Fetela kwa tshedimosetsong

MOTSHEGANONG 2, 2014
Chile

Molelo o o Bakileng Tshenyo e Kgolo Kwa Valparaíso, Chile

Molelo o o Bakileng Tshenyo e Kgolo Kwa Valparaíso, Chile

PUENTE ALTO, Chile—Ka Moranang 13, 2014, go ne ga nna le molelo wa naga o o neng wa gakadiwa ke diphefo tse di tswang mo Lewatleng la Pacific, mme wa laila Valparaíso, toropo ya boemakepe e e itsegeng thata kwa Chile. Molelo oo o ne wa bolaya batho ba ka nna 15 mme wa gobatsa ba bangwe ba le 500. Magae a ka nna 2 900 a ne a senyega gotlhelele mme batho ba feta 10 000 ba ne ba sala ba se na kwa ba nnang gone.

Ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Chile e bega gore monna mongwe yo o godileng yo e leng Mosupi e ne e le mongwe wa ba ba suleng. Mo godimo ga moo, Basupi ba ka nna 89 ba ne ba sala ba se na magae. Bontsi jwa bone ba ne ba bona bonno mo magaeng a badumedimmogo le bone. Ka bonako fela ofisi ya lekala e ne ya rulaganya komiti ya namolo ya dikotsi tsa masetlapelo go thusa batswasetlhabelo. Ditlhopha tse di rulagantsweng tsa baithaopi di setse di simolotse go phepafatsa. Fa maemo a letla, ba tla simolola go aga sesha magae a ka nna 28 a Basupi ka bone a a ileng a senngwa ke molelo.

Jason D. Reed, mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa kwa Chile o ile a re: “Re utlwisitswe botlhoko ke go utlwa ka go boga ga baagelani ba rona go go bakilweng ke molelo wa naga. Re hutsafaditswe ke loso lwa moobamedi mmogo le rona e bile re nna re rapelela ba ba latlhegetsweng ke ditsala kgotsa ba malapa a bone. Re tla tswelela go ema nokeng batswasetlhabelo ka thuso ya namolo le ka sepe fela se se tlhokegang go ba thusa go lepalepana le ditlamorago tse di botlhoko tse di bakilweng ke masetlapelo ano.”

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000

Chile: Jason D. Reed, tel. +56 2 2428 2600