Fetela kwa tshedimosetsong

“Ruri lo Sekao!”

“Ruri lo Sekao!”

BASUPI BA GA JEHOFA ba kwa Saponara, toropo e e kwa Sicily, ba ne ba newa sekgele ka ntlha ya tiro ya bone ya namolo morago ga gore lefelo leo le gogolwe ke morwalela.

Ka Ngwanatsele 22, 2011, morwalela o ne wa gogola ditoropo le metse mengwe mo porofenseng ya Messina. Mo maitseboeng ao, kwa Saponara, batho ba le bararo—ngwana le bagolo ba babedi—ba ne ba swa ka ntlha ya go gosomana ga mmu.

Malatsi morago ga masetlapelo ao, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba rulaganya ditlhopha tsa baithaopi gore di tlose seretse le matlakala mo mafelong a a neng a amegile thata.

Ditlhopha tseno di ne tsa dirisana le balaodi tsa bo tsa thusa mo go tlhokegang thuso thata. Ba ne ba tswelela ba bereka le fa thuso ya potlako e e neng e rulagantswe e fedile. Basupi ba le 50 go ya go ba le 80 ba ne ba nna le seabe, go akaretsa le ba ba neng ba tsamaile sekgala sa dikilometara di feta 97.

Baagi ba le mmalwa ba lefelo leno le le amilweng ke masetlapelo a tlholego ba ne ba leboga Basupi fela thata. Ratoropo o ne a bua jaana a sa kgale mathe ganong, “Ruri lo sekao!”

Dikgwedi di le tlhano moragonyana, Mokhanselara Fabio Vinci, moemedi wa mmasepala wa motse, o ne a abela phuthego ya Basupi ba ga Jehofa ya mo lefelong leno sekgele.