Fetela kwa tshedimosetsong

MOTSHEGANONG 26, 2014
Azerbaijan

Basupi ba ga Jehofa Kwa Azerbaijan ba Ikuela Kwa Kgotlatshekelong ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho

Basupi ba ga Jehofa Kwa Azerbaijan ba Ikuela Kwa Kgotlatshekelong ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho

Ba ne ba le mo pokanong ya kobamelo mo mosong wa Sontaga. Mo phaposing nngwe kwa Baku, Azerbaijan, banna, basadi le bana ba ka nna 200 ba ne ba reeditse puo ya Baebele.

Mapodise a ne a tsena a setswe morago ke badiredi ba puso le dikhamera tsa thelebishene. Mapodise ga a kgoreletsa tirelo eno ya bodumedi ya Basupi ba ga Jehofa fela, mme gape a ne a itaya banna ba le mmalwa, a phuruphutsa lefelo leno ntswa a sa tshola lekwalo la semolao, a kgoba ba ba neng ba le gone ka mafoko, a gapa madi, dikhomputara le dikgatiso tsa Baebele tsa phuthego eo. A ne a isa Basupi ba le bantsi kwa seteisheneng sa mapodise mme ba tshwarwa ka diura di le dintsi. Basupi ba le barataro ba batswakwa ba ne ba tshwarwa malatsinyana mme ba felela ba buseditswe kwa dinageng tse ba tswang kwa go tsone. Kgaso ya thelebishene e e bontshang fa dithoto tsa Basupi di gapiwa e tlontlolotse Basupi.

Ditiragalo tseno tsa Sedimonthole 24, 2006, di ne tsa dira gore Basupi ba ga Jehofa ba tsenye kopo ya ntlha kgatlhanong le Azerbaijan kwa Kgotlatshekelong ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho (ECHR). Fa e sa le ka nako eo, Basupi ba tsentse dikopo tse di oketsegileng di le 18 kwa ECHR ka ntlha ya go gatakwa ga kgololosego ya bone ya bodumedi.

LEBAKA LA GO TSENYA KOPO

PALOGOTLHE

Go Gapiwa ga Dithoto

5

Go Kwadisiwa Sesha

1

Go Tshelela Tumelo

2

Go Tlhatlhoba Dikgatiso

5

Go Fudusa Batswakwa

3

Go Sa Tsenele Bosole

3

Palogotlhe

19

Dikopo tse di tsentsweng kwa ECHR kgatlhanong le Azerbaijan fa e sa le ka Ferikgong 31, 2014

Dikai tse di latelang di bontsha mathata a Basupi ba ga Jehofa ba lebaneng le one kwa Azerbaijan le a a dirang gore ba ikuele kwa ECHR.

  • Go Gana ba Ikwadisa Sesha

    Mokgatlho wa Bodumedi wa Basupi ba ga Jehofa o ne wa kwadisiwa la ntlha kwa Baku ka Sedimonthole 22, 1999, o bo o kwadisiwa sesha ka Tlhakole 7, 2002, le Komiti ya Puso ya Ditiro Tse di Amanang le Mekgatlho ya Bodumedi (SCWRA). Ka 2009, puso ya Azerbaijan e ne ya tlhabolola Molao wa Kgololesego ya Bodumedi mme mekgatlho yotlhe ya bodumedi e ne ya tshwanelwa ke go ikwadisa sesha. Mokgatlho wa Bodumedi wa Basupi ba ga Jehofa le one o ne wa tsenya kopo eno mme SCWRA e ile ya e gana go twe go na le phoso mo lokwalokopong lwa yone. Le fa puso e sa phimola Basupi ba ga Jehofa mo lenaaneng la mekgatlho e e kwadisitsweng ka 2002, e gana go ba kwadisa sesha tumalanong le molao o o tlhabolotsweng wa bodumedi.

  • Go Bogisiwa le go Kgokgontshiwa ke Mapodise

    Basupi ba ga Jehofa ba tshwara ditirelo tsa bodumedi beke le beke mo magaeng a bone. Mo makgetlong a le mmalwa, mapodise a tsene ka dikgoka mo magaeng a bone mme a kgoreletsa ditirelo tseno a se na tetla ya semolao. Ba ba neng ba le gone ba ne ba tshwarwa makgwakgwa, ba tswalelwa ka diura di le dintsi kwa seteisheneng sa mapodise, ba bo ba gapelwa dikgatiso tsa bodumedi tse ba neng ba di dirisa mo kobamelong. Basupi bangwe ba duedisitswe madi a mantsi a kotlhao. Ka 2011, Basupi ba le barataro kwa Ganja ba ne ba bonwa molato mme ba duedisiwa madi a kotlhao a a ka tshwarang R120 000 ka ntlha ya go kopanela mo dipokanong tsa bodumedi tse di sa dumelelwang ke puso. Go gapiwa ga dithoto le go bogisiwa ke mapodise go ne ga diragala bosheng jaana ka Ferikgong 11 le Mopitlwe 2, 2014.

