Fetela kwa tshedimosetsong

Setlhopha sa Baranodi ba Puo ya Se-Spain se Fudugela Kwa Spain

Setlhopha sa Baranodi ba Puo ya Se-Spain se Fudugela Kwa Spain

Jesu o ne a re dikgang tse di molemo tsa Bogosi di tla rerelwa batho mo lefatsheng lotlhe. (Mathaio 24:14) Fa e sa le ka 1909, dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa di ntse di ranolelwa mo puong ya Se-Spain e le go thusa batho mo lefatsheng lotlhe gore ba utlwe molaetsa wa Bogosi ka puo e ba e antseng. Se-Spain ke puo e e tlhatlhamang puo ya Se-China mo go dirisiweng thata mme e buiwa ke batho ba ka nna dimilione di le 500 mo lefatsheng lotlhe.

William, yo e leng leloko la setlhopha sa baranodi ba Se-Spain a re, “Se-Spain ke puo ya ditšhabatšhaba mme e buiwa mo dinageng tse dintsi ke batho ba ditso tse di farologaneng. Mokgele wa rona ke go ranola ka tsela e e amang dipelo tsa babadi ba ba farologaneng go ya ka tsela e ba godileng ka yone, thutego le itsholelo.” E le gore go ranolwe ka tsela e e tla tlhaloganngwang motlhofo ke batho ba ba farologaneng, setlhopha sa baranodi se akaretsa maloko a a tswang kwa Argentina, Colombia, El Salvador, Guatemala, Mexico, Puerto Rico, United States, Uruguay, Venezuela le Spain.

Ka masomesome a dingwaga, Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba ranolela mo puong ya Se-Spain ba le kwa United States ka thuso ya baranodi ba Basupi ba ba kwa Argentina, Mexico le Spain. Mme ka 1993, baranodi ba Se-Spain ba ne ba fudugela kwa Puerto Rico gore baranodi botlhe ba berekele mo lefelong le le lengwe.

Ka Mopitlwe 2012, go ile ga dirwa tshwetso ya gore Lefapha la Baranodi ba Se-Spain le fuduge gape, mme mo lekgetlong leno le fudugele kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Spain. Edward o ile a re, “Re ne ra tshwanelwa ke go fudusa batho, dithoto tsa rona le didirisiwa, segolobogolo laeborari ya thanolo.” Laeborari eno e na le dibuka tsa go dira dipatlisiso di ka nna 2 500 go akaretsa le makgolokgolo a dithanolo tsa Baebele ka Se-Spain.

Ba amogelwa ka lorato kwa Spain

Ka Motsheganong 29, 2013, maloko a Lefapha la Baranodi ba Se-Spain a ne a goroga kwa legaeng la bone le lesha mme ba amogelwa ka lorato ke lelapa la Bethele kwa Spain. Le fa baranodi, dibuka le didirisiwa di fudusitswe go ralala Lewatle la Atlantic, babadi ba dikgatiso tsa Basupi tsa Se-Spain ga ba a ka ba lemoga fa go nnile le dikgoreletsi dipe ka ntlha ya dithulaganyo tse di matsetseleko tse di neng tsa dirwa. Edward a re, “Molaetsa wa Bogosi o botlhokwa thata e bile re batla gore batho ba le bantsi ba ba buang Se-Spain ba o bale.”