiso ya ntlha ya Zion’s Watch Tower, e e gatisitsweng ka 1879, e ne e se na ditshwantsho. Ka masomesome a dingwaga, dikgatiso tsa rona di ne di na le mokwalo fela, mme ke ka sewelo di neng di nna le ditshwantsho kgotsa dinepe tse di se nang mmala.

Gone jaanong dikgatiso tsa rona di na le motlele wa ditshwantsho. Ditshwantsho le dinepe tse dintsi tse o di bonang mo dikgatisong le mo website ya rona di dirwa ke bataki le batsayaditshwantsho ba rona. E le gore go dirwe ditshwantsho tse di rutang dithuto tsa botlhokwa tsa Baebele le tsa dilo tse di diragetseng, go tshwanetse ga dirwa dipatlisiso tse di tseneletseng.

Akanya ka setshwantsho se se mo setlhogong seno, se tota se tlhagang mo bukeng ya Go “Naya Bosupi ka Botlalo” ka Bogosi Jwa Modimo, mo kgaolo 19. Se bontsha se se diregang kwa Korintha wa bogologolo. Jaaka go tlhalosiwa mo go kgaolo 18 ya buka ya Baebele ya Ditiro, moaposetoloi Paulo o eme fa pele ga bema, kgotsa setulo sa katlholo. Babatlisisi ba ile ba naya bataki tshedimosetso ya dilo tse baepamarope ba di ribolotseng tse di malebana le gore moago o o dirilweng ka mmabole o Gallio a ka tswang a ne a le mo go one fa Paulo a ne a eme fa pele ga gagwe, o ne o le fa kae le gore o ne o na le mebala e e ntseng jang. Gape babatlisisi ba ne ba ba naya tshedimosetso ka tsela e Baroma ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba apara ka yone e le gore molaodi wa masole yo o bidiwang Gallio, yo o mo gare mo setshwantshong seno, a bontshiwe a apere diaparo tse di aparwang ke babusibagolo. O apere purapura e e nang le mothalo o o sephara o o phepole le ditlhako tse di bidiwang calcei. Babatlisisi ba ne ba re Gallio a ka tswa a ne a lebile kwa bokonebophirima fa a eme mo bema. Ka jalo motaki o ne a kgona go lemoga gore ke karolo efe ya setshwantsho e e tshwanetseng go nna lesedi thata.

Di Rulagantswe Sentle e Bile di Bonwa Motlhofo

Re boloka ditshwantsho tseno gore re dire dipatlisiso ka tsone le gore re di dirise gape mo nakong e e tlang. Mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng, re ne re ntse re baya ditshwantsho tsa rona mo dienfelopong tse dikgolo, di rulagantswe go ya ka dikgatiso tse di tlhagileng mo go tsone. Dinepe di ne di bewa go ya ka kgang e go tlotliwang ka yone. Fa di ntse di nna dintsi, go ne ga nna thata go di bona kgotsa go di dirisa gape.

Ka 1991, re ne ra kgona go dira thulaganyo e e re thusang go senka tshedimosetso motlhofo e e re solegelang molemo fela thata. Gone jaanong thulaganyo eno e e bidiwang Image Services System, e setse e bolokile ditshwantsho di feta 440 000. Kwantle ga ditshwantsho tse di setseng di dirisitswe mo dikgatisong tsa rona, go na le dinepe tse dingwe di le diketekete tse di bolokilweng gore di dirisiwe mo nakong e e tlang.

Tshedimosetso yotlhe e e leng teng—go akaretsa gore setshwantsho sengwe le sengwe se dirisitswe leng, mo kgatisong efe, maina a batho ba ba tlhagang mo setshwantshong le gore tiragalo e e bontshitsweng ke ya leng—e a bolokwa. Thulaganyo eno e e dirisiwang go bona ka bonako ditshwantsho tse di tshwanelang e re solegela molemo thata fa go rulaganngwa kgatiso e ntšha.

Ka dinako dingwe re bona tetla ya go dirisa ditshwantsho tse di tswang mo metsweding mengwe. Ka sekai, a re re gongwe re tlhoka go dirisa setshwantsho sa polanete ya Saturn mo setlhogong sengwe sa Tsogang! Batsayaditshwantsho ba rona ba tla batla setshwantsho se se tshwanelang ba bo ba ikgolaganya le mong wa sone go kopa tetla ya go se dirisa. E re ka batho ba itse ka tiro ya rona ya go ruta Baebele mo lefatsheng lotlhe, bangwe ba re fa tetla ya go se dirisa mahala. Bangwe bone ba batla gore re ntshe madi a a rileng kgotsa re kwale gore ke setshwantsho sa bone. Fa re sena go dumalana le bone, re dirisa setshwantsho seo mo kgatisong eo, re bo re se boloka le ditshwantsho tse dingwe.

Gompieno dikgatiso dingwe tsa rona di na le ditshwantsho tse dintsi thata. Ka sekai, mo website eno re na le Dipolelo Tse di Tshwantshitsweng Tsa Baebele; gape go na le diboroutšhara tse di gatisitsweng le tse di mo website tse di nang le ditshwantsho tse dintsi, tse di jaaka Reetsa Modimo mme di ruta dithuto tsa botlhokwa di dirisa mafoko a le mmalwa. Dikgatiso tseno mmogo le tse dingwe tsotlhe tse di gatisiwang le tse di mo website di ruta se se mo Baebeleng.