Fetela kwa tshedimosetsong

Laeborari E o Ka e Dirisang Gongwe le Gongwe

Laeborari E o Ka e Dirisang Gongwe le Gongwe

Ka Diphalane 7, 2013, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba golola app ya sedirisiwa sa ileketeroniki sa go bala le go ithuta Baebele, e e bidiwang JW Library. App eno ya mahala ya Baebele e na le dithanolo di le thataro tsa Baebele ka Seesemane, go akaretsa King James Version le Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e e tlhabolotsweng ya 2013. *

Goreng e Dirilwe?

Dimilionemilione tsa batho ba dirisa di-smartphone, di-tablet kgotsa didirisiwa tse di tshwanang le tseno go bereka le go tlhaeletsana. E re ka badirisi ba didirisiwa tseno ba ne ba ka bona tshedimosetso fa ba bala le go ithuta Baebele mo jw.org, ke ka ntlha yang fa JW Library e ne ya dirwa?

Sa ntlha, app eno e ka dirisiwa kwantle ga Internet fa e sena go tsenngwa mo sedirisiweng. Sa bobedi, e diretswe go thusa mmadi go bona dikwalo motlhofo le go ithuta Baebele ka tlhoafalo. Jang?

JW Library e Thusa mo go Ithuteng Baebele

Fa JW Library e bulwa, e bontsha maina a dibuka tsa Baebele. Fa o tlhopha buka ya Baebele, sekirini se se latelang se bontsha lenaane la dikgaolo la buka eo. Seno se dira gore temana kgotsa ditemana tse di mo kgaolong e e rileng di bonwe ka bonako. App eno e na le dikarolo tse dingwe tse di ka thusang mo thutong ya Baebele:

  • Dintlha tse di kwa tlase tse di bontshang ditsela tse dingwe tsa kafa temana e ka ranolwang ka gone le tshedimosetso e nngwe e e thusang go tlhaloganya temana

  • Ditshupiso tse di amanyang ditemana tsa Baebele

  • Karolo ya go senka e e bontshang kwa mafoko kgotsa dipolelwana di tlhagang gone

  • Aotlelaene ya diteng kwa tshimologong ya buka nngwe le nngwe ya Baebele

  • Lenaane le le bontshang mokwadi wa buka nngwe le nngwe ya Baebele, lefelo le nako e e kwadilweng ka yone le dingwaga tse tiragalo nngwe e diragetseng ka tsone

  • Karolo e e mebalabala ya dimmapa, ditšhate, lenaane la ditiragalo tsa botlhokwa le di-diagram

Fela jaaka dikgatiso tsotlhe tsa Basupi ba ga Jehofa, JW Library ke mahala. App eno ya mahala ya Baebele, e e tshegediwang ka meneelo e e ntshiwang ka go rata, e setse e tserwe ke batho mo Internet ka makgetlo a a fetang milione. (2 Bakorintha 9:7) Goreng o sa e dirise mme o solegelwe molemo ke laeborari eno e o ka e dirisang gongwe le gongwe?

^ ser. 2 Ka Ferikgong 2014, app eno e ne ya tlhabololwa. Gone jaanong e na le Temana ya letsatsi le kopelo e e dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa.