Fetela kwa tshedimosetsong

Ba Batla Tiro, e Seng Tuelo

Ba Batla Tiro, e Seng Tuelo

Mo dingwageng di feta 28 tse di fetileng, Basupi ba ga Jehofa ba feta 11 000 ba ne ba tlogela magae a bone, tota le dinaga tsa bone gore ba ye go aga dikago mo dinageng di le 120. Botlhe ba ne ba itumelela go dirisa bokgoni le maatla a bone ka botlalo ba sa duelwe.

Ba le bantsi ba ne ba ya kwa lefelong la kago ka ditshenyegelo tsa bone. Bangwe ba ne ba ya koo ka malatsi a bone a boikhutso. Bangwe ba ne ba ikopa kwa ditirong tsa bone tsa boitshediso mme ba sa bone tuelo.

Ba ne ba sa patelediwe ke sepe go ithontsha dilo dingwe jalo, mme ba ne ba dira seo ka go rata gore ba tsweletse tiro ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo lefatsheng lotlhe. (Mathaio 24:14) Ba agile diofisi, mafelo a bonno le mafelo a go gatisa Dibaebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng. Gape Basupi ba ga Jehofa ba agile Diholo Tsa Dikopano tse di kgonang go tshola batho ba le 10 000, le Diholo Tsa Bogosi tse di kgonang go tshola batho ba le 300.

Tiro eno e sa ntse e tswelela. Fa badiri ba goroga kwa lefelong la kago, ofisi ya lekala ya mo lefelong leo e ba naya marobalo, dijo, ba tlhatswediwa diaparo, le go thusiwa ka dilo tse dingwe tse ba di tlhokang letsatsi le letsatsi. Basupi ba mo lefelong leo le bone ba itumelela go nna le seabe mo kagong.

Ka 1985 go ne ga dirwa thulaganyo ya go rulaganya le go kaela tiro eno e kgolo ya kago mo lefatsheng lotlhe. Motho o tshwanetse gore e bo e le Mosupi wa ga Jehofa gore a nne moithaopi mo thulaganyong eno, a na le dingwaga tse di fa gare ga 19 le 55 mme a itse tiro nngwe ya go aga. Go lebeletswe gore motho a dire mo kabelong ya gagwe dibeke di le pedi go ya go dikgwedi di le tharo, mme ka dinako dingwe e ka nna ngwaga kgotsa go feta.

Basadi ba banna ba bone e leng badiri mo dikagong ba thapiseditswe go bofa ditshipi tse di tiisang kago, go tsenya dithaele kgotsa go gotlha le go penta. Ba bangwe ba thusa ka go direla badiri dijo le go phepafatsa mafelo a ba nnang mo go one.

Fa baithaopi bano ba boela gae, bangwe ba bone ba kwala makwalo go leboga go bo ba laleditswe mo tirong eno. Banyalani bangwe ba ile ba kwala jaana: “Re batla go lo leboga thata ka tshiamelo e re nnileng le yone ya go bereka kwa lekaleng la Budapest. Basupi ba kwa Hungary ba ne ba re bontsha lorato e bile ba re anaanela! Go ne go se motlhofo go kgaogana le bone morago ga gore re nne le bone kgwedi. Mme gone ga go motlhofo go kgaogana le batho ba o ba ratang. Re solofela gore re tla ya teng gape ka dikgakologo. Nako le nako fa re le kwa kabelong nngwe, kgwedi eo e nna monate tota.”