Fetela kwa tshedimosetsong

jw.org e Teng ka Dipuo di Feta 300!

jw.org e Teng ka Dipuo di Feta 300!

Fa o tobetsa puo ya saete mo tsebeng eno ya jw.org, o tla bona lenaane la dipuo di feta 300—e leng sengwe se o ka se se boneng mo website epe fela!

Di-website tse dingwe tse di itsegeng thata tsone di dira jang mo kgannyeng eno? Akanya: Ka Phukwi 2013, website ya Lekgotla la Ditšhaba tse di Kopaneng e ne e bonwa ka dipuo di le thataro. Europa, e leng website ya semolao ya Dinaga Tse di Kopaneng Tsa Yuropa, yone e ne e bonwa ka di le 24. Google e ne e bonwa ka dipuo di le 71, fa Wikipedia yone e bonwa ka di le 287.

Go tsaya diura di le dintsi go ranolela website mo dipuong di feta 300! Bontsi jwa tiro eno bo dirwa ke Basupi ba ga Jehofa ba le makgolokgolo mo lefatsheng lotlhe ba ba batlang go baka Jehofa. Baranodi ba puo nngwe le nngwe ba rulagantswe ka ditlhopha tse di dirisang bokgoni jwa tsone go ranola go tswa mo Seesemaneng.

jw.org e na le ditsebe tse dintsi tsa tshedimosetso, tse di ranoletsweng mo dipuong di feta 300, ka jalo palogotlhe ya ditsebe tsa website eno e ntsi tota—di feta 200 000!

Ga se fela gore jw.org e teng ka dipuo tse dintsi mme gape e dirisiwa thata. Seno se bonala mo dipatlisisong tse di dirilweng ke Alexa, khampani e e sekasekang go dirisiwa ga Internet mo lefatsheng lotlhe. Karolo ya yone ya “Tsa Bodumedi le Tsa Semoya” e na le lenaane la di-website di ka nna 87 000 go akaretsa le tsa madumedi a magolo a lefatshe, dibuka tsa bodumedi le mekgatlho e mengwe e e tshwanang le eo. Go tloga ka Phukwi 2013, mo lenaaneng leo, jw.org e tsaya maemo a bobedi! Maemo a ntlha a tserwe ke website ya kgwebo e mo go yone batho ba kgonang go bona dithanolo tse di farologaneng tsa Baebele.

Go tloga ka Diphalane 2013, batho ba ntse ba tsena mo jw.org ka makgetlo a feta 890 000 letsatsi le letsatsi. Re tla nna re dira gore gongwe le gongwe kwa batho ba leng teng ba bone tshedimosetso e e mosola e e tswang mo Baebeleng mahala.