Fetela kwa tshedimosetsong

FERIKGONG 15, 2013
Fiji

Kgwanyape Evan e Itaya Ditlhaketlhake Tsa South Pacific

Kgwanyape Evan e Itaya Ditlhaketlhake Tsa South Pacific

Suva, FIJI—Mo bogareng jwa Sedimonthole 2012, kgwanyape ya Category 4 e ne ya ripitla Fiji le Samoa. Kgwanyape Evan e e di gaisang tsotlhe tse di kileng tsa itaya Fiji mo dingwageng di le 70, e bakile tshenyo e kgolo mo batho ba le diketekete ba senyegetsweng ke matlo e bile e sentse dilo di le dintsi. Motho mongwe o ne a tshwantsha tshenyo ya kwa Samoa le e e bakilweng ke tsunami ka 2009.

Ga go ope wa Basupi ba ga Jehofa yo o tlhokafetseng kgotsa yo o gobetseng. Le fa go ntse jalo, kgwanyape e sentse matlo a mantsi a Basupi. Fa kwa tshimologong go sekasekiwa maemo kwa Fiji, go ne ga lemogiwa gore matlo a feta 80 a Basupi a ne a senyegile kgotsa a gogotswe. Kwa setlhaketlhakeng sa Samoa sa Upolu, Basupi ba le 47 ba ne ba fudusiwa ka ntlha ya sefefo.

Batho ba ba neng ba amilwe ke sefefo kwa Samoa ba ne ba nna ka nakwana kwa matlong a kobamelo a Basupi ba ga Jehofa a mo lefelong la bone le mo matlong a malapa mangwe a Basupi. Mo godimo ga moo, ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Australia e ne ya rulaganya tiro ya namolo kwa Samoa. Go tloga ka Sedimonthole 18, dijo le dilwana tsa go phepafatsa di ne tsa isiwa kwa diphuthegong tse nnè tsa mo lefelong leno mme go ne go dirisiwa metsi a a phepa a kwa ofising ya thanolo ya Basupi ba ga Jehofa. Gape setlhopha sa Basupi se ne sa baakanya matlo le go phepafatsa a a neng a tseneletswe ke metsi le seretse. Kwa Fiji, dikomiti tsa namolo tsa nako ya masetlapelo tsa baithaopi ba Basupi di ne tsa thusa batho ba ba amilweng ke sefefo ka dilo tse ba di tlhokang. Gone jaanong dikomiti tseo di sekaseka kafa di ka thusang ka gone Basupi ba masimo a bone a sentsweng ke sefefo.

Tevita Sadole, mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa kwa Fiji, o ne a re: “Re na le tiro e ntsi e re tshwanetseng go e dira morago ga kotsi ya masetlapelo mme go tla siama. Re lebile pele go thusa badumedi ka rona le baagelani ba rona mo nakong e e tlang.”

Media Contacts:

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000

Australia: Donald MacLean, tel. +61 2 9829 5600

Fiji: Tevita Sadole, tel. +679 330 4766