Fetela kwa tshedimosetsong

Go Thusa Bana Gore ba Atlege Kwa Thailand

Go Thusa Bana Gore ba Atlege Kwa Thailand

Go simologa ka December 2012, Basupi ba ga Jehofa kwa Thailand ba ne ba simolola matsholo a a kgethegileng a go thusa baithuti gore ba atlege kwa sekolong. Basupi ba le 20 ba ne ba etela dikolo tsa Bangkok. Ba ne ba kopana le baokamedi ba sekolo sengwe le sengwe mme ba naya barutabana le baithuti makasine wa Tsogang! ya kgwedi ya October 2012 o o nang le setlhogo se se reng, “Ditsela Tsa go Atlega Kwa Sekolong.”

Letsholo leo le ne la atlega mme Basupi ba ne ba le atolosetsa mo nageng yotlhe. Mo lobakeng lwa ngwaga le halofo, ba ne ba etela dikolo di le 830 mme ba lemoga gore barutabana le baithuti ba ne ba rata makasine ono mo go neng ga tlhokega gore lekala le printe tse dingwe gape ka makgetlo a le mararo. La ntlha go ne ga otariwa dikhopi di ka nna 30 000. Mme go ne ga tlhokega gore go printiwe tse dingwe gape di feta 650 000!

Batsamaisi ba dikolo mmogo le barutabana ba ne ba lemoga ka bonako gore makasine ono o ne o thusa fela thata. Morutabana mongwe o ne a re: “Makasine ono o tla thusa baithuti gore ba dirisane sentle le ba malapa a bone le gore ba batle go bereka ka thata kwa sekolong.” Dikolo dingwe di ile tsa rulaganya gore makasine ono o ithutiwe mo ditlelaseng. Tse dingwe di ne tsa o dirisa ka nako ya fa baithuti ba bala mo tlelaseng. Kwa sekolong se sengwe, baithuti ba ne ba kopiwa gore ba kwale se ba se akanyang ka dintlha tsa makasine oo, mme yo tlhamo ya gagwe e neng e di gaisa tsotlhe, o ne a newa sengwe.

Mosetsana mongwe o ne a rata setlhogo se se reng “Go Fenya Bothata Jwa Bokima jo bo Feteletseng mo Baneng.” O ne a re go nna mokima ke bothata jo bo anameng le go re ditsala tsa gagwe ga di ikutlwe di phuthologile go bua le ba bangwe ka jone. O ne a re: “Ke lebogela tshedimosetso eno e e tla re thusang fela thata.”

Batsadi le bone ba ile ba lebogela makasine ono. Mmè mongwe o ne a leboga Basupi ba ba neng ba mo etetse kwa legaeng la gagwe a lebogela makasine ono a re: “O thusa morwadiake gore a tokafatse kwa sekolong.”

Rre Pichai Petratyotin, yo e leng mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa kwa Thailand a re: “Tsogang! e bua ka dikgakololo tse di botlhale tse di mo Baebeleng, tse di thusang batho fela thata. Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore thuto e botlhokwa fela thata ke gone ka moo ba itumelelang go naya mongwe le mongwe makasine ono mahala.”