Fetela kwa tshedimosetsong

Eritrea

Dintlha ka Eritrea

Dintlha ka Eritrea

Basupi ba ga Jehofa ba bogisiwa botlhoko kwa Eritrea. Fa e sa le Eritrea e nna naga e e ikemetseng ka 1993, puso e nna e tsenya Basupi mo kgolegelong, e ba itaya le go ba tshwara makgwakgwa. Ka October 25, 1994, moporesidente o ne a bua gore Basupi ba kwa Eritrea “ba ile ba latlha tshwanelo ya bone ya go nna baagi ba koo” fa ba ne ba gana go nna le seabe mo dipolotiking le go ikwadisetsa bosole. Seno se raya gore puso ga e tlotle ditshwanelo tsa Basupi ba ga Jehofa.

Basupi ba le bantsi ba ne ba tshaba kwa nageng eo ka ntlha ya go ganediwa le go tshwarwa makgwakgwa. Basupi ba ba setseng koo ba ka nna ba tshwarwa makgwakgwa e bile ba tlhoka go nna kelotlhoko thata fa ba dira dilo tse di amanang le bodumedi jwa bone. Badiredipuso ba ile ba tshwara Basupi ba le bantsi ba bo ba ba tsenya mo kgolegelong lobaka lo loleele. Bangwe ba Basupi bano ba tshwaretswe go gana go tsenela bosole, go ya kwa dipokanong, go bua le ba bangwe ka Baebele kgotsa ka ntlha ya mabaka mangwe a a sa tlhalosiwang. Bangwe ba batho ba ba ileng ba tshwarwa ke bommê le borre ba ba setseng ba godile, tota le bana. Go na le banna ba le bararo ba go fetileng dingwaga di le 20 ba le mo kgolegelong. Ga go ope wa bone yo o ileng a sekisiwa kgotsa a atlholwa ke kgotlatshekelo.

Dinaga tse dingwe di ile tsa bona tsela e Eritrea e bogisang Basupi ba ga Jehofa ka yone. Puso ya Afrika, ya Yuropa le ya United States e ile ya bua le puso ya Eritrea ka seno, mme ga go nko e e tswang lemina. Basupi ba ga Jehofa ba lekile makgetlo a le mantsi go ikuela mo badireding ba puso ba ba kwa Asmara gore ba leke go rarabolola mathata ano mme ba ile ba itaya se fololetse.