Fetela kwa tshedimosetsong

FERIKGONG 18, 2013
Brazil

Go Gosomana ga Seretse Kwa Brazil

Go Gosomana ga Seretse Kwa Brazil

Mo bekeng ya ntlha ya Ferikgong, dipula tse dikgolo di ne tsa baka merwalela le go gosomana ga seretse kwa toropong ya Rio de Janeiro, Brazil, mme batho ba feta 3 000 ba ne ba ntshiwa mo lefelong leo. Basupi ba ga Jehofa ba bega gore mo Basuping ba le 8 000 ba ba nnang mo lefelong leo, ga go ope yo o gobetseng. Le fa go ntse jalo, malapa a le robedi a Basupi a ne a latlhegelwa ke dilwana dingwe fa matlo a bone a ne a gogolwa ke morwalela. Batswasetlhabelo bano ba ne ba nna ka nakwana mo matlong a badumedikabone le mo go ba masika. Komiti ya namolo ya masetlapelo ya baithaopi ba Basupi e setse e rometse ditone di le nnè tsa dijo, metsi a a nowang le dilo dingwe tsa botlhokwa kwa mafelong a a amilweng thata ke masetlapelo ano.

Media Contacts:

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000

Brazil: Pedro Catardo, tel. +55 15 3322 9000