Fetela kwa tshedimosetsong

MAY 15, 2015
Chile

Basupi ba Rulaganyetsa Batho ba ba Amilweng ke Morwalela wa Kwa Chile Thuso ya Namolo

Basupi ba Rulaganyetsa Batho ba ba Amilweng ke Morwalela wa Kwa Chile Thuso ya Namolo

Holo nngwe ya Bogosi ya kwa Copiapó e ne ya inama mo metsing le mo seretseng.

SANTIAGO, Chile—Ka March 25, 2015 dipula tsa matsorotsoro di ne tsa tlogela kgaolo ya Atacama e e kwa bokone jwa Chile e iname mo metsing mme seno sa dira gore go nne le seretse se se elelang le merwalela—tiragalo e e maswe go gaisa e e kileng ya nna teng mo dingwageng di le 80. Batho ba feta 30 000 ba ne ba amiwa ke tiragalo eno mme ba ba ka nnang 3 000 ba ne ba isiwa kwa mafelong a botshabelo mme ba bangwe ba ka nna 25 ba ne ba tlhokafala.

Ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Chile e ne ya bega gore ga go na Basupi bape ba ba neng ba tlhokafala kgotsa ba ba neng ba gobala thata. Le fa go ntse jalo, magae a le supa a Basupi a ne a sala a sugakane mme a mangwe a le mantsi a ne a senyega. Holo nngwe ya Bogosi e leng lefelo la kobamelo e ne ya sala e sugakane mme tse dingwe tse pedi di ne tsa senngwa go se kae ke morwalela.

Kago e e senyegileng kwa toropong ya Diego de Almagro, toropo e e neng ya senngwa thata ke merwalela.

Kwa Copiapó, e leng nngwe ya ditoropo tse di neng tsa senngwa thata ke merwalela, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dira komiti ya namolo gore ba kokoanye tshedimosetso le go rulaganya matsholo a go phepafatsa. Moemedi wa ofisi ya lekala o ne a romelwa go ya go ema nokeng Basupi ba kwa karolong e e amegileng le go ba kgothatsa ka Baebele. Ka bonako fela Basupi ba kwa ditoropong tsa kwa Antofagasta, Arica, Calama, Caldera, Iquique, le La Serena ba ne ba ema baobamedimmogo le bone nokeng ka go ba romelela dithoto tsa namolo.

Basupi ba kokoanya dilwana tsa namolo kwa Holong ya Bogosi e e kwa toropong ya Alto Hospicio tse di tla isiwang kwa mafelong a a amegileng.

Mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa kwa Chile e bong Jason Reed, o ne a re: “Re utlwela botlhoko ba ba amilweng ke tiragalo eno e e botlhoko mme komiti ya rona ya namolo e iketleeleditse go thusa ka phepafatso e e tla nnang e tsweletse pele le go thusa ka tiro ya go baakanya dikago tse di senyegileng. Gape re tla tswelela re tlhomile mogopolo mo go gomotseng le mo go kgothatseng batho botlhe ba ba amilweng ke merwalela.”

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000

Chile: Jason Reed, tel. +56 2 2428 2600