Fetela kwa tshedimosetsong

JULY 25, 2017
Canada

Molelo o o Maatla Kwa British Columbia o Dira Gore Basupi ba Gaelelwe Kwa Lefelong la Kopano

Molelo o o Maatla Kwa British Columbia o Dira Gore Basupi ba Gaelelwe Kwa Lefelong la Kopano

Malapa a feta 130 a Basupi ba ga Jehofa a ile a palelwa ke go boela gae morago ga kopano ya malatsi a le mararo e e neng e tshwerwe ka July 7-9, 2017. Seo ke ka gonne go ne go na le molelo o o neng o tuka mo dikgweng tse di mo karolong e e kwa borwa jwa Prince George kwa British Columbia mme puso e ntshitse taelo ya gore batho ba tswe mo kgaolong eo.

Ofisi ya Basupi ba ga Jehofa ya Canada e e kwa Ontario e ile ya tlhoma komiti e e tla thusang Basupi ba ba wetsweng ke masetlapelo ka go ba naya dijo le mafelo a bonno. Batsamaisi ba lefelo la CN Centre le Basupi ba ileng ba le dirisa go tshwara kopano eo ya malatsi a le mararo ba ile ba letla Basupi ba ga Jehofa ba ka nna 2 500 gore ba emise ditereilara tsa bone mo lebaleng leo.

Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se rulaganya tiro ya namolo go tswa kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe se dirisa meneelo e e ntshiwang go tshegetsa tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe.

Babegadikgang ba ka Ikgolaganya le:

Kwa Ntlokgolong: David A. Semonian wa Ofisi ya Tshedimosetso mo nomorong ya +1-845-524-3000

Kwa Canada: Matthieu Rozon mo nomorong ya +1-905-873-4100