Fetela kwa tshedimosetsong

Ba dirisa kolotsana ya dikgatiso go bontsha batho molaetsa wa Baebele kwa Sofia kwa Bulgaria

FEBRUARY 14, 2017
Bulgaria

A Dikgotlatshekelo Tsa Bulgaria di Tla Tlotla Tshwanelo ya go Dira Ditiro Tsa Bodumedi?

A Dikgotlatshekelo Tsa Bulgaria di Tla Tlotla Tshwanelo ya go Dira Ditiro Tsa Bodumedi?

Ka June 4, 2016, Nikolai Stoyanov o ne a eme mo seterateng kwa Burgas gaufi le kolotsana ya gagwe ya dikgatiso tsa Baebele a di naya mongwe le mongwe yo o fetang ka tsela. Fa mapodise a feta fa go ene ka ura ya bosupa maitseboa, a ne a mo latofatsa ka gore o tlola molao wa mmasepala mme a ne a mo laela gore a duele didolara di le 27. Ke mongwe wa Basupi ba le batlhano ba kwa Burgas ba ba neng ba latofadiwa ka go tlola molao magareng ga May le June ka ntlha ya bodumedi jwa bone.

Dikgotlatshekelo Di a Re Bommasepala ba Thibela Batho go Dira Ditiro Tsa Bodumedi Jwa Bone

Nikolai le Basupi ba bangwe ba banê ba ile ba ikuela kgatlhanong le ditatofatso tseo. Kgotlatshekelo ya Kgaolo ya Burgas e ile ya tsholola dikgetsi tseo ka October le ka November 2016, mme ya laela gore Nikolai le Basupi ba bangwe ba se ka ba duela madi ao.

Basupi ba ga Jehofa ba re molao wa mmasepala wa kwa Burgas ga o tsamaisane le molaometheo wa naga. Ka October 12, 2016, Kgotlatshekelo ya Botsamaisi jwa Burgas e ile ya tlhalosa gore molao oo wa gore Basupi ba se ka ba dira ditiro tsa bone tsa bodumedi o kgatlhanong le molaomotheo wa Bulgaria le tumalano e naga eo e ileng ya e dira ya gore e tla tlotla tshwanelo ya batho ya go itlhophela bodumedi.

Mmasepala wa Toropo ya Burgas o ne o itse gore molao oo o ne o le kgatlhanong le molaomotheo wa naga. Ka 2013, mokgatlho mongwe wa sepolotiki wa naga eo o ne wa kopa gore molao oo o fetolwe ka gonne batho bangwe ba na le bothata ka tiro ya Basupi ba ga Jehofa. Mmusi wa kgaolo o ne a sekaseka molao oo mme a dira tshwetso ya gore o se ka wa fetolwa ka gonne go o fetola go tla bo go le kgatlhanong le molaomotheo wa naga. Mme gone, mmusi yo mongwe wa kgaolo o ne a sekaseka molao oo gape mme a ntsha tetla ya gore o fetolwe. Lefapha lengwe la puso le le sekasekang dingongorego tsa setšhaba le ne la tlhagisa mmasepala gore o ne o sa tshwanela go fetola molao oo mme molao ga wa ka wa fetolwa go fitlha Kgotlatshekelo ya Kgaolo ya Burgas o o fetola.

Go ile ga direga se se tshwanang kwa Kyustendil, fa mmasepala wa koo o ne o dirisa molao oo go ntsha taelo e e thibelang batho go dira ditiro tsa bodumedi jwa bone le go laela mapodise gore a tshware ope fela yo o o tlolang taelo eo. Kgotlatshekelo ya Puso ya Kyustendil e ne ya busetsa morago ditatofatso kgatlhanong le Basupi mme ya ba laela gore ba se ka ba duela madi a mmasepala a neng a batla gore ba a duele. Kgotlatshekelo eo e ne ya tlhalosa tshwetso ya yone jaana: “Molatofadiwa o na le tshwanelo ya go dira ditiro tsa bodumedi ka gonne tshwanelo ya gagwe e sirelediwa ke Molaomotheo wa Naga.” Ka June 24, 2016, kgotlatshekelo eo e ne ya dumalana le kopo ya Basupi mme ya tlhalosa gore taelo ya mmasepala e ne e le kgatlhanong le molaomotheo wa naga. * Mmasepala wa Toropo ya Kyustendil o ne wa ya go dira boikuelo kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang.

Batho ba Tsiboga ka Ditsela Tse di Farologaneng

Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng, bommasepala ba ka nna 44 ba kwa Bulgaria ba ile ba fetola melao gore ba kgone go thibela ditiro tsa mekgatlho ya bodumedi e e kwadisitsweng semolao. Fa Basupi ba ka fitlhelwa ba tlola melao eo, ba ne ba tshosediwa, ba tlhaselwa, ba laelwa gore ba duele madi le go itewa. Ka sekai, ka March 26, 2016, Marin Tsvetkov yo o berekang mo mmasepaleng wa toropo ya Vratsa o ne a raya basadi ba babedi ba Basupi a re o tla ba biletsa batho gore ba tle go ba itaya. Go tswa foo, o ne a tsaya dikgatiso tsa bone a bo a di gagola.

Mme kwa mafelong a mangwe go ne go na le badiri ba mmasepala ba ba neng ba sa ntse ba tlotla ditshwanelo tsa batho. Ka June 2, 2016, badiri ba mmasepala ba le bararo ba ne ba tla kwa Basuping ba ba neng ba eme gaufi le kolotsana ya bone ya dikgatiso mme ba ba kopa go bona gore a ba tshwere laesense ya tiro e ba e dirang. Go tswa foo, ba ne ba raya Basupi bano ba re Molaomotheo wa Bulgaria o ne o letlelela batho go dira ditiro tsa bone tsa bodumedi. Kwa toropong e kgolo ya Plovdiv, mokhanselara wa toropo o ne a thibela mokgatlho mongwe wa dipolotiki o o neng o leka go fetola molao gore o kgone go thibela Basupi ba ga Jehofa mo toropong eo.

Go Tla Diragalang ka Melao ya Bommasepala?

Basupi ba ga Jehofa ba kwa Bulgaria ba ikuela kwa dikgotlatshekelong kgatlhanong le melao e le 44 ya mmasepala e e ba thibelang go diragatsa tshwanelo ya bone ya semolao ya go dira ditiro tsa bodumedi. Krassimir Velev yo e leng mmueledi wa ofisi ya naga ya Basupi ba ga Jehofa e e kwa Sofia a re: “Basupi ba ga Jehofa ba bua le batho ka mathata a ba tshwenyegileng ka one ba bo ba ba bontsha tsela e Baebele e ka ba thusang ka yone go a rarabolola. Batho ba le bantsi ba rata molaetsa ono mme go na le bommasepala ba ba lekang go re thibela go naya batho dikgatiso mahala le go ba bolelela ka dilo tse re di dumelang. Re bona go tshwanela gore re buelele tshwanelo ya rona ya semolao ya go direla Modimo ka kgololesego.”

Basupi ba ga Jehofa ba lebogela go bo badiredibagolo ba le bantsi le dikgotlatshekelo tsa Bulgaria di tlotla tshwanelo ya batho botlhe ya go dira ditiro tsa bodumedi. Re tla dika re bone gore a ditoropo tse dingwe tsa mo Bulgaria le tsone di tla dira se se tshwanang.

^ ser. 7 Bulgaria ke nngwe ya dinaga tse di saenileng tumalano le Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho. Kgotlatshekelo eno mmogo le Khomishene ya Yuropa ya Kgololesego ya Molao ga di bolo go buelela Basupi ba ga Jehofa gore ba na le tshwanelo ya go kopana mmogo go obamela Modimo le go bua ka dilo tse ba di dumelang.