Fetela kwa tshedimosetsong

Motimamolelo yo o Seng mo Tirong o Boloka Matshelo

Motimamolelo yo o Seng mo Tirong o Boloka Matshelo

Ka Sontaga, January 5, 2014, Serge Gerardin o ne a le mo beseng a ya kopanong ya Basupi ba ga Jehofa gaufi le Paris kwa Fora, fa a bona kotsi e e tsitsibanyang mmele. A re: “Koloi e ne ya tsena mo konkereiteng e e sireleditseng borogo mme ya fofa mo moyeng. E ne ya itaagana fa fatshe gore maotwana a yone a sale a lebile kwa godimo mme ya tshwara molelo.”

Serge o na le dingwaga di feta 40 e le motimamolelo e bile ke kapotene ya batimamolelo. Ga a ka a senya nako. A re: “Le fa bese ya rona e ne e le mo tseleng e e ka kwa ga tsela, ke ne ka kopa mokgweetsi gore a emise mme ka tabogela kwa molelong.” Serge o ne a utlwa motho a goa a re “Thusang! Thusang!” A re: “Ke ne ke apere sutu e bile ke tsentse thae ke se na didirisiwa tsa batimamolelo. Mme go goa goo go ne go mpolelela gore go sa ntse go na le batho ba ba ka falodiwang!”

Fa Serge a ntse a dikologa koloi, o ne a kopana le mopalami yo o neng a le mo maibing mme a mo ntsha gaufi le yone. Serge a re motho yoo o ne a mmolelela gore go sa ntse go na le batho ba babedi mo koloing. Serge a re: “Dikoloi di ne di simolola go tlala mme batho ba ne ba sa kgone go atamela ka gonne molelo o ne o fisa thata e bile go tlola ditlhase.”

Bakgweetsi ba le mmalwa ba diteraka ba ne ba tla ka ditimamolelo. Serge o ne a ba kaela mme ba dirisa ditimamolelo tseo go okobatsa molelo. Ga ba itse gore go tlile jang gore mokgweetsi wa koloi a bo a feleletse a le mo tlase ga yone. Ka jalo, Serge mmogo le batho ba bangwe ba ne ba tsholetsa koloi eo mme ba mo ntsha mo tlase ga yone.

Serge a re: “Fa re sena go mo ntsha, ke fa molelo o runya gape.” Mme go ne go na le mopalami yo mongwe yo o neng a sa ntse a tshwerwe ke lebante la koloi mme a kaname. Go ne ga tla motimamolelo yo mongwe gape a apere diaparo tsa go kgweetsa sethuthuthu. Serge a re: “Ke ne ka mo tlhalosetsa gore koloi e tloga e thunya, ka jalo, re ne ra dumalana gore re goge mopalami yono ka letsogo re mo ntshe.” Morago ga metsotso e se kae, koloi e ne ya thunya.

Fa batimamolelo le ambulense e goroga, ba ne ba tima molelo mme ba alafa batho ba ba neng ba gobetse. Serge o ne a segegile matsogo e bile a shele ka jalo a tlhoka go thusiwa. Fa a ntse a palama bese e e yang kopanong, banna ba le mmalwa ba ne ba tla kwa go ene mme ba mo leboga.

Serge o itumelela go bo a kgonne go thusa. “Ke ne ke itse gore ke ikarabelela mo Modimong ka matshelo a batho bano. Ke itumetse tota go bo ke ile ka kgona go ba thusa.”