  • Go Tlhatlhoba Dikgatiso

    Naga ya Azerbaijan ke leloko le le lengwe fela la Lekgotla la Yuropa * le le tlhomileng thulaganyo ya go pateletsa gore dikgatiso tsa bodumedi di tlhatlhobiwe, e leng se se kgatlhanong le molaotheo * wa yone. Dikgatiso tsa Baebele tse Basupi ba di tlisang go tswa kwa dinageng tse e leng maloko a Lekgotla la Yuropa di ka fokodiwa kgotsa tsa thibelwa morago ga go tlhatlhobiwa. Dikgatiso tse di thibetsweng di akaretsa Tora ya Tebelo, makasine wa Basupi o o gatisiwang gabedi mo kgweding. * Dikgotlatshekelo tsa Azerbaijan di itlhokomolositse dikopo tsa Basupi tsa go ikuela kgatlhanong le SCWRA ka tshwetso ya bone ya go tlhatlhoba dikgatiso.

Dikakgelo Tsa Dinaga Tse Dingwe Malebana le Tsela e Azerbaijan e Tshwarang Madumedi ka Yone

Makgotla a boditšhabatšhaba a ditshwanelo tsa batho a sekasekile le go tshwaela ka molao wa bodumedi wa Azerbaijan le ka tsela e e tshwarang mekgatlho ya bodumedi ka yone.

  • Pego ya Ngwaga le Ngwaga ya 2013 ya Khomishene ya U.S. Malebana le Kgololesego ya Bodumedi mo Lefatsheng Lotlhe ya re: “Le fa puso ya Azerbaijan e iphaka gore e amogela madumedi otlhe, maemo a yone a kgololesego ya bodumedi a wetse tlase, segolobogolo morago ga go simolola go dirisa molao o o gagametseng wa bodumedi ka 2009.”

  • Pego ya Khomishene ya Yuropa e e Lwantshang Kgethololo ka Lotso le Bodumedi (ECRI) e ne ya bega kafa melao eno e e gagametseng e amang mekgatlho ya bodumedi ka teng. Fa e bega ka molao wa bodumedi wa Azerbaijan, e ne ya re: “ECRI e kgothaletsa balaodi ba Azerbaijan gore ba dire gore molao ono . . . o dumalane le ditekanyetso tsa Tumalano ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho.”

  • Khomishene ya Venice ya Lekgotla la Yuropa e ne ya gatisa ditshwetso tse di tseneletseng tse di ka thusang go fetola Molao wa Azerbaijan o o Malebana le Kgololesego ya Bodumedi. E ne ya re: “Go lebega Molao ono o na le dikarolo tse di gagametseng tse di kgatlhanong le melao ya boditšhabatšhaba. . . . Dikarolo tse di laolang dikgang tsa konokono tse di jaaka se molao o se akaretsang le ba ba solegelwang molemo ke kgololesego ya bodumedi le ya segakolodi, go kwadisiwa semolao, go ikemela ka nosi ga mekgatlho ya bodumedi le go e fedisa; go sa tsenele bosole ka ntlha ya segakolodi, go sokologa, go gatisa le go anamisa dikgatiso tsa bodumedi di tshwanetse go tlhabololwa.”

Kgololesego ya Botlhokwatlhokwa

Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara ba tsaya kgololesego ya go bua, go kopana mmogo, ya segakolodi le ya bodumedi di le botlhokwa thata. Ba leboga dipuso tse di ba nayang ditshwanelo tseno. Setlhotswana sa Basupi ba le 2 500 mmogo le ba ba obamelang le bone kwa Azerbaijan ba solofela gore ba tla nna le kgololesego ya bodumedi e e newang madumedi a mangwe mo nageng ya bone.

^ ser. 28 Azerbaijan e nnile leloko la Lekgotla la Yuropa ka Ferikgong 25, 2001.

^ ser. 28 Molawana 48 o sireletsa kgololosego ya bodumedi mme Molawana 50 o kgatlhanong le go tlhatlhobiwa ga dikgatiso.

^ ser. 28 Kgwedi le kgwedi Basupi ba ga Jehofa ba gatisa kgatiso ya Tora ya Tebelo ya batho botlhe e ba e dirisang go tlhalosetsa ba bangwe ka se Baebele e se rutang. Mo diphuthegong tsa bone ba dirisa makasine o o ithutiwang mo thulaganyong ya bone ya beke le beke ya go ithuta Baebele. Go gatisiwa dikhopi di feta 45 000 000 tsa kgatiso nngwe le nngwe ya Tora ya Tebelo ka dipuo di feta 200, se se dirang gore e nne makasine o o anamisiwang thata mo lefatsheng.