Fetela kwa tshedimosetsong

Basupi ba ga Jehofa ba mo bodireding kwa Tbilisi

FEBRUARY 21, 2017
Georgia

Kgotlatshekelo ya Yuropa e Tshegetsa Ditshwanelo Tsa Basupi ba ga Jehofa ba Kwa Georgia

Kgotlatshekelo ya Yuropa e Tshegetsa Ditshwanelo Tsa Basupi ba ga Jehofa ba Kwa Georgia

Gone jaanong Basupi ba ga Jehofa ba kwa Georgia ba kgona go direla Modimo ka kgololesego ka gonne puso e ba kwadisitse semolao. Mme go ne go sa nna jalo ka 1999 go fitlha ka 2003. Ka nako eo puso e ne e letlelela madumedi a mangwe gore a tlhasele Basupi ba ga Jehofa mme e ne e sa tshware batho ba ba dirang ditiro tseo tse di bosula.

Tsela e Basupi ba neng ba tshwerwe ka yone e ile ya dira gore ba bule dikgetsi di le mmalwa kwa Kgotlatshekelong ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho (ECHR). Mo kgetsing nngwe, go ile ga nna le ditiragalo tse tharo tse mo go tsone Basupi ba ileng ba tlhaselwa ke segopa sa batho, dipokano tsa bone tsa kgorelediwa, dikago tsa bone tsa senngwa e bile ba ile ba itewa le go tlhapadiwa ke mapodise.

Ka January 17, 2017, ECHR e ile ya ntsha katlholo mo kgetsing eo mme ya tlhalosa gore ditshwanelo tsa Basupi di ile tsa gatakiwa. Kgotlatshekelo e ile ya tlhalosa gore mapodise a nnile le seabe ka tlhamalalo mo ditiragalong tseo le gore a ile a palelwa ke go sireletsa batswasetlhabelo. Gape e ile ya re dikgotlatshekelo tsa Georgia mmogo le baatlhodi ba tsone ba ile ba palelwa ke go thibela ditlhaselo tseo ka gonne ba ne ba dumalana le tsone e bile ba ile ba se ka ba batlisisa dintlha tsotlhe.

Puso e Bonwa Molao wa go Ema Nokeng Ditlhaselo Tseo

E ne e le lekgetlo la boraro ECHR e ntsha katlholo ya gore puso ya Georgia “e ile ya tswa letsholo la go tlhasela Basupi ba ga Jehofa” magareng ga ngwaga wa 1999 le wa 2003. Mo dikatlholong tseo tse tharo, ECHR ya re puso ya Georgia e tlodile Molawana wa Yuropa o o Malebana le Ditshwanelo Tsa Batho ka gonne e paletswe ke go tlotla tshwanelo ya Basupi ba ga Jehofa e bile e ile ya ba tlhaola.

Kgotlatshekelo e ile ya bua jaana fa e tlhalosa boemo jo bo neng bo le gone ka nako eo kwa Georgia: “Fa badiredi ba puso ya Georgia ba ne ba tlhasela Basupi ba ga Jehofa kgotsa ba tlhotlheletsa batho ba bangwe gore ba ba tlhasele, ba dirile gore batho bao ba akanye gore ba kgona go tlola molao le go dira dilo tse di bosula mme go bo go sa diragale sepe ka bone, ke ka moo Basupi ba ga Jehofa ba ileng ba tlhaselwa mo nageng yotlhe.”

ECHR e Tshegetsa Molao le Kgololesego ya Bodumedi

ECHR e ile ya fitlhela gore mo kgetsing ya ga Tsartsidze, Basupi ba ile ba tlhaselwa ke mapodise kgotsa gore mapodise ga a ka a tsaya kgato epe ka batho ba ba neng ba dira dilo tseno.

  • Ka September 2, 2000, kwa toropong ya Kutaisi, mapodise a ile a isa Rre Dzamukov kwa seteisheneng sa mapodise. Ba ile ba tsaya dikgatiso tsa gagwe tsa bodumedi, ba mo tlhapatsa ba bo ba mo itaya. Mo letsatsing le le latelang, lepodise lengwe le ile la itaya Rre Gabunia mo mpeng le bo le gagola dikgatiso tsa Baebele tse a neng a di tshotse.

  • Ka October 26, 2000, kwa toropong ya Marneuli, mapodise a ne a kgoreletsa pokano ya Basupi ba ga Jehofa a bo a tsaya dikgatiso tsa bone. Ba ne ba tsaya Rre Mikirtumov yo o neng a neela puo le Rre Aliev yo pokano eo e neng e tshwaretswe mo ntlong ya gagwe, ba bo ba ba isa kwa seteisheneng sa mapodise. Go tswa foo, mapodise a ne a pega Rre Mikirtumov mo koloing, ba kgweetsa ka ene go fitlha ba tswa ka naga mme ba mo laela gore a se ka a tlhola a boela mo nageng. Gape ba ile ba laela Rre Aliev gore a se ka a tlhola a letla gore dipokano di tshwarelwe mo ntlong ya gagwe.

  • Ka March 27, 2001, kwa toropong ya Rustavi, segopa sa batho ba kereke ya Orthodox ba ne ba itatlhela mo ntlong ya ga Rre Gogelashvili fa dipokano di ntse di tsweletse. Ba ne ba itaya batho ba ba neng ba tlile koo mme ba ba pateletsa gore ba tsamaye. Mo letsatsing le le latelang, segopa seo se ile sa tsaya dikgatiso tsa Basupi se bo se di fisa mo seterateng batho ba ntse ba lebile. Mapodise a ile a gana go thusa batho ba ba neng ba tlhaselwa.

    Nako le nako fa Basupi ba tlhaselwa, ba ile ba ya go bula dikgetsi mme dikgotlatshekelo tsa Georgia di paletswe ke go ba thusa. ECHR e fitlhetse gore baatlhodi ba ne ba dumalana le mapodise le gore ba paletswe ke go leba bosupi jwa batswasetlhabelo. ECHR e ne ya bua jaana ka boitshwaro jwa baatlhodi bao:

Go ya ka rona, baatlhodi bano ba ile ba nna le seabe mo ditlhaselong tseo ka gonne ga ba a ka ba lebelela bosupi jotlhe, go na le moo ba ile ba ikaega thata ka bosupi jwa mapodise e bile ba gana go reetsa fa Basupi ba leka go ba tlhalosetsa se se diragetseng.

E re ka ECHR e fitlhetse gore puso e tlodile Molawana 9 (o o buang ka kgololesego ya bodumedi) le Molawana 14 (o o kgatlhanong le tlhaolele) wa Tumalano ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho, e ile ya laela puso gore e duele diranta di le 150 809 tsa ditshenyegelo le diranta di le 137 099 tsa babueledi ba molao.

A Katlholo Eno e Tla Ama Russia le Azerbaijan?

Fa ECHR e konela tshwetso ya yone, e ile ya boeletsa ditshwetso tse e ileng ya di dira mo kgetsing ya kwa Georgia ya ga Gldani le Begheluri le kgetsi ya kwa Russia ya ga Kuznetsov le Krupko. Ka iketlo, puso ya Georgia e ntse e latela ditshwetso tsa ECHR e bile Basupi ba ga Jehofa ba kwa Georgia ba itumelela go bo molao o ba sireletsa le go bo ba kgona go bua ba gololesegile ka dilo tse ba di dumelang.

André Carbonneau yo e leng mmueledi wa ditshwanelo tsa batho e bile a ile a nna le seabe mo dikgetsing tsa kwa Georgia le mo go rulaganyeng dikgetsi tse di neng di isiwa kwa ECHR, o ne a re: “Katlholo eno e bontsha gore ECHR ga e kitla e tlogela dipuso tse di ka fa tlase ga yone gore di tswelele di gataka tshwanelo ya motho ya go itlhophela bodumedi. Basupi ba ga Jehofa ba a itumela fa ba bona puso ya Georgia e latela ditshwetso tse di dirilweng ke ECHR. Re solofela gore dinaga tse di jaaka Russia di tla ela tlhoko ntlha eno.”

Tshwetso eno e bontsha gore ECHR e sireletsa kgololesego ya batho ya go kopana go tla go obamela Modimo le go bua le baagelani ba bone ka dilo tse ba di dumelang. Basupi ba ga Jehofa ba solofela gore tshwetso eno ya ECHR e tla thusa go rarabolola dikgetsi tse di tshwanang le tseno tsa naga ya Russia le ya Azerbaijan.