Fetela kwa tshedimosetsong

PHUKWI 17, 2013
Canada

Dipula Tsa Matsorotsoro di Baka Merwalela Kwa Alberta

Dipula Tsa Matsorotsoro di Baka Merwalela Kwa Alberta

Dipula tsa matlakadibe tse di neng tsa na go tloga ka Seetebosigo 19, 2013, di ne tsa baka merwalela e megolo kwa porofenseng ya Canada ya Alberta. Go ne ga swa batho ba le banè ka ntlha ya merwalela eno mme baagi ba feta 100 000 ba ne ba ntshiwa mo lefelong leo. Basupi ba ga Jehofa ba le 298 ba ne ba ntshiwa mo lefelong leo, mme letlha la kopano ya Basupi e e neng e tshwanetse go tshwarelwa kwa Saddledome, e leng lebala le legolo kwa Calgary, Alberta, le ne la fetolwa.. Mo toropong ya High River, merwalela e ne ya senya matlo a le 58 a Basupi ba ga Jehofa mme Holo ya Bogosi le yone e ne ya senyega thata. Komiti ya namolo ya dikotsi tsa masetlapelo e e nang le bagolwane ba lefelo leo ba Basupi e ne ya neela thuso e e tlhokegang, mme moemedi yo o tswang kwa ofising ya lekala ya Canada o ne a ya kwa lefelong leo go naya batswasetlhabelo kgothatso ya semoya.

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000

Canada: Mark Ruge, tel. +1 905 873 4100