Fetela kwa tshedimosetsong

TLHAKOLE 15, 2013
Australia

Basupi ba ga Jehofa ba Thusa Batho ba ba Amilweng ke Merwalela Kwa Australia

Basupi ba ga Jehofa ba Thusa Batho ba ba Amilweng ke Merwalela Kwa Australia

SYDNEY—Merwalela e megolo e ne ya aparela botlhaba jwa Australia fa masaledi a Kgwanyape Oswald a baka ditsuatsue, makhubu a magolo, le dipula tsa matsorotsoro kwa Queensland le kwa bokone jwa New South Wales. Go ne ga swa batho ba le banè, mme ba feta 1 000 ba ntshitswe mo magaeng a bone. Toropo ya Bundaberg, e e mo lobopong lo lo mo bogareng jwa Queensland, e ne ya welwa ke masetlapelo thata ka gonne go nnile le merwalela e megolo e e iseng e ko e nne gone mo dingwageng di feta lekgolo e bile go nnile le ditsuatsue di le tlhano.

Ofisi ya lekala la Basupi ba ga Jehofa kwa Sydney e bega gore ga go Basupi bape ba ba suleng kgotsa ba ba gobetseng. Le fa go ntse jalo, matlo a ka nna 53 a Basupi ba kwa Bundaberg a ne a senyega, mme seo sa dira gore ba ba fetang 70 ba tlhoke magae. Basupi ba ba ntshitsweng mo lefelong leo, ba bangwe ba bone ba ntshitsweng ka helikopotara, ba nna le baagelani ba bone kgotsa le Basupi bangwe ba mo lefelong leo.

Bagolwane ba Basupi ba mo lefelong leo ba ne ba tlhoma komiti ya namolo ya nako ya masetlapelo go thusa ka tiro ya namolo. Mo kgaolong ya Bundaberg, Basupi ba feta 250 le bone ba ne ba ithaopela go thusa, mme bangwe ba bone ba tsamaya sekgala sa dikilometara di feta 160 go ya kwa lefelong leo.

Media Contacts:

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000

Australia: Donald MacLean, tel. +61 2 9829 5600