Fetela kwa tshedimosetsong

Basupi ba ga Jehofa ba Kwa Hungary ba Akgolelwa Matsapa a Bone a go Thusa ka Nako ya Morwalela

Basupi ba ga Jehofa ba Kwa Hungary ba Akgolelwa Matsapa a Bone a go Thusa ka Nako ya Morwalela

Ka June 2013, dipula tse di neng di na thata di ne tsa tlatsa dinoka tse di kwa Bogareng jwa Yuropa. Kwa Hungary, e ne e le lekgetlo la ntlha mo hisitoring Noka ya Danube e tlala thata jaana.

Seo se ne sa dira gore Hungarian Ministry of Human Resources e kope ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Hungary gore e ba thuse go thibela tshenyo e morwalela ono o tla e bakang. Ofisi ya lekala e ne ya laletsa diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa tse di mo karolong eo ya Noka ya Danube gore di ye go thusa badiredipuso mo letsholong leno la bone.

Diphuthego di ne tsa tsiboga ka tsela e e neng e sa lebelelwa. Mo malatsing a a latelang, go ne ga tla Basupi ba feta 900 go tswa kwa diphuthegong di le 72 go tla go thusa mo tirong ya go thibela noka gore e se ka ya penologa. Ba ne ba kopiwa gore ba tsenye karata e e nang le mafoko a a reng “Basupi ba ga Jehofa” mme gape e na le leina la motho le la toropo e a tswang kwa go yone.

Kwa toropong nngwe, moemedi mongwe wa mokgatlho wa Red Cross ya kwa Hungary o ne a romelela phuthego molaetsa o o reng: “Re a lo leboga e bile re lo rolela hutshe ka se lo se dirileng ka gonne ga se ka metlha re bonang batho ba dirisana sentle jaana e bile ba iketleeleditse go thusa—re sa lebale loeto lo loleele lo lo neng lwa tshwanelwa ke go lo tsaya! Ke ne ke le motlotlo tota fa ke bolelela batho ba toropo ya rona ka sekao sa lona se se tlhomologileng!”

Modulasetulo wa mokgatlho o o thusang ka nako ya masetlapelo, yo gape e leng leloko la Palamente ya kwa Hungary, o ne a kwalela ofisi ya lekala a leboga tshegetso e e molemo ya Basupi.