Fetela kwa tshedimosetsong

SEPTEMBER 22, 2015
Canada

Badiredibagolo Kwa Mafelong a a Kgakala Kwa Bokone Jwa Canada ba Lebogela Basupi ba ga Jehofa Letsholo la Bone le le Kgethegileng la go Ruta Batho Baebele

Badiredibagolo Kwa Mafelong a a Kgakala Kwa Bokone Jwa Canada ba Lebogela Basupi ba ga Jehofa Letsholo la Bone le le Kgethegileng la go Ruta Batho Baebele

TORONTO—Basupi ba ga Jehofa ba ka nna 150 ba ne ba nna le seabe mo letsholong le le kgethegileng la go ruta batho Baebele, le le neng le rulagantswe ke ofisi ya lekala ya Basupi kwa Canada, ka September le October 2014. Go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore go etelwe metse e e kgakala e le 35 mo nageng eo.

Batho ba feta 32 000 ba nna mo metseng eno ya ba-Inuit e le 35 e Basupi ba neng ba e etela, e e tshwailweng ka mmala o o serolwana. Letsholo leno le ne la akaretsa naga e e fetang dikgaolo tse pedi le porofense e le nngwe, tse di bontshitsweng ka mmala o motala.

Basupi bano ba ne ba kgaoganngwa ka ditlhopha mme ba abelwa gore ba etele kgaolo e e bogolo jwa dikilometara di feta 3 300, e e akaretsang ditoropo le metse e e kwa bophirima go tloga mo Aklavik, Northwest Territories, go ya kwa Kangiqsualujjuaq le Quebec tse di kwa botlhaba. Ba ba neng ba nna le seabe mo letsholong leno la go fitlhelela batho, ba ne ba ituelela ditshenyegelo tsa loeto lono, mo maemong mangwe, motho mongwe le mongwe o ne a tshwanelwa ke go duela thekete ya sefofane e e jang didolara di le dikete di le mmalwa.

Nngwe ya ditoropo tse Basupi ba neng ba di etela e ne e le Paulatuk. E na le baagi ba ka nna 300 e bile e mo lotshitshing lwa Lewatle la Beaufort kwa kgaolong e e kwa bokone mo karolong e e bidiwang Northwest Territories.

Pele ga letsholo leno, Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se ne sa letla gore go ranolwe bidio ya setlhogo se se reng, Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele? ka puo ya Se-Inuktitut. Puo eno ya Ba-Inuit e buiwa ke batho ba ka nna 35 000 mo Canada e bile ke puo e e letleletsweng semolao kwa Nunavut le kwa Northwest Territories.

Mosupi wa ga Jehofa yo o bidiwang David Creamore, o bontsha Mr. Peter Iyaituk, ratoropo wa Ivujivik, bidio ya setlhogo se se reng, Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele?

Mogokgó wa sekolo sa kwa Aklavik e bong Ms. Velma Illasiak, o ne a bua jaana ka loeto lwa Basupi: “Baithuti ba itumeletse thata molaetsa wa lona e bile ba nna ka akantse ka one . . . Re akanya go otarela mosha mongwe le mongwe mo sekolong sa rona dibolumo ka bobedi tsa buka ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo . . . Re leboga go bo lo etetse motse wa rona le sekolo sa rona.”

Fa Mr. Peter Iyaituk, ratoropo wa Ivujivik e leng toropo e e kwa bokone mo Quebec a sena go bua le Basupi le go leba bidio ya setlhogo se se reng, Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele? o ne a fetsa diura di le pedi a bontsha baeng lefelo la bone a dirisa koloi ya gagwe. Gape o ne a ba isa kwa boemafofaneng fa ba ne ba boela gae a ba a ba lebogela go bo ba ba etetse.

Matthieu Rozon, yo e leng mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa kwa Canada a re: “Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go ithuta Baebele mahala le mongwe le mongwe. Ba ba neng ba tsaya karolo, ba itumelela go bo ba ile ba dirisa nako ya bone le maatla a bone mo letsholong leno.”

Ka nako ya letsholo leno la dikgwedi tse pedi, Basupi ba ne ba abela batho dikgatiso di feta 37 000. Batho ba ka nna 600 ba ne ba kopa Basupi gore ba ba etele gape gore ba tle go tsweletsa motlotlo wa bone wa Baebele.

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000

Canada: Matthieu Rozon, tel. +905 873 4100

Kuujjuarapik Airport, Quebec

Setlhopha sa Basupi se goroga mo Kuujjuarapik, toropo e e mo botlhaba jwa Hudson Bay.

Salluit, Quebec

Salluit e kwa bokone mo Quebec, mme e na le baagi ba feta 1 300.

Ivujivik, Quebec

vujivik le yone e kwa bokone mo Quebec mme e na le baagi ba ka nna 400.

Ivujivik, Quebec

David Creamore o bontshiwa lefelo ke ratoropo wa Ivujivik, e bong Mr. Peter Iyaituk.

Ivujivik, Quebec

Mosha wa Mo-Inuit o lebile bidio ya Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele?

Paulatuk, Northwest Territories

Matlo a a agilweng mo lefelong le lesesane le le mo gare Lewatle la Beaufort mme go nna batho ba ka nna 300 mo toropong eno.

Umiujaq, Quebec

Banyalani ba Ba-Inuit ba na le Julien Pinard mo legaeng la bone, mongwe wa Basupi ba ba etetseng lefelo la bone go tla go tlotla ka Baebele le bone. Toropo eno e na le baagi ba ka nna 450.

Umiujaq, Quebec

Baagi ba toropo eno e e mo bokone mo Quebec ba itsaya senepe le Roxanne Pinard (ka fa mojeng), mongwe wa Basupi ba ba etetseng lefelo la bone.

Puvirnituq, Quebec

Batho ba ka nna 1 700 ba nna mo motseng ono o o kwa bokone mo Quebec.