Fetela kwa tshedimosetsong

DIPHALANE 14, 2013
Dominican Republic

Basupi ba Tshwara Lenyalo la Ntlha le le Neng le sa Kwadisiwe Semolao ke Kereke ya Katoliki Kwa Dominican Republic

Basupi ba Tshwara Lenyalo la Ntlha le le Neng le sa Kwadisiwe Semolao ke Kereke ya Katoliki Kwa Dominican Republic

Ka Phatwe 28, 2013, kwa Dominican Republic, Basupi ba ga Jehofa ba babedi ba ne ba nyalana mo moletlong o o tlhomologileng. Fa e sale ka 1954, Dominican Republic le Vatican di ne tsa dira tumalano ya gore manyalo a a sa kwadisiwang kwa kerekeng ya Katoliki kgotsa mo pusong a tsewe a se mo molaong. Seo se ne sa dira gore le fa Basupi ba ga Jehofa ba itshwarela moletlo wa lenyalo wa bodumedi, ba tshwanelwe ke go kwadisa manyalo a bone mo pusong. Le fa go ntse jalo, molaotheo o mosha o ne wa letla madumedi a mangwe, go akaretsa le Basupi ba ga Jehofa, gore ba kwadise manyalo a bone semolao kwa meletlong ya bone ya manyalo. Lenyalo la Phatwe 28, le ne la nna la ntlha le le neng le sa kwadisiwe semolao ke kereke ya Katoliki mo nageng eno.

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000

Dominican Republic: Josué Feliz, tel. +1 809 595 4